LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 3/1 ts. 29
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa ke Kabelo ya Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • “Ke Tla Lapolosa Moya o o Lapileng”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
  • Buka ya Bibela ya bo 24—Yeremia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Ke Tsentse Mafoko A me Mo Molomong wa Gago”
    Modimo o Bua le Rona ka Jeremia
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 3/1 ts. 29

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

E re ka Balefi ba ne ba se na boswa bope kwa Iseraele wa bogologolo, Hanamele wa Molefi o ne a rekisetsa ntsalae e bong Jeremia wa Molefi tshimo jang, jaaka go kwadilwe mo go Jeremia 32:7?

Jehofa o ne a raya Arone jaana malebana le Balefi: “Ga o na go nna le boswa . . . , e bile ga go na kabelo epe e e tla nnang ya gago mo gare ga [Baiseraele].” (Dipalo 18:20) Le fa go ntse jalo, Balefi ba ne ba abetswe metse e le 48 mmogo le dinaga tsa mafulo tse di neng di gasame le Naga e e Solofeditsweng. Motse wa gaabo Jeremia e ne e le Anathothe, mongwe wa metse e e neng e abetswe “bomorwa moperesiti Arone.”—Joshua 21:13-19; Dipalo 35:1-8; 1 Ditiragalo 6:54, 60.

Mo go Lefitiko 25:32-34, re fitlhela gore Jehofa o ne a ntsha dikaelo tse di tlhomameng malebana le “tshwanelo ya thekololo” ka lefatshe la Balefi. Go bonala malapa a Balefi a ne a tla nna le tshwanelo ya boswa malebana le go nna le lefatshe, go dirisa le go rekisa dikarolo dingwe tsa lone. Go a utlwala gore ditshwanelo tseo di ne di tla akaretsa go reka le go rekisa lefatshe.a Ka ditsela di le dintsi Balefi ba ne ba tshwana fela le Baiseraele ba ditso tse dingwe fa go tsenwa mo go rueng le mo go diriseng lefatshe.

Go ka direga gore lefatshe la Balefi le ne le ka fetisediwa mo go yo mongwe e le boswa. Le fa go ntse jalo, fa e le ka “tshwanelo ya thekololo,” e ne e le selo se Molefi a neng a ka se dira fela le Molefi yo mongwe. Gape go bonala ba ne ba ka reka le go rekolola lefatshe mo metseng ya bone fela, e re ka “naga ya mafulo a metse ya bone” e ne e sa tshwanela go rekisiwa ka gonne e ne e le “thuo ya bone ka bosakhutleng.”—Lefitiko 25:32, 34.

Ka jalo, go bonala fa tshimo e Jeremia a ileng a e rekolola mo go Hanamele e ne e le ya mofuta oo mo e neng e ka fetisediwa mo mothong yo mongwe ka go rekololwa. E ka tswa e ne e le teng mo motseng. Jehofa ka boene o ne a tlhomamisa gore “naga” e go buiwang ka yone e ne e le ya ga Hanamele le gore Jeremia o ne a na le “tshwanelo ya thekololo.” (Jeremia 32:6, 7) Jehofa o ne a dirisa tumalano eno ka tsela ya tshwantshetso go tlhomamisa tsholofetso ya gagwe ya gore Baiseraele ba ne ba tla boa mme ba rue naga ya bone morago ga go nna nakwana kwa botshwarong kwa Babelona.—Jeremia 32:13-15.

Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore Hanamele o ne a bone lefatshe le le kwa Anathothe ka tsela e e sa siamang. Ga go na sepe se se kayang gore o ne a roba molao wa ga Jehofa ka go kopa Jeremia gore a reke tshimo e e kwa Anathothe kana gone gore Jeremia o ne a dirisa tshwanelo ya gagwe ya thekololo ka tsela e e sa siamang ka go reka tshimo eo.—Jeremia 32:8-15.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Barenabase wa Molefi o ne a rekisa lefatshe la gagwe mme a ntsha madi a lone go thusa balatedi ba ba tlhokang ba ga Keresete kwa Jerusalema. Karolo ya lefatshe leo e ka tswa e ne e le kwa Palesetina kana kwa Kupero. Kana go ka nna ga direga gore e ne e le lefelo fela la go fitlha baswi le Barenabase a neng a le bone kwa kgaolong ya Jerusalema.—Ditiro 4:34-37.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela