LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 8/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Daniele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Buka ya Daniele le Wena
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ba Lekilwe—Mme ba Fitlhelwa ba Ikanyega mo go Jehofa!
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 8/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Daniele o ne a le kae fa Bahebera ba bararo ba ne ba lekwa fa pele ga setshwantsho se segolo se Nebukadenesare a neng a se tlhomile mo lebaleng la Dura?

Baebele ga e bolele, ka gone ga go na motho ope gompieno yo o ka tlhomamisang gore Daniele o ne a le kae ka nako ya teko eo.

Bangwe ba akantsha gore maemo kana tshiamelo e Daniele a neng a e filwe ke Nebukadenesare e ne e feta ya ga Shaderake, Meshake le Abedenego mme ka jalo Daniele o ne a sa patelesege go ya kwa lebaleng la Dura. Daniele 2:49 e bontsha gore o ne a fetsa nako a na le maemo a a fetang a ditsala tsa gagwe tse tharo. Mme ga re na bosupi jwa gore seno se ne sa dira gore a se ka a akarediwa mo kgannyeng ya go phuthega le ba bangwe fa pele ga setshwantsho.

Fa batho bangwe ba leka go tlhalosa lebaka la go bo Daniele a ne a seyo, ba ile ba bolela gore o ka tswa a ne a seyo ka ntlha ya tiro nngwe ya puso kana o ne a lwala mme ka gone a sa kgone go nna gone. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bolele jalo. Le gale, lebaka la go bo Daniele a ne a seyo le tshwanetse la bo e se le le belaetsang, ka gonne fa go ka bo go ntse jalo, ga go na pelaelo gore badiredibagolo ba ba lefufa ba Babelona ba ka bo ba dirisitse lone lebaka leo go mo latofatsa. (Daniele 3:8) Pele ga tiragalo eno le morago ga yone, Daniele o ne a itshupa e le mmoloka bothokgami, a ikanyega mo Modimong go sa kgathalesege gore o lebane le kgwetlho efe. (Daniele 1:8; 5:17; 6:4, 10, 11) Ka jalo, le fa gone Baebele e sa re bolelele gore ke eng fa Daniele a ne a seyo kwa lebaleng la Dura, re ka tlhomamisega gore o ile a nna a ikanyega mo go Jehofa Modimo.—Esekiele 14:14; Bahebera 11:33.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela