LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 8/1 ts. 18
  • Modimo o Phimotse Dikeledi Tsa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Phimotse Dikeledi Tsa Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o Nonofile Semoyeng fa o Ntse o Tlhokometse Mongwe wa Losika yo o Lwalang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Rre O Ne A Tlhokafalelang?
    Tsogang!—1994
  • Go Tla Diragalang Fa Nka Ratana le Motho yo o Sa Dumeleng?
    Tsogang!—1994
  • Jehofa O ne A Nthusa go Lebana le Mathata a Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 8/1 ts. 18

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Modimo o Phimotse Dikeledi Tsa Gagwe

BATHO ba ba dirang gore matshelo a bone a dumalane le melao ya ga Jehofa le melaometheo ya gagwe ba segofadiwa tota. Le fa gone go se motlhofo go dira diphetogo tse di tlhokegang, go motlhofo go bona thuso le kgothatso. (Pesalema 84:11) Maitemogelo a a latelang go tswa kwa Borwabotlhaba jwa Asia a bontsha seno.

Fa Mosupi mongwe yo o tswang kwa France a ne a le mo malatsing a boikhutso o ne a bua le mong wa lebenkele yo o bidiwang Kima ka boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe. Gape o ne a tlogelela Kim buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Fa Kim a ntse a keleka buka eno, o ne a bona mafoko a a reng, “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone.” (Tshenolo 21:4) Kim o gakologelwa jaana: “Temana eno e ne ya nkama tota. Fa batho ba ntse ba mpona ke nyenya e bile ke tlotla motshegare otlhe mo lebenkeleng, ke mang yo o neng a ka itse gore fa ke fitlha kwa gae maitseboa, ke ne ke lela go fitlha ke thulamela?” O bolela jaana a senola se se neng se mo tlisetsa mahutsana: “Ke ne ke na le dingwaga di le 18 ke nna le monna mme ke ne ke hutsafetse tota ka gonne o ne a gana go nnyala. Ke ne ke sa tlhole ke batla go tshela jaana, mme ka gonne ke ne ke setse ke ntse le ene lobaka lo loleele, ke ne ke sa kgone go mo tlogela.”

Nakwana moragonyana, Kim o ne a dumela go ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo o bidiwang Linh. “Ke ne ke tlhoafaletse go dirisa se Baebele e se rutang,” go bolela Kim. “Ka sekai, ke ne ka tlogela go obamela bagologolwane, le fa seno se ne sa dira gore ba lelapa la gaetsho ba nkganetse. Mo godimo ga moo, ke ne ka leka go dira gore re nyalane kafa molaong, mme molekane wa me o ne a gana go dira jalo. Mo nakong eno e e bokete, Mosupi wa kwa France o ne a tswelela pele a nthomelela dikgatiso tsa Baebele, mme Linh o ne a nkgothatsa tota. Ka ntlha ya bopelotelele le tshegetso e e lorato ya bokgaitsadi bano ke ne ka kgona go itshoka go fitlha ke bona se tota molekane wa me e leng sone. Ke ne ka lemoga gore o ne a setse a kile a nna le ‘basadi’ ba le 5 le bana ba le 25! Seno se ne sa mpha bopelokgale jwa go mo tlogela.

“Go ne go se motlhofo go tlogela ntlo e kgolo e e manobonobo ke ya go nna mo phaposaneng e nnye. Mo godimo ga moo, motho yono yo e neng e le molekane wa me pele o ne a ntshetse morago gore ke boelane le ene, e bile a ntshosetsa ka gore o tla ntshenya sefatlhego ka esiti fa ke gana. Jehofa o ne a nthusa gore ke dire se se siameng.” Kim o ne a tswelela a gatela pele go fitlha kgabagare a kolobediwa ka April 1998. Mo godimo ga moo, mogolowe le monnawe ba basetsana le morwawe wa dingwaga tsa bolesome ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

Kim a re: “Pele ke ne ke akanya gore ke tla nnela ruri mo mahutsaneng. Le fa go ntse jalo, gompieno ke itumetse e bile ga ke tlhole ke lela bosigo. Jehofa o setse a phimotse dikeledi mo matlhong a me.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela