LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w02 5/1 ts. 8
  • Kafa Morwa a Ileng a Thusa Rraagwe ka Teng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Morwa a Ileng a Thusa Rraagwe ka Teng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute mo go Morwarraagwe Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Go ya Dipokanong go Bontsha Eng ka Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Buka ya Bibela ya bo 59—Yakobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Go Thusa Botlhe ba ba Nnileng le Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
w02 5/1 ts. 8

Kafa Morwa a Ileng a Thusa Rraagwe ka Teng

JAMES wa kwa Engelane, yo o mo masimologong a dingwaga tsa bo30, o lwala thata mo tlhaloganyong gape o tshwerwe ke bolwetse jwa autism jo bo seng maswe go le kalo. Mme o ntse a ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa le mmaagwe le kgaitsadie ka dingwaga di le dintsi. Le fa go ntse jalo, rraagwe o ne a ise a ko a tsamaye a kgatlhegele go le kalo dilo tse ba di dumelang. Maitseboa mangwe morago ga pokano e e neng e na le pontsho e e bontshang gore motho a ka laletsa jang mongwe yo a tlwaelaneng nae go tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, James o ne a itlhaganelela kwa kamoreng ya gagwe. E re ka mmaagwe a ne a tshwenyegile, o ne a mo latela mme a fitlhela a ntse a phuruphutsa dimakasine tsa bogologolo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ne a tlhopha makasine mongwe o o nang le setshwantsho sa taletso ya Segopotso mo tsebeng e e kafa morago mme a sianela kwa go rraagwe. O ne a supa setshwantsho pele go tswa foo a supa rraagwe a re “Wena!” Rraagwe le mmaagwe ba ne ba lebana ba gakgametse fa ba lemoga gore James o ne a laletsa rraagwe go ya Segopotsong. Rraagwe o ne a re a ka nna a ya.

Mo maitseboeng a Segopotso, James o ne a ya kwa oteropong ya ga rraagwe, a tlhopha borokgwe, a bo isa kwa go rraagwe, mme a mmontsha ka diatla gore a bo apare. Rraagwe o ne a mmolelela gore ga a na go ya pokanong. Ka gone, James le mmaagwe ba ne ba ya ba le bosi kwa Holong ya Bogosi.Le fa go ntse jalo, moragonyana James o ne a simolola go tshwarisa mmaagwe bothata fa a leka go mmaakanyetsa go ya dipokanong tsa phuthego, a tlhopha gore bogolo a sale le rraagwe mo gae. Mme ka Sontaga mongwe mo mosong, James o ne a tshwarisa mmaagwe bothata gape fa a ne a leka go mmaakanyetsa go ya pokanong. Mmaagwe o ne a gakgamala thata fa rraagwe James a ne a retologela mo go ene mme a mo raya a re, “James, fa nka ya pokanong gompieno, a le wena o tla ya?” James o ne a itumela. O ne a tlamparela rraagwe mme a re “Ee!” mme ka boraro jwa bone ba ya Holong ya Bogosi.

Go tloga ka letsatsi leo, rraagwe James o ne a nna a ya kwa dipokanong tsotlhe tsa Sontaga mme go ise go ye kae o ne a re, gore a gatele pele, o tla tshwanelwa ke go ya le kwa dipokanong tse dingwe. (Bahebera 10:24, 25) O ne a dira fela jalo, mme dikgwedi di le pedi moragonyana a simolola go ithuta Baebele ka metlha. O ne a gatela pele ka bonako a ba a dira diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa gagwe mme go ise go ye kae a simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Ngwaga morago ga gore a simolole go ithuta Baebele, o ne a ineela mo go Jehofa mme a bontsha seno ka go kolobediwa mo metsing. Gone jaanong ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong ya bone. Mme botlhe mo lelapeng ba direla Jehofa ka kutlwano.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela