LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 6/15 ts. 3
  • Mathata a go Thapisa Bana Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata a go Thapisa Bana Gompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Dilo Tse di ka Dirisiwang go Bona Thuto e e Siameng
    Tsogang!—1996
  • Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 6/15 ts. 3

Mathata a go Thapisa Bana Gompieno

GO BOSIGO, mong wa resetšhurente o ipaakanyetsa go tswala lebenkele gore a ye gae. Go tsena basadi ba babedi le ngwana mme ba otara dijo. E re ka mong wa resetšhurente a lapile o batla go ba raya a re go setse go tswetswe, le gale o swetsa ka gore a ba neele dijo tse ba di otarileng. Fa basadi bano ba babedi ba ntse ba tlotla mme ba ja, ngwana o tabogaka le resetšhurente a ntse a latlhela dikuku fa fatshe mme a di gataka. Go na le gore mmaagwe a mo thibele, o a nyenya. Kgabagare fa basadi bano ba tsamaya, mong wa resetšhurente yo o lapileng o tshwanelwa ke go phepafatsa leswe le ngwana yono a le bakileng.

Jaaka o ka tswa o itse, tiragalo e e tshwanang le eno e supa gore go thapisa bana ke bothata mo malapeng a le mantsi. Mabaka a seo a a farologana. Batsadi bangwe ba tlogela bana ba bone ka boomo gore ba itirele jaaka ba rata ka gonne ba dumela gore bana ba tshwanetse go newa kgololesego. Kgotsa ka gonne batsadi bangwe ba tshwaregile thata, ga ba na nako ya go neela bana tlhokomelo le thapiso tse ba di tlhokang. Batsadi bangwe ba akanya gore thutego ya bana ba bone e botlhokwa thata jaana mo ba neelang bana kgololesego e e feteletseng fa fela bana bao ba bona maduo a a kwa godimo kwa sekolong e bile ba kgona go fitlha kwa kholetšheng ya maemo a a kwa godimo.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba re tsela e batsadi le batho ka kakaretso mo setšhabeng ba itshwarang ka yone e tlhoka go fetolwa go sekae. Ba bolela gore bana ba nna le seabe mo mefuteng yotlhe ya bokebekwa mme thubakanyo kwa dikolong e oketsega letsatsi le letsatsi. Ka jalo mogokgo mongwe wa sekolo sa bogareng kwa Seoul, kwa Repaboliking ya Korea, o ne a gatelela gore go tlhokega gore bana ba rutwe ka ga go tokafatsa botho jwa bone. O ne a re: “Fa o sena go bopa botho jwa motho ke gone o ka tsenyang kitso mo go ene.”

Batsadi ba le bantsi ba ba batlang gore bana ba bone ba ye kholetšheng mme ba atlege mo botshelong ba itlhokomolosa tshedimosetso e e ba tlhagisang. Fa o le motsadi, o batla gore ngwana wa gago a nne motho wa mofuta ofe? A o batla gore a nne mogolo yo o nang le boitsholo jo bontle le maikarabelo? A o batla gore e nne motho yo o akanyetsang batho ba bangwe, yo o kgonang go fetofetoga mme a na le boikutlo jo bo siameng? Fa go ntse jalo, tsweetswee sekaseka setlhogo se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela