KGAOLO 19
“Sengwe le Sengwe se Tla Tshela, Gongwe le Gongwe Kwa Molatswana Ono o Yang Gone”
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Kafa ponatshegelo ya molatswana e ileng ya diragadiwa ka gone mo nakong e e fetileng, kafa e diragadiwang ka gone le kafa e tla diragadiwang ka gone mo nakong e e tlang
1, 2. Go ya ka Esekiele 47:1-12, Esekiele o ile a bona eng, mme moengele o ile a mo raya a reng? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)
ESEKIELE o ile a bona sengwe gape se se kgatlhang mo ponatshegelong ya tempele. O ile a bona molatswana o elela go tswa kwa lefelong le le boitshepo. Leka go mmona a latedisa metsi a molatswana oo a batla go bona gore a ya kae. (Bala Esekiele 47:1-12.) A ne a elela go tswa kwa lefelong le le boitshepo la tempele go tswa foo a bo a tlhaga go tswa mo dikagong tsa tempele, gaufi le kgoro e e kwa botlhaba. Esekiele le moengele yo a neng a na le ene ba ile ba latedisa metsi ao, ba tla ba meta sekgala fa ba ntse ba tsamaya. Nako le nako fa moengele a sena go meta gore metsi a boteng go le kae, o ne a kopa Esekiele gore a a ralale. Esekiele o ile a lemoga gore metsi ao a ne a nna a oketsega. A ne a feleletsa a le mantsi thata mo a neng a sa kgone go a ralala ka maoto.
2 Moengele o ile a bolelela Esekiele gore metsi a molatswana oo a ya go tsena kwa Lewatleng le le Suleng. Fa metsi a molatswana ono a tsena mo lewatleng, a dira gore metsi a lone a nne monate e bile a dira gore go nne le ditlhapi di le dintsi thata mo lewatleng leo. Gape Esekiele o ile a bona ditlhare tsa maungo a a farologaneng fa thoko ga molatswana oo. Kgwedi le kgwedi ditlhare tseo di tlhagisa maungo a masha e bile di tlhagisa matlhare a a kgonang go fodisa. Se Esekiele a ileng a se bona se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore a nne le kagiso le tsholofelo. Ponatshegelo eno e ne e kaya eng mo go Esekiele le batho ba a neng a na le bone kwa botshwarwa? Mme e kaya eng mo go rona gompieno?
Ponatshegelo ya Molatswana E ne E Kaya Eng mo Bajudeng ba ba Neng ba le Kwa Botshwarwa?
3. Goreng Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ne ba sa akanye gore molatswana o Esekiele a o boneng mo ponatshegelong e ne e le wa mmatota?
3 Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ne ba itse gore molatswana o Esekiele a o boneng mo ponatshegelong e ne e se molatswana wa mmatota. Gongwe se Esekiele a ileng a se bona se ile sa dira gore ba gopole boporofeti bongwe jo moporofeti Joele a ileng a bo kwala dingwaga di feta 200 pelenyana. (Bala Joele 3:18.) Fa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba bala boporofeti jwa ga Joele, ba ne ba sa lebelela gore dithaba di tla “rotha beine e e botshe,” dithota “di tla elela mashi” e bile ba ne ba sa lebelela gore “motswedi o tla elela o tswa kwa ntlong ya ga Jehofa.” Ka tsela e e tshwanang, ba ne ba itse gore molatswana o Esekiele a o boneng mo ponatshegelong, e ne e se wa mmatota.a Ka jalo Jehofa o ne a leka go ba bolelela eng? Dikwalo di re thusa go tlhaloganya gore dilo dingwe mo ponatshegelong eno di kaya eng. Mma gone jaanong re tlotle ka dilo di le tharo tse di kgothatsang tse re ka ithutang tsone mo boporofeting jono.
4. (a) Molatswana o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong o ka tswa o ile wa dira gore Bajuda ba lebelele gore Jehofa o tla ba segofatsa jang? (b) Ke eng fa tsela e Baebele e dirisang lefoko “molatswana” le “metsi” ka yone e re netefaletsa gore Jehofa o tla segofatsa batho ba gagwe? (Bona lebokose le le reng “Melatswana e e Tlisang Masego a a Tswang Kwa go Jehofa.”)
4 Molatswana o o tlisang masego. Mo Baebeleng, go le gantsi metsi le melatswana e dirisiwa go tshwantshetsa masego a a tswang kwa go Jehofa. E re ka molatswana o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong o ne o elela go tswa kwa tempeleng, ntle le pelaelo batho ba ga Jehofa ba ne ba itse gore molatswana oo o tshwantshetsa gore Jehofa o ne a tla tswelela a ba segofatsa fa fela ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. O ne a tla ba segofatsa jang? Baperesiti ba ne ba tla boa ba ba ruta molao wa ga Jehofa gape. Mo godimo ga moo, e re ka go ne go tla boa go ntshiwa ditlhabelo kwa tempeleng, ba ne ba ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla itshwarela maleo a bone. (Esek. 44:15, 23; 45:17) Ka jalo ba ne ba tla boa ba nna phepa gape. Go ne go tla nna jaaka e kete ba tlhatswitswe mo metsing a a phepa a a elelang go tswa kwa tempeleng.
5. Ponatshegelo ya molatswana e Esekiele a ileng a e bona e ne e bontsha jang gore Jehofa o tla kgona go segofatsa batho ba gagwe botlhe?
5 A Jehofa o ne a tla kgona go segofatsa batho ba gagwe botlhe? Se Esekiele a neng a se bona mo ponatshegelong e ne e le bosupi jwa gore Jehofa o ne a tla kgona go segofatsa batho ba gagwe botlhe. Metsi a Esekiele a ileng a a bona a ne a simolola a le mannye fela, mme a ne a oketsega go fitlha a nna molapo o o penologang. (Esek. 47:3-5) Le fa palo ya Bajuda e ne e ka oketsega fa ba sena go boela kwa nageng ya bone, Jehofa o ne a tla kgona go ba segofatsa botlhe le go ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. Molatswana oo o ne o tshwantshetsa masego a le mantsi a Jehofa a neng a tla a naya Bajuda.
6. (a) Ponatshegelo eno e ne e bolelela pele eng se se itumedisang? (b) Gape ponatshegelo eno e ne e na le tlhagiso efe? (Bona ntlha e e kwa tlase.)
6 Metsi a a nayang botshelo. Metsi a molatswana o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong a ne a elelela kwa Lewatleng le le Suleng mme a ne a dira gore ditshedi tse di mo lewatleng leo di tshele. Metsi a molatswana oo a ile a dira gore go nne le ditlhapi di le dintsi tsa mefutafuta mo e leng gore di ile tsa tshwantshiwa le ditlhapi tsa Lewatle la Mediterranean. Lewatle le le Suleng le ile la nna le ditlhapi tse dintsi thata mo e leng gore batho ba metse e mebedi e e neng e le gaufi le lewatle leo ba ne ba bula kgwebo ya go tshwara ditlhapi. Moengele o ne a re: “Sengwe le sengwe se tla tshela, gongwe le gongwe kwa molatswana ono o yang gone.” A seno se raya gore metsi a a neng a tswa kwa ntlong ya ga Jehofa a ne a tla fitlhelela dikarolo tsotlhe tsa Lewatle le le Suleng? Nnyaa. Moengele o ne a tlhalosa gore metsi a molatswana oo a ne a se kitla a fitlhelela mafelo mangwe a a gaufi le lewatle, a a tletseng metsi. Metsi a mafelo ao a ne a “tla tswelela a le letswai.”b (Esek. 47:8-11) Boporofeti jono bo ne bo bolelela pele gore batho ba ne ba tla boa ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang mme seno se ne se tla dira gore ba boe ba atamalane le Jehofa mme ba ne ba tla atlega. Le fa go ntse jalo, go ne go na le bangwe ba ba neng ba tla gana go amogela masego a ga Jehofa mme ba ne ba se kitla ba atamalana le ene.
7. Ditlhare tse di neng di le fa thoko ga molatswana mo ponatshegelong di ne di netefaletsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa eng?
7 Ditlhare tse di ntshang dijo le matlhare a a fodisang. Ditlhare tse di fa thoko ga molatswana tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong, di ne di dira gore lefelo le a ileng a le bona le nne lentle le go feta. Mme gape ditlhare tseo di ne di na le bokao. Ntle le pelaelo Esekiele le batho ba a neng a na le bone kwa botshwarwa ba ne ba itumela fa ba akanya ka maungo a a monate a ditlhare tseo di neng di tla a ntsha kgwedi le kgwedi. Ditlhare tseo di ne di ba netefaletsa gore Jehofa o ne a tla ba fepa ka tsela ya tshwantshetso. Seno se raya gore o ne a tla ba ruta dilo di le dintsi tse di tla nonotshang tumelo ya bone. O ne a tla dira eng gape? Ela tlhoko gore matlhare a ditlhare tseo ‘a ne a tla fodisa.’ (Esek. 47:12) Jehofa o ne a itse gore selo sa botlhokwa thata se Bajuda ba neng ba se tlhoka e ne e le go fodisiwa ka tsela ya tshwantshetso, ba ne ba tlhoka go boa ba atamalana le Jehofa gape. Jehofa o ne a ba solofetsa gore ba tla boa ba atamalana le ene. Mo Kgaolo 9 ya buka eno, re ile ra tlotla ka boporofeti jo bo bontshang gore Jehofa o ile a dira seo jang.
8. Re itse jang gore ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e tla diragadiwa ka tsela e nngwe?
8 Mme gone, jaaka re bone mo Kgaolo 9, ditsholofetso tsa ga Jehofa ga di a ka tsa diragadiwa ka botlalo mo Bajudeng ba ba ileng ba boa kwa botshwarwa. Bajuda bao ke bone ba ileng ba dira gore ditsholofetso tseo di se ka tsa diragadiwa ka botlalo. Jehofa ga a ka a ba segofatsa ka botlalo ka gonne ba ile ba boa gape ba dira dilo tse di bosula. Mo godimo ga moo, ba ne ba sa mo ikobele e bile ba ne ba sa mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke dilo tse di bosula tse ba bangwe ba neng ba di dira. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba ba ikanyegang bao ba ga Jehofa ba ne ba itse gore ka metlha Jehofa o diragatsa se a se solofeditseng. (Bala Joshua 23:14.) Ka jalo, ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e tla boa e diragadiwa ka tsela e nngwe mo nakong e e tlang. Mme gone e ne e tla diragadiwa leng?
Kafa Ponatshegelo ya ga Esekiele e Diragadiwang ka Gone Gompieno
9. Ponatshegelo ya tempele e Esekiele a ileng a e bona e diragadiwa leng ka tsela e nngwe?
9 Jaaka re bone mo Kgaolo 14 ya buka eno, ponatshegelo ya tempele e Esekiele a ileng a e bona, e diragadiwa ka tsela e nngwe “mo metlheng ya bofelo.” Mo metlheng eno, batho ba le bantsi ba tseela kobamelo ya ga Jehofa kwa godimo. (Isa. 2:2) Ka jalo, ponatshegelo ya molatswana e Esekiele a ileng a e bona e diragadiwa jang gompieno?
10, 11. (a) Jehofa o re segofatsa jang gompieno? (b) Dithuto tsa boammaaruri tse Jehofa a re rutang tsone di ile tsa oketsega jang mo metlheng ya bofelo?
10 Molatswana o o tlisang masego. Metsi a a elelang go tswa kwa ntlong ya ga Jehofa mo ponatshegelong eno, a dira gore re akanye ka dilo di le dintsi tse Jehofa a re direlang tsone tse di re tswelang mosola. Selo sa botlhokwa thata se Jehofa a ileng a se dira ke go re ntshetsa thekololo ka setlhabelo sa ga Morwawe. Ka ntlha ya setlhabelo seo, Jehofa o kgona go itshwarela maleo a rona. Boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo bo ka tshwantshiwa le metsi a a re nayang botshelo le a a re phepafatsang. (Baef. 5:25-27) Jehofa o ile a segofatsa batho ba gagwe jang mo motlheng ono?
11 Ka 1919 go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ka nna 5 000 fela mme ba ne ba itumelela go rutiwa boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Fa dingwaga di ntse di ya, ba ne ba oketsega. Gompieno go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta dimilione di le 8 mo lefatsheng. A ba sa ntse ba rutiwa boammaaruri jo bo mo Baebeleng? Go ntse jalo. Re rutiwa dithuto di le dintsi tota tsa boammaaruri. Mo dingwageng di le lekgolo tse di ntseng di feta, batho ba ga Jehofa ba ile ba amogela Dibaebele, dibuka, dimakasine, diboroutšhara le dipampitshana di le dibilione. Fela jaaka molatswana o Esekiele a ileng a o bona o ne o nna o oketsega, dithuto tsa boammaaruri le tsone di ile tsa nna di oketsega gore di fitlhelele batho ba le bantsi ba ba neng ba batla go itse Modimo. Go fetile nako e telele dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng di ntse di printiwa. Mme gone jaanong dikgatiso tseno di gone mo jw.org ka dipuo di feta 1 000. Dithuto tsa boammaaruri di ile tsa thusa batho jang?
12. (a) Dithuto tsa boammaaruri tse di mo Lefokong la Modimo di ile tsa thusa batho jang? (b) Ponatshegelo eno e re naya tlhagiso efe? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)
12 Metsi a a nayang botshelo. Moengele o ne a raya Esekiele a re: “Sengwe le sengwe se tla tshela, gongwe le gongwe kwa molatswana ono o yang gone.” Batho ba le bantsi ba ba ileng ba tla mo phuthegong ya ga Jehofa ba ile ba rutiwa dithuto di le dintsi tsa boammaaruri. Dithuto tseno di ile tsa ba ama pelo mme tsa ba thusa gore ba dumele mo go Jehofa. Le fa go ntse jalo, ponatshegelo eno e na le tlhagiso ya gore batho bangwe ba ne ba tla gana go amogela dithuto tsa boammaaruri. Go na le batho ba ba tlhogoethata ba ba sa batleng go amogela boammaaruri le go bo dirisa mo matshelong a bone. Re ka tshwantsha batho bano le mafelo a a tletseng seretse, le a a tletseng metsi a a gaufi le Lewatle le le Suleng le Esekiele a ileng a le bona mo ponatshegelong.c Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tshwana le bone.—Bala Duteronome 10:16-18.
13. Re ka ithuta eng mo ditlhareng tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong?
13 Ditlhare tse di ntshang dijo le matlhare a a fodisang. Ditlhare tse di fa thoko ga molatswana tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong, di ka re ruta sengwe sa botlhokwa. Gopola gore ditlhare tseno di ne di ntsha maungo a masha kgwedi le kgwedi e bile matlhare a tsone a ne a fodisa. (Esek. 47:12) Ditlhare tseno di re gopotsa gore re direla Modimo yo o pelotshweu yo o re tlamelang le yo o re fodisang ka tsela ya tshwantshetso. Batho ba le bantsi gompieno ga ba itse boammaaruri jo bo mo Baebeleng mme rona Jehofa o re ruta dithuto di le dintsi tota tsa boammaaruri. A go a tle go direge gore fa o sena go bala setlhogo sengwe mo dimakasineng tsa rona, o sena go opela pina ya bofelo kwa kopanong, o sena go lebelela bidio nngwe kgotsa thulaganyo ya Broadcasting, o bo o leboga Jehofa mo pelong, o mo lebogela dithuto tsa boammaaruri tse a re rutang tsone? Eleruri Jehofa o re tlamela ka se re se tlhokang. (Isa. 65:13, 14) A dithuto tsa boammaaruri tse re di rutiwang di re thusa gore re tshele ka tsela e e siameng le e e itumedisang Jehofa? Ee. Dithuto tseno tse di theilweng mo Baebeleng di re thusa go lwantsha mekgwa e e sa siamang e e jaaka boitsholo jo bo sa siamang, bopelotshetlha le go tlhoka tumelo. Gape Jehofa o dirisa bagolwane mo phuthegong go thusa Bakeresete ba ba dirileng boleo jo bo masisi. (Bala Jakobe 5:14.) Eleruri Jehofa o segofatsa batho ba gagwe.
14, 15. (a) Re ka ithuta eng mo mafelong a a tletseng metsi a Esekiele a ileng a a bona mo ponatshegelong? (b) Molatswana o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong o re tswela mosola jang gompieno?
14 Gape re ka ithuta sengwe mo mafelong a a seretse, a metsi a molatswana a neng a sa a fitlhelele. Re ithuta gore re se ka ra gana go dirisa dithuto tsa boammaaruri tse Jehofa a re rutang tsone. Re se ka ra nna tlhogoethata jaaka batho ba lefatshe leno. (Math. 13:15) Go na le moo, re tshwanetse go amogela dithuto tsa boammaaruri tse Jehofa a re rutang tsone. Fa re ithuta Lefoko la Modimo, fa re rerela ba bangwe le fa re letla bagolwane gore ba re kaele, ba re gomotse e bile ba re thuse, re ka nna ra akanya ka molatswana o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong. Sengwe le sengwe se ne se tshela, gongwe le gongwe kwa molatswana ono o neng o elelela gone.
15 Mme gone ponatshegelo ya molatswana e Esekiele a ileng a e bona e tla diragadiwa jang mo nakong e e tlang? Jaaka re tla bona, molatswana ono o tlile go oketsega le go feta kwa Paradaiseng.
Ponatshegelo Eno e Tla Diragadiwa Jang Kwa Paradaiseng?
16, 17. (a) Metsi a a nayang botshelo a tla oketsega ka tsela efe kwa Paradaiseng? (b) Molatswana ono o tla re tlisetsa masego afe kwa Paradaiseng?
16 A o ipona o le kwa Paradaiseng o na le ba lelapa le ditsala lo itumelela botshelo? Ponatshegelo ya molatswana e Esekiele a ileng a e bona e ka go thusa go bona gore botshelo bo tla bo bo ntse jang ka nako eo. Re raya jang? Mma re tlotle gape ka dilo di le tharo mo ponatshegelong eno tse di re thusang go bona gore Jehofa o a re rata.
17 Molatswana o o tlisang masego. Molatswana ono wa tshwantshetso o tla oketsega le go feta kwa Paradaiseng ka gonne o tla thusa batho gore ba atamalane le Jehofa e bile o tla ba thusa gore ba itumelele botshelo. Ka nako ya Puso ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete, setlhabelo sa thekololo se tlile go thusa batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang. Fa nako e ntse e ya, ba tla bo ba sa tlhole ba na le boleo. Go tla bo go sa tlhole go na le malwetse, dingaka, baoki le dipetlele, e bile re tla bo re sa tlhole re tlhoka go duela diinshorense. Metsi a molatswana oo a tlile go thusa batho ba le bantsintsi ba ba tlileng go falola ntwa ya Aramagedona, e leng “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshen. 7:9, 14) Mme gone, seo e tla bo e le lemmenyana fela la se se larileng kwa pele. Fela jaaka mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona, molatswana ono o tla nna o oketsega.
Kwa Paradaiseng molatswana o o tlisang masego o tla dira gore batho botlhe ba nne basha le gore ba itekanele sentle mo mmeleng (Bona serapa 17)
18. “Noka ya metsi a a nayang botshelo” e tla penologa jang ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete?
18 Metsi a a nayang botshelo. Ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, “noka ya metsi a a nayang botshelo” e tla bo e penologa. (Tshen. 22:1) Go tlile go tsosiwa batho ba le dibilione mme ba tla newa tshono ya gore ba tshelele ruri mo lefatsheng le lesha. Jehofa o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go tsosa batho ba go fetileng dingwagangwaga ba tlhokafetse. (Isa. 26:19) Mme gone, a batho bao ba ba tsositsweng ba tla tshelela ruri?
19. (a) Ke eng se se bontshang gore go tla bo go na le ditaelo tse disha kwa Paradaiseng? (b) Batho bangwe ba tla tshwana jang le metsi a a neng a tswelela a le letswai?
19 Mongwe le mongwe o tla itlhophela. Go tla bulwa memeno e mesha ka nako eo. Ka jalo, dithuto tsa boammaaruri tse di tswang kwa go Jehofa di tla bo di akaretsa le ditaelo tse disha tse di tswang mo memenong eo. Eleruri seno se a kgatlha. Le fa go ntse jalo, bangwe ba tla gana go ikobela ditaelo tseo tsa ga Jehofa. Bangwe ba ka nna ba tlhanogela Jehofa ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete mme Jehofa ga a kitla a ba letla gore ba tsose tlhakatlhakano. (Isa. 65:20) Seno se dira gore re akanye ka mafelo a a tletseng metsi a a neng a tswelela a le letswai mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona. Batho ba ba tla ganang go nwa metsi a noka eno e e nayang botshelo, e tla bo e le dieleele tota. Morago ga Dingwaga Tse di Sekete, batho bangwe ba tla tsaya letlhakore la ga Satane. Botlhe ba ba ganang go busiwa ke Jehofa ba tlile go nyelediwa ka bosakhutleng.—Tshen. 20:7-12.
20. Ke thulaganyo efe e e tla re tswelang mosola ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, e e dirang gore re akanye ka ditlhare tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong?
20 Ditlhare tse di ntshang maungo le matlhare a a fodisang. Jehofa o batla gore rotlhe re tshelele ruri. Ka jalo, ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, o tlile go dira sengwe se se tla re thusang. O tla re thusa gore re itekanele sentle mo mmeleng e bile o tla re thusa gore re atamalane le ene. Ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu o tla bo a busa kwa legodimong e le kgosi le batlodiwa ba le 144 000. E re ka e tla bo e le baperesiti, ba tla dirisa setlhabelo sa ga Keresete go thusa batho gore ba se ka ba tlhola ba nna le boleo. (Tshen. 20:6) Seno se dira gore re akanye ka ditlhare tse Esekiele a ileng a di bona fa thoko ga molatswana tse di neng di ntsha maungo le matlhare a a fodisang. Se Esekiele a ileng a se bona mo ponatshegelong se tshwana le se moaposetoloi Johane a ileng a se bona. (Bala Tshenolo 22:1, 2.) Ditlhare tse Johane a ileng a di bona di ne di na le ‘matlhare a a fodisang ditšhaba.’ Tiro e e tla bong e dirwa ke baperesiti bano ba ba 144 000 e tlile go thusa batho ba le bantsintsi ba ba ikanyegang.
21. Go akanya ka molatswana o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong go dira gore o ikutlwe jang, mme re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang? (Bona lebokose le le reng “Metsi a Mannye a Nna Molapo o o Penologang!”)
21 Fa o ntse o akanya ka ponatshegelo ya ga Esekiele ya molatswana, a seno ga se dire gore o nne le tsholofelo le kagiso? Eleruri botshelo bo tla bo bo le monate tota mo nakong e e tlang. Dingwaga di le dintsi tse di fetileng, Jehofa o ile a dira gore batlhanka ba gagwe ba kwale boporofeti bo le bontsi jo bo re thusang go itse gore lefatshe le lesha le tla bo le ntse jang. Mo godimo ga moo, go fetile dingwaga di le dintsi a naya batho tshono ya gore ba ithute ka ene gore ba kgone go tshela mo lefatsheng leo le lesha. A o tla bo o le teng kwa Paradaiseng? O ka tswa o ipotsa gore a o tla bo o le teng kwa lefatsheng le lesha. Mma re bone gore se Esekiele a ileng a se bona kwa bofelong jwa boporofeti jwa gagwe se re netefaletsa jang gore re tla bo re le teng kwa lefatsheng le lesha.
a Mo godimo ga moo, Bajuda ba ba neng ba sa ntse ba gopola gore lefatshe la bone le ntse jang, ba ka tswa ba ne ba itse gore go ka se kgonege gore metsi a elele go tswa kwa Jerusalema a bo a ya go tsena kwa Lewatleng le le Suleng ka gonne go ne go tla tlhokega gore mo mafelong a mangwe metsi ao a tlhatloge thaba.
b Batho bangwe ba re ntlha ya gore metsi mangwe a ne a tswelela a le letswai e itshiametse fela ka gonne go fetile nako e telele batho ba dira kgwebo ka letswai le le leng mo karolong ya Lewatle le le Suleng. Mme gone ela tlhoko gore pego eno e a re mafelo ao a a tletseng metsi a ne ‘a se kitla a fetoga.’ Go ne go ka se nne le ditshedi mo metsing ao ka gonne metsi a a nayang botshelo a a tswang kwa ntlong ya ga Jehofa a ne a sa fitlhelele mafelo ao. Ka jalo, go lebega ntlha ya gore metsi ano a ne a tswelela a le letswai, e ne e se selo se se itshiametseng fela.—Pes. 107:33, 34; Jer. 17:6.
c Akanya ka sekai sa ga Jesu sa letlowa la go tshwara ditlhapi. Letloa leo le ile la kgona go tshwara ditlhapi tse dintsi. Tse dingwe mo go tsone di ne di sa siama, mme di ile tsa latlhiwa. Ka jalo Jesu o ne a tlhalosa gore batho bangwe ba ba tlang mo phuthegong ya ga Jehofa fa nako e ntse e ya, ba tla mo tlhanogela.—Math. 13:47-50; 2 Tim. 2:20, 21.