LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 2/1 ts. 28-31
  • O ka Kgona go Fenya Boikutlo Jwa go sa Tlhomamisege

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Kgona go Fenya Boikutlo Jwa go sa Tlhomamisege
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Batho ba sa Tlhomamisege ka Maemo a ba Lebaneng le One
  • ‘Go Nna le Tlhomamisego e e Tletseng ya Tsholofelo’
  • Masego a Gone Jaanong a go Sireletsega Semoyeng
  • Ikanye Jehofa fa Bokhutlo bo Ntse bo Atamela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Polokesego ya Boammaaruri—Jaanong le ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Nna le Tsholofelo mo Lefatsheng le le Tletseng Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jehofa, ‘Kago ya Rona ya Phemelo mo Metlheng ya Matshwenyego’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 2/1 ts. 28-31

O ka Kgona go Fenya Boikutlo Jwa go sa Tlhomamisege

“RURI!” “Ke a go tlhomamisetsa!” Ga go na pelaelo gore o kile wa utlwa mafoko ano ka makgetlho a mantsi. Le fa go ntse jalo, mo botshelong jwa rona, ga go na dilo tse dintsi tse re ka tlhomamisegang ka tsone. Botshelo ga bo a tlhomama gotlhelele mo e leng gore gantsi re ipotsa gore a go na le sengwe se tota re ka tlhomamisegang ka sone. Go bonala go belaela le go sa tlhomamisege e setse e le selo se se tlwaelegileng mo botshelong jwa rona.

Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba batlela bone le ba malapa a bone tshireletsego le boitumelo. Ba dira ka natla gore ba bone dilo tse ba akanyang gore di tla dira gore ba itumele le go ikutlwa ba sireletsegile—mme gantsi dilo tseo ke madi le dithoto. Le fa go ntse jalo, thoromo ya lefatshe, kgwanyape, kotsi kgotsa bokebekwa jo bo setlhogo bo ka senya dithoto tse di ntseng jalo ka ponyo ya leitlho. Bolwetse jo bo masisi, tlhalo kgotsa go tlhoka tiro di ka fetola botshelo jwa motho a sa lebelela. Gone ke boammaaruri gore dilo tse di ntseng jalo di ka nna tsa se ka tsa go diragalela. Le fa go ntse jalo, go a tshwenya e bile go a hutsafatsa go itse gore o ka diragalelwa ke sengwe se se maswe nako nngwe le nngwe. Mme ga se gone fela.

Go sa tlhomamisege le dipelaelo ke makaelagongwe mme dikishinare nngwe e tlhalosa “pelaelo” e re ke “seemo sa go sa dumele sengwe kgotsa kgopolo e gantsi e kgoreletsang motho go dira ditshwetso.” Mo godimo ga moo, go ya ka buka ya Managing Your Mind, “go sa tlhomamisege ka sengwe se se botlhokwa ke lone lebaka le legolo le le dirang gore batho ba tlhobaele le go tshwenyega.” Fa dipelaelo di sa fedisiwe go ka felela ka gore motho a tlhobaele, a kgobege marapo a bo a galefe. Ee, go tshwenyega ka gore a jaana o tla diragalelwa ke sengwe se se maswe go ka re lwatsa mo tlhaloganyong le mo mmeleng.

Ka ntlha ya seo, batho bangwe ba feteletsa dilo. Ba tshwana le mosha mongwe wa kwa Brazil yo o neng a re: “Ke eng fa ke tshwanetse go tshwenyega ka se se tla diregang? Re tshwanetse go tshwenyega ka dilo tse di diregang gone jaanong, e seng ka tse di tla diregang ka moso.” Boikutlo jo bo kotsi jwa gore “a re jeng re nweng” bo ka dira gore re kgobege marapo, re tshwenyege thata mo maikutlong mme kgabagare go felele ka loso. (1 Bakorintha 15:32) Go botoka thata gore re ikaege ka Mmopi e bong Jehofa Modimo, yo Baebele e bolelang jaana ka ene, “mo go ene ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.” (Jakobe 1:17) Fa re tlhatlhoba Lefoko la Modimo e leng Baebele, re tla bona kgakololo e e molemo le kaelo ya gore re ka lepalepana jang le go sa tlhomamisege ka botshelo. Mme gape go ka re thusa gore re tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa botshelo bo sa tlhomama jaana.

Lebaka La go Bo Batho ba sa Tlhomamisege ka Maemo a ba Lebaneng le One

Dikwalo di re thusa go leba botshelo ka tsela e e tshwanetseng e bile di re thusa gore re nne le boikutlo jo bo tshwanetseng ka maemo a re sa tlhomamisegeng ka one le go fetoga ga one. Le fa gone go nna le botsala le ba lelapa, go nna le maemo mo setšhabeng, botlhale, botsogo jo bo itekanetseng le dilo tse dingwe di ka dira gore motho a ikutlwe a sireletsegile ka selekanyo se se rileng, Baebele e bontsha gore ga re ka ke ra tsaya dilo tseno motlhofo kgotsa ra tshela botshelo “jo bo se nang mathata.” Kgosi e e botlhale e bong Solomone o ne a re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo.” Ka ntlha yang? “Ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Ke ka moo Solomone a ileng a tlhagisa jaana: “Fela jaaka ditlhapi tse di tshwarwang ka letlowa le le bosula, le jaaka dinonyane tse di tshwarwang ka serai, fela jalo bomorwa batho ba tshwarwa jaaka e kete ka seru ka motlha wa masetlapelo, fa o ba wela ka tshoganyetso.”—Moreri 9:11, 12.

Jesu Keresete le ene o ne a bua ka nako ya go tlhobaela thata le go sa tlhomamisege ka maemo a a rileng a a tla welang kokomana yotlhe ya batho. Ka puo e e utlwalang sentle, o ne a re: “Go tla nna le ditshupo mo letsatsing le mo ngweding le mo dinaleding, mme mo lefatsheng tlalelo e e mahehe ya ditšhaba, e sa itse kgoro ya botso ka ntlha ya go suma ga lewatle le khuduego ya lone, fa batho ba ntse ba tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni; gonne maatla a magodimo a tla reketlisiwa.” Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosa sengwe se se ka kgothatsang batho ba ba dipelo tse di ikanyegang gompieno: “Fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.” (Luke 21:25, 26, 31) Ka tsela e e tshwanang, go na le gore re boife isagwe e re sa tlhomamisegeng ka yone, re na le tumelo mo Modimong e e re thusang gore re se ka ra akanya fela ka dilo tse re sa tlhomamisegeng ka tsone mme go na le moo re akanye ka isagwe e e itumedisang e e sireletsegileng e e tlang.

‘Go Nna le Tlhomamisego e e Tletseng ya Tsholofelo’

Le mororo re ka se tlhomamisege ka sengwe le sengwe se re se utlwang, se re se balang kgotsa se re se bonang, re na le lebaka le le utlwalang la go ikanya Mmopi. Ga se Mogodimodimo fela mme gape ke Rre yo o lorato yo o tlhokomelang bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Modimo o ne a bolela jaana ka lefoko la gagwe: “Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Jesu Keresete o ne a ruta boammaaruri jo bo tswang kwa Modimong mme batho ba bantsi ba ba neng ba mo reetsa ba ne ba bo amogela ba tlhatswegile pelo e bile ba tlhomamisegile. Ka sekai, setlhopha sengwe sa Basamarea ba ba nang le dipelo tse di ikanyegang se ne sa raya mosadi yo o neng a bua le Jesu pele ga sone sa re: “Ga re tlhole re dumela ka ntlha ya puo ya gago; gonne re ikutlwetse ka borona mme re a itse gore monna yono ruri ke mmoloki wa lefatshe.” (Johane 4:42) Le gompieno ka tsela e e tshwanang, le fa re tshela mo metlheng e re sa babalesegang mo go yone, ga re a tshwanela go ikutlwa re sa tlhomamisege ka dilo tse re tshwanetseng go di dumela.

Batho ba le bantsi ba bolela gore go na le gore ba leke go tlhaloganya dithuto tsa bodumedi, ba tshwanetse go di dumela fela. Le fa go ntse jalo, mokwadi wa Baebele e bong Luke o ne a sa dumalane le kgopolo eo. O ne a batlisisa mme a kwala tshedimosetso e e boammaaruri gore ba bangwe ba “tle ba itse ka botlalo go tlhomama ga dilo” tse a di kwadileng. E re ka ba lelapa le ditsala ba ba sa dumeleng dilo tse rona re di dumelang ba ka nna ba boifa gore re tla tsiediwa le go swabisiwa, go botlhokwa gore re kgone go femela tumelo ya rona. (1 Petere 3:15) Re ka kgona fela go thusa ba bangwe gore ba ikanye Modimo fa re itse sentle lebaka la go bo re dumela dilo tse re di dumelang. Baebele e tlhalosa Jehofa jaana: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.”—Duteronome 32:4.

Akanya ka mafoko ao a bofelo: “O siame e bile o thokgame.” Re na le bosupi bofe jo bo re tlhomamisetsang ka seno? Moaposetoloi Petere o ne a tlhomamisegile ka botlalo ka seno. O ne a bolelela molaodi mongwe wa Moroma le ba lelapa la gagwe a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Petere o ne a bua mafoko ano ka gonne o ne a sa tswa go bona kafa Modimo a ileng a kaela dilo ka teng gore lelapa la Baditšhaba, le pele le neng le tsewa le itshekologile e bile le sa amogelesege le ne jaanong le amogelesega mo go Ene. Fela jaaka Petere, le rona re ka tlhomamisega gore Modimo ga a na tlhaolele le gore o tshiamo fa re bona ka matlho a rona “boidiidi jo bogolo” jwa batho—ba ba dimilione di le thataro—go tswa mo dinageng tse di fetang 230 mo lefatsheng lotlhe ba ba tlogetseng tsela ya bone ya botshelo ya bogologolo mme ba tsamaya mo tseleng ya tshiamo.—Tshenolo 7:9; Isaia 2:2-4.

Jaaka Bakeresete ba boammaaruri, ga re batle go nna batho ba ba feteletsang dilo, kgotsa ba ba gatelelang dilo, mme re batla go nna batho ba ba boikokobetso le ba ba tekatekano. Le fa go ntse jalo, re tlhomamisegile ka se re se dumelang le ka se re se lebeletseng ka isagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong.” (Bahebera 6:11) Ka mo go tshwanang, dikgang tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng di re tliseditse “tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo.” Tsholofelo eo e e theilweng ka botlalo mo Lefokong la Modimo “ga e swabise,” jaaka Paulo a ne a tlhalosa.—Baroma 5:5.

Mo godimo ga moo, re tlhomamisegile ka botlalo gore go ruta ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Baebele, go ka ba thusa gore ba ikutlwe ba sireletsegile e bile ba tlhomamisegile ka dilo tse ba di tlhokang mo semoyeng, mo maikutlong le mo mmeleng. Re ikutlwa jaaka Paulo fa a ne a re: “Dikgang tse di molemo tse re di rerang ga di a ka tsa tla mo go lona ka puo e le yosi mme gape di tlile ka maatla le ka moya o o boitshepo le go tlhatswega pelo mo go nonofileng.”—1 Bathesalonika 1:5.

Masego a Gone Jaanong a go Sireletsega Semoyeng

Le fa gone re ka se ka ra lebelela gore re sireletsege ka botlalo gompieno, go na le dilo tse re ka di dirang tse di tla re thusang gore re nne le botshelo jo bo tlhomameng le jo bo sireletsegileng ka selekanyo se se rileng. Ka sekai, go kopanela ka metlha le phuthego ya Bokeresete kwa dipokanong go re thusa go ritibala ka gonne mo go tsone re rutiwa melaometheo le mekgwa e e siameng. Paulo o ne a kwala jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.” (1 Timotheo 6:17) Ka go ithuta go ikanya Jehofa mme ba sa ikanye dithoto le menate e e fetang, ba le bantsi ba ile ba kgona go fedisa ditlhobaelo le go kgobega marapo tse pele ba neng ba tshwanetse go di itshokela.—Mathaio 6:19-21.

Le mo phuthegong re ipelela lorato lwa bakaulengwe ba ba re thusang le go re tshegetsa ka ditsela tse di farologaneng. Nako nngwe mo bodireding jwa gagwe, moaposetoloi Paulo le bapati ba gagwe ba ne ba ikutlwa ba le mo “kgatelelong e kgolo” mme ba ne ba sa “tlhomamisege gotlhelele le ka matshelo a [bone].” Paulo o ne a bona kae tshegetso le kgololesego? Gone ke boammaaruri, tshepo ya gagwe mo Modimong ga e ise e ko e reketle. Le fa go ntse jalo, o ne a kgothadiwa le go gomodiwa ke Bakeresete ka ene, ba ba neng ba mo thusa. (2 Bakorintha 1:8, 9; 7:5-7) Gompieno, fa go nna le masetlapelo a tlholego kgotsa masetlapelo a mangwe, gangwe le gape bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ke bone ba ba fitlhang pele go tla go thusa Bakeresete ka bone le batho ba bangwe ba ba tlhokang thuso ka dilo tsa senama le tsa semoya.

Selo se sengwe se se ka re thusang go lebana le boikutlo jwa go sa tlhomamisege ka dilo tse di diregang mo botshelong ke thapelo. Re ka ikaega ka Rraarona yo o lorato wa kwa legodimong fa re lebane le mathata a re neng re sa a lebelela. “Jehofa o tla nna bogodimo jo bo sireletsegileng mo go ope yo o gateletsweng, bogodimo jo bo sireletsegileng mo metlheng ya matshwenyego.” (Pesalema 9:9) Batsadi ba ka nna ba palelwa ke go sireletsa bana ba bone. Le fa go ntse jalo, Modimo o iketleeleditse go re thusa go fenya dipoifo tse re nang le tsone le boikutlo jwa go sa tlhomamisege ka isagwe. Fa re latlhela ditlhobaelo tsa rona mo go Jehofa ka go rapela, re ka tlhomamisega gore a ka kgona “go dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong.”—Baefeso 3:20.

A o rapela Modimo ka metlha? A o tlhatswegile pelo gore Modimo o utlwa dithapelo tsa gago? Mosetsana mongwe wa kwa São Paulo o ne a re: “Mmè o ne a re ke tshwanetse go rapela Modimo. “Mme ke ne ka ipotsa ka re: ‘Ke eng fa ke tshwanetse go bua le motho yo ke sa mo itseng?’ Le fa go ntse jalo, Diane 18:10 e ne ya nthusa go tlhaloganya gore re tlhoka thuso ya Modimo mme re tshwanetse go bua le ene ka thapelo.” Temana eo ya re: “Leina la ga Jehofa ke tora e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.” Mme gone, re ka ikanya Jehofa jang fa e le gore ga re a tlwaela go bua le ene? Gore re tle re bone masego a tshireletsego ya semoya, re tshwanetse go itlwaetsa go rapela letsatsi le letsatsi. Jesu o ne a re: “Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.”—Luke 21:36.

Selo se sengwe se re ka tlhomamisegang ka sone ke tsholofelo e re nang le yone ka Bogosi Jwa Modimo. Ela tlhoko mafoko ano a ga Daniele 2:44: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Tsholofetso eo e tlhomame mme re ka tlhomamisega ka yone. Gantsi ditsholofetso tse batho ba di dirang ga di ke di atlega, mme re ka ikanya lefoko la ga Jehofa ka metlha. Go na le gore Modimo e nne motho yo o ka se kang a tshepega, ke lefika le re ka ikaegang ka lone. Re ka ikutlwa jaaka Dafide yo o neng a re: “Modimo wa me ke lefika la me. Ke tla tshabela kwa go ene, thebe ya me le lonaka lwa me lwa poloko, bogodimo jwa me jo bo sireletsegileng, le lefelo la me la botshabelo, Mmoloki wa me; o mpoloka mo thubakanyong.”—2 Samuele 22:3.

Buka e e umakilweng kwa tshimologong ya Managing Your Mind e bolela gape jaana: “Fa motho a nnela go akanya ka dilo tse di bosula, ke teng mo gantsi e nnang tsa mmatota mo mogopolong wa gagwe mme go nne thata go lebana le tsone.” Ka gone, ke eng fa re itetla go imelwa ke dipelaelo le go tlhobaela ka maemo a lefatshe? Dira gore mo boemong jwa gore o ikutlwe o sa tlhomamisege ka maemo a lefatshe, o tlhomamisege ka ditsholofetso tsa Modimo. Fa re boloka tumelo ya rona e nonofile mo ditsholofetsong tse di tlhomamisegileng tsa ga Jehofa, re tlhomamisediwa jaana ke mafoko a a latelang: “Ga go na ope yo o dumelang mo go ene yo o tla swabisiwang.”—Baroma 10:11.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Lefoko la Modimo le tlhomamisetsa batho ka masego a isagwe

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

“Ga go na ope yo o dumelang mo go ene yo o tla swabisiwang”

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di dira gore batho ba ikutlwe ba sireletsegile

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela