Pego ya Baboledi ba Bogosi
Matswela a a Itumedisang a go Nna Pelotelele le go Itshoka
JESU KERESETE o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, “lorato lwa ba le bantsi lo [ne lo] tla tsidifala.” Ka ntlha ya seo, gompieno mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, batho ka kakaretso ga ba kgatlhegele dikgang tse di molemo tsa Bogosi. E bile bangwe ba nyatsa bodumedi.—Mathaio 24:12, 14.
Le fa go ntse jalo, fela jaaka maitemogelo a a latelang a kwa Czech Republic a bontsha, tumelo le bopelotelele di dira gore baboledi ba Bogosi ba kgone go lebana le bothata jono ka katlego.
Basupi bangwe ba babedi ba ne ba bua le mosadi yo o neng a sa bula kgoro. Moragonyana mosadi yono o ne a bula kgoro go sekae, a ntsha seatla a bo a phamola dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse Basupi bano ba neng ba mo naya tsone. Go ne ga utlwala lentswe le re “ke a leboga,” kgoro e bo e tswalega. Basupi bano ba ne ba ipotsa gore, “A ke re boe?” Mongwe wa bone yo e neng e le mmulatsela kgotsa modiredi wa nako e e tletseng o ne a swetsa ka gore a boele, mme mosadi yono a dira jaaka a ne a dirile mo lekgetlhong la ntlha mme a tswelela a dira jalo ngwaga otlhe.
Fa Mmulatsela yono a sena go dira tshwetso ya gore o tla fetola tsela e a neng a simolola motlotlo ka yone, o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse. Mo lekgetlhong le le latelang fa a neela mosadi yono dimakasine, o ne a mmotsa dipotso tse di botsalano: “A o tsogile? O ikutlwa jang ka dimakasine tse ke go tlogeletseng tsone?” Mo tshimologong o ne a se ka a mo araba, mme morago ga go mo etela makgetlho a le mmalwa, mosadi yono o ne a simolola go nna botsalano. Letsatsi lengwe o ne a bula kgoro thata mme ba nna le motlotlo o mokhutshwanyane fela.
E re ka mosadi yono a ne a sa rate go le kalo go bua fa ba ne ba eme mo kgorong, mmulatsela o ne a swetsa ka gore a mo kwalele lekwalo a mo tlhalosetse lebaka la go bo a mo etela le go mo kopa gore a mo tshwarele thuto ya legae ya Baebele. Kgabagare, morago ga go leka ka bopelotelele sebaka sa ngwaga le halofo, mmulatsela yono o ne a kgona go simolola thuto ya Baebele le mong wa ntlo. O ne a gakgametse mme a ikutlwa a kgothala fa moragonyana mosadi yono a ne a mo raya a re: “Ke ne ka simolola go dumela mo Modimong go tloga ka letsatsi le o simolotseng go ntlisetsa dimakasine ka lone.”
Eleruri, go nna pelotelele le go itshoka go ka tlisa matswela a a itumedisang mo tirong ya go rera ka Bogosi le ya go dira barutwa.—Mathaio 28:19, 20.