LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 5/15 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa bo Dira Gore Re Se Ka Ra Itlhoboga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Boipobolo jo bo Isang Phodisong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Kgosi Dafide o a Leofa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Ikaege ka Moya wa Modimo fa o Lebana le Maemo a a Fetofetogang a Botshelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 5/15 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa Dafide le Bathesheba ba sa bolawa ka ntlha ya go dira boaka, mme morwaabone yo o sa tswang go belegwa ene a ne a tlhokafala?

Molao wa ga Moshe o ne o re: “Fa go direga gore monna a fitlhelwe a letse le mosadi yo o nang le mong wa gagwe, a ba swe boobabedi, monna yo o letseng le mosadi mmogo le mosadi. Ka jalo o tlose se se bosula mo Iseraele.” (Duteronome 22:22) Fa Jehofa Modimo a ne a letlile gore kgang ya boatlhodi ya boleo jwa ga Dafide le Bathesheba e sekasekiwe ke baatlhodi ba e leng batho go ya ka Molao, bobedi jono jo bo akafetseng bo ka bo bo ile jwa bolawa. E re ka baatlhodi ba e leng batho ba ne ba sa kgone go bona se se mo dipelong tsa bone, ba ne ba tshwanetse go atlhola badiraphoso bano go ya ka se ba se dirileng le ka bosupi jo ba nang najo. Katlholo ya go dira boaka e ne e le loso. Baatlhodi ba Baiseraele ba ne ba sa letlelelwa go itshwarela boleo joo.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Modimo wa boammaaruri o kgona go bona se se mo dipelong le go itshwarela maleo fa a bona go tshwanela go dira jalo. E re ka kgang eno e ne e ama Dafide, yo a neng a dirile kgolagano ya Bogosi le ene, Jehofa o ne a fetola dilo mme a tlhopha gore kgang eno e atlholwe ke ene. (2 Samuele 7:12-16) “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” o na le tshwanelo ya go dira tshwetso e e ntseng jalo.—Genesise 18:25.

Ke eng se Jehofa a neng a se bona fa a tlhatlhoba pelo ya ga Dafide? Mafoko a a tlhagang fa godimo ga Pesalema 51 a re pesalema eno e senola kafa Dafide a ikutlwang ka gone “fa moporofeti Nathane a ne a tla kwa go ene morago ga go robala le Bathesheba.” Pesalema 51:1-4 ya re: “Nkutlwele botlhoko, tlhe Modimo, go ya ka bopelonomi jwa gago jwa lorato. Phimola ditlolo tsa me go ya ka letlotlo la mautlwelobotlhoko a gago. Ntlhatswe tlolo ya me ka botlalo, mme o mphepafatse mo boleong jwa me. Gonne nna ke itse ditlolo tsa me, le boleo jwa me bo fa pele ga me ka metlha. Ke leofetse wena, wena fela, ke dirile se se bosula mo matlhong a gago.” Jehofa o tshwanetse a bo a ile a leba go ipona molato ga ga Dafide go tswa pelong e le go ikwatlhaya ga mmatota a bo a nna le mabaka a go utlwela badiraphoso bano botlhoko. Mo godimo ga moo, Dafide ka boene e ne e le motho yo o kutlwelobotlhoko mme Jehofa o bontsha kutlwelobotlhoko mo go ba ba kutlwelobotlhoko. (1 Samuele 24:4-7; Mathaio 5:7; Jakobe 2:13) Ka jalo, fa Dafide a ne a dumela boleo jwa gagwe, Nathane o ne a mo raya a re: “Jehofa le ene o tlogela boleo jwa gago bo feta. Ga o kitla o swa.”—2 Samuele 12:13.

Seno se ne se sa reye gore Dafide le Bathesheba ba ne ba sa tle go utlwa ditlamorago tse di botlhoko tsa boleo jwa bone. Nathane o ne a bolelela Dafide jaana: “Ka gonne ruri o tlhokile tlotlo mo go Jehofa ka selo seno, le morwa ka boene, yo o sa tswang go mo tsholelwa, ruri o tla swa.” Ngwana wa bone o ne a lwala a bo a swa le fa Dafide a ile a itima dijo le go hutsafala ka malatsi a le supa.—2 Samuele 12:14-18.

Bangwe ba go fitlhela go le thata go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mosimane a ne a tshwanetse go swa, e re ka Duteronome 24:16 e re: “Bana ba se ka ba bolawa ka ntlha ya borre.” Mme re tshwanetse go gakologelwa gore fa kgang eno e ka bo e sekasekilwe ke baatlhodi ba e leng batho, batsadi le ngwana yo o mo popelong yo a iseng a belegwe ba ka bo ba sule. Go tlhokafalelwa ke ngwana yono wa mosimane go ka tswa go thusitse Dafide go lemoga sentle gore Jehofa o ne a sa itumelela boleo jwa gagwe le Bathesheba. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o ne a rarabolola kgang eno ka tshiamo, ka go bo “tsela ya gagwe e itekanetse.”—2 Samuele 22:31.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Dafide o ne a bontsha boikwatlhao jwa mmatota

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela