LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w02 5/1 ts. 30-31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ntlo ya Thapelelo ya Merafe Yotlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • B11 Thaba ya Tempele ka Motlha wa ga Jesu le Baaposetoloi
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Solomone o Aga Tempele
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Se re Ithutang Sone mo Ponatshegelong ya ga Esekiele
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
w02 5/1 ts. 30-31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa Johane a ne a bona “boidiidi jo bogolo” bo direla Jehofa tirelo e e boitshepo mo tempeleng, ba ne ba dira seno ba le mo karolong efe ya tempele?—Tshenolo 7:9-15.

Go a utlwala go bolela gore boidiidi jo bogolo bo obamela Jehofa mo go longwe lwa malwapa a mo lefatsheng a tempele ya gagwe e kgolo ya semoya, segolo thata lo lo tsamaisanang le lolwapa lo lo kwa ntle lwa tempele ya ga Solomone.

Mo nakong e e fetileng, go ile ga bolelwa gore boidiidi jo bogolo bo mo lefelong la semoya le le tsamaisanang le Lolwapa Lwa Baditšhaba lo lo neng lo le teng mo motlheng wa ga Jesu kana mo setshwaning sa lone. Le fa go ntse jalo, fa go batlisisiwa gape go ne ga bonwa mabaka a ka nna matlhano a go bo go sa nna jalo. Sa ntlha, ga se dikarolo tsotlhe tsa tempele ya ga Herode tse di tshwantshetsang sengwe mo tempeleng e kgolo ya ga Jehofa ya semoya. Ka sekai, tempele ya ga Herode e ne e na le Lolwapa Lwa Basadi le Lolwapa Lwa Iseraele. Banna mmogo le basadi ba ne ba ka kgona go tsena mo Lolwapeng Lwa Basadi, mme banna ke bone fela ba ba neng ba letlelelwa go tsena mo Lolwapeng Lwa Iseraele. Mo malwapeng a mo lefatsheng a tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya, banna le basadi ga ba kgaoganngwe mo kobamelong ya bone. (Bagalatia 3:28, 29) Ka jalo, ga go na sepe se se tsamaisanang le Lolwapa Lwa Basadi le Lolwapa Lwa Iseraele mo tempeleng ya semoya.

Sa bobedi, go ne go se na Lolwapa Lwa Baditšhaba mo dipolaneng tsa Modimo tsa kago ya tempele ya ga Solomone kana mo tempeleng ya ponatshegelo ya ga Esekiele; e bile lo ne lo seyo mo tempeleng e e neng ya agiwa sesha ke Serubabele. Ka jalo, ga go na lebaka lepe le le ka akantshang gore Lolwapa Lwa Baditšhaba lo ka tswa lo tshwantshetsa sengwe mo thulaganyong ya kobamelo ya tempele e kgolo ya ga Jehofa ya semoya, segolobogolo fa go akanngwa ka ntlha e e latelang.

Sa boraro, Lolwapa Lwa Baditšhaba lo ne lwa agiwa ke Kgosi ya Moedoma e bong Herode gore a ikgalaletse le go dira gore a amogelwe ke Baroma. Herode o ne a simolola go tsosolosa tempele ya ga Serubabele gongwe ka 18 kana ka 17 B.C.E. The Anchor Bible Dictionary e tlhalosa jaana: “Tsela e go neng go agiwa ka yone kwa mmusomogolong wa kwa Bophirima [wa Roma] . . . e ne ya tlhotlheletsa gore go agiwe tempele e kgolwane go feta tse di kwa metseng e e kwa botlhaba e e neng e lekana le motse o tempele e neng e agiwa kwa go one.” Le fa go ntse jalo, go ne go setse go beilwe gore tempele e tshwanetse ya nna bogolo bo kae. Dikishinare eo e tlhalosa jaana: “Le mororo Tempele ka boyone e ne e tshwanetse go lekana ka bogolo le tsa pele [ya ga Solomone le ya ga Serubabele], Thaba ya Tempele yone e ne e sa lekanyediwa gore e ka nna bogolo bo kae.” Ka jalo, Herode o ne a atolosa lefelo la tempele ka go oketsa ka se mo motlheng wa rona se bidiwang Lolwapa Lwa Baditšhaba. A ruri kago e e nang le tshimologo e e ntseng jalo e ka tshwantshetsa sengwe mo thulaganyong ya tempele ya semoya ya ga Jehofa?

Sa bonè, mo e ka nnang mongwe le mongwe—difofu, digole le Baditšhaba ba ba sa rupisiwang—ba ne ba ka kgona go tsena mo Lolwapeng Lwa Baditšhaba. (Mathaio 21:14, 15) Gone ke boammaaruri gore lolwapa lono lo ne lo thusa Baditšhaba ba bantsi ba ba sa rupisiwang ba ba neng ba batla go isetsa Modimo ditlhabelo. Mme ke gone koo Jesu ka dinako tse dingwe a neng a bua le boidiidi gone mme ka makgetlo a mabedi a koba baananyi ba madi le barekisi, a re ba tlontlolotse ntlo ya ga Rraagwe. (Mathaio 21:12, 13; Johane 2:14-16) Le fa go ntse jalo, The Jewish Encyclopedia e bolela jaana: “Totatota, lolwapa lono lo lo kwa ntle, e ne e se karolo ya Tempele. Mmu wa lone o ne o se boitshepo mme e bile go ne go ka tsena mongwe le mongwe mo go lone.”

Sa botlhano, lefoko la Segerika (hi·e·ron’) le le ranolwang e le “tempele” le le dirisiwang fa go buiwa ka Lolwapa Lwa Baditšhaba “le kaya lefelo lotlhe la Tempele, e seng kago ya Tempele ka boyone fela,” go bolela jalo A Handbook on the Gospel of Matthew e e kwadilweng ke Barclay M. Newman le Philip C. Stine. Go farologana le seo, lefoko la Segerika (na·os’) le le ranotsweng e le “tempele” mo ponatshegelong ya ga Johane ya boidiidi jo bogolo le tlhalosa dilo ka tsela e e tlhamaletseng. Fa go buiwa ka tempele ya Jerusalema, gantsi go a bo go tewa Boitshepo Jwa Maitshepo, kago ya tempele kana tikologo ya tempele. Ka dinako tse dingwe le ranolwa e le “lefelo le le boitshepo.”—Mathaio 27:5, 51; Luke 1:9, 21; Johane 2:20.

Ba boidiidi jo bogolo ba bontsha tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu. Ba phepa semoyeng, ka go bo ba “tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” Ka jalo, ba bolelwa fa ba siame ka tsholofelo ya gore ba tla nna ditsala tsa Modimo le gore ba tla falola pitlagano e kgolo. (Jakobe 2:23, 25) Ka ditsela tse dintsi, ba tshwana le basokologi kwa Iseraele ba ba neng ba ineela mo kgolaganong ya Molao ba bo ba obamela mmogo le Baiseraele.

Mme gone, basokologi bao ba ne ba sa direle mo lolwapeng lo lo kwa teng, koo baperesiti ba neng ba dira ditiro tsa bone gone. Mme ba boidiidi jo bogolo ga ba mo lolwapeng lo lo kwa teng lwa tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa, e leng lolwapa lo lo emelang boemo jwa go nna batho ba e leng barwa ba ba feletseng ba ba siameng jwa maloko a “boperesiti jo bo boitshepo” jwa ga Jehofa fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. (1 Petere 2:5) Le fa go ntse jalo, jaaka mogolwane wa kwa legodimong a ne a bolelela Johane, totatota boidiidi jo bogolo bo mo tempeleng, e seng kwa ntle ga lefelo la tempele mo lefelong lengwe le go tweng ke Lolwapa Lwa Baditšhaba lwa semoya. A bo e le tshiamelo jang ruri! Mme a bo go gatelela botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe wa rona a ipoloke a itshekile semoyeng le mo boitsholong ka dinako tsotlhe!

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Tempele ya ga Solomone

1. Kago ya Tempele

2. Lolwapa lo lo Kwa Teng

3. Lolwapa lo lo Kwa Ntle

4. Ditepisi Tse di Yang Kwa Lolwapeng Lwa Tempele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela