LEBOKOSE LA GO RUTA 19B
Metsi a Mannye a Nna Molapo o o Penologang!
Esekiele o bona molatswana o elela go tswa mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa. Molatswana oo o nna o oketsega go fitlhela o nna metsi a mantsi thata. Fa thoko ga molatswana ono, Esekiele o bona ditlhare tse di ntshang maungo le matlhare a a fodisang. Dilo tseno di kaya eng?
Molatswana o o Tlisang Masego
MO NAKONG E E FETILENG: Fa Bajuda ba sena go boela kwa nageng ya bone, Jehofa o ile a ba segofatsa ka gonne ba ile ba boa ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang kwa tempeleng
MO MOTLHENG WA RONA: Go simolola ka 1919, batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba boa ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang mme seno se ile sa dira gore ba amogele masego a le mantsi a a tswang kwa go Jehofa a a tla dirang gore ba itumelele botshelo jo bo sa khutleng mo nakong e e tlang
MO NAKONG E E TLANG: Morago ga ntwa ya Aramagedona, Jehofa o tla re segofatsa ka ditsela tse di farologaneng. O tla re thusa gore re se ka ra tlhola re nna le boleo e bile o tla re ruta dithuto tse disha tsa boammaaruri
Metsi a a Nayang Botshelo
MO NAKONG E E FETILENG: Le fa gone palo ya Bajuda e ne e nna e oketsega, Jehofa o ile a ba segofatsa e bile o ile a ba thusa gore ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang
MO MOTLHENG WA RONA: Mo paradaiseng ya rona ya tshwantshetso, batho ba le bantsi ba ithuta boammaaruri e bile ba ithuta ka Jehofa. Mo godimo ga moo, ba nna karolo ya batho ba ba obamelang Jehofa ka tsela e e mo itumedisang
MO NAKONG E E TLANG: Batho ba le bantsi ba tla falola ntwa ya Aramagedona mme ba bangwe ba le bantsintsi ba tla tsosiwa morago ga moo. Jehofa o tla segofatsa mongwe le mongwe wa bone
Ditlhare Tse di Ntshang Maungo le Matlhare a a Fodisang
MO NAKONG E E FETILENG: Jehofa o ile a ruta batho ba gagwe boammaaruri mme gape o ile a ba thusa gore ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Gape o ile a ba thusa gore ba se ka ba tlhola ba obamela medingwana le gore ba se ka ba dira sepe se se amanang le kobamelo ya maaka
MO MOTLHENG WA RONA: Dithuto tsa boammaaruri di thusa batho ba Modimo gore ba nne ba ikanyega mo go ene, gape di ba thusa gore ba se ka ba wela mo maleong a a masisi. Mo godimo ga moo, di ba thusa gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke batho ba ba bosula ba lefatshe leno
MO NAKONG E E TLANG: Keresete le babusimmogo le ene ba le 144 000 ba tla thusa batho ba ba ikobelang Jehofa gore ba tshele ka bosakhutleng ba se na boleo