LEBOKOSE LA GO RUTA 14A
Se re Ithutang Sone mo Ponatshegelong ya ga Esekiele
Kobamelo ya ga Jehofa e Tseelwa Kwa Godimo e Bile e a Sirelediwa
Tempele e Esekiele a ileng a e bona e ne e le mo “thabeng e e kwa godimo thata” (1). A go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang ke selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona?
Lobota lo lo agilweng go dikologa tempele (2), le lefelo le le se nang sepe le le dikologileng tempele (3), di re gakolola gore ga re a tshwanela go kopanya kobamelo ya boammaaruri le kobamelo ya maaka. Go na le dilo tsa rona tsa botho tse di itshiametseng fela tse re tshwanetseng go nna kelotlhoko gore ga re di kopanye le kobamelo ya rona. Fa re tshwanetse go nna kelotlhoko jalo mo dilong tse di itshiametseng fela, seno se raya gore re tshwanetse go nna kelotlhoko le go feta gore re se ka ra dira boitsholo jo bo sa siamang!—Esek. 42:20.
Masego a a Nnelang Ruri
Molatswana o monnye o elela go tswa kwa lefelong le le boitshepo la tempele o bo o gola go nna molapo o o penologang o o dirang gore lefatshe le ungwe (4). Re tla tlotla ka masego ano mo Kgaolo 19.
Batho ba ga Jehofa ba Ikobela Melao e e Tshwanang
Dikgoro tse di goletseng kwa godimo tse di ka fa ntle (5) le tse di ka fa teng (9) di re gopotsa gore Jehofa o batla gore batho botlhe ba ba mo obamelang ba tshele ka melao ya gagwe ya maemo a a kwa godimo. Ela tlhoko gore dikgoro tse di ka fa ntle le tse di ka fa teng di a lekana. Seno se a tshwanela ka gonne Jehofa o lebeletse gore batlhanka botlhe ba gagwe ba ikobele melao e e tshwanang le fa ba ka tswa ba na le maikarabelo afe mo phuthegong.
Ditlhabelo Tse di Ntshediwang Jehofa
Diphaposi tsa bojelo (8) di re gopotsa gore mo nakong e e fetileng, batho ba ne ba kgona go ja ditlhabelo dingwe tse ba neng ba di isitse kwa tempeleng. Go ne go ntse jaaka e kete ba ja le Jehofa.[1] Mo tempeleng ya tshwantshetso e Bakeresete ba obamelang mo go yone gompieno, go ile ga ntshiwa setlhabelo “se le sengwe” fela. (Baheb. 10:12) Re ntshetsa Modimo ditlhabelo ka go mmaka.—Baheb. 13:15.
Jehofa o Tla Diragatsa Boikaelelo Jwa Gagwe
Dintlha tse dintsi tse Esekiele a ileng a di kwala di ka go opisa tlhogo. Mme di re ruta sengwe sa botlhokwa: Di re netefaletsa gore Jehofa o tla dira gore a boe a obamelwe ka tsela e e mo itumedisang. Le fa gone Esekiele a sa bona batho bape mo ponatshegelong, o ile a tlhalosa gore Jehofa o ne a kgalemela baperesiti, dikgosana le batho. Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetse go ikobela melao ya gagwe.