LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 8/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batlang Jehofa Pele ga Letsatsi la Bogale Jwa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Batla Jehofa Pele ga Letsatsi la Gagwe la Bogale
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Ke Mang Yo O Tla Falolang “Motlha oa Khuduègō”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Buka ya Bibela ya bo 36—Sefania
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 8/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A lefoko “gongwe” le le dirisitsweng mo go Sefania 2:3 le raya gore batlhanka ba Modimo ga ba ka ke ba tlhomamisega gore ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng?

Temana eno e balega jaana: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng tshwetso ya Gagwe ya boatlhodi. Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.” Ke ka ntlha yang fa temana eno e re “gongwe”?

Gore re tle re tlhaloganye gore ke eng se Jehofa a tla se direlang batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka nako ya Haramagedona, go molemo gore re gakologelwe se Baebele e se rutang ka se Modimo a tla se direlang batho ba ba tla swang pele ga nako ya katlholo. Ba bangwe ba tla tsosediwa botshelong jwa bosasweng e le dibopiwa tsa semoya kwa legodimong, fa ba bangwe bone ba tla tsosediwa go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Johane 5:28, 29; 1 Bakorintha 15:53, 54) Fa e le gore Jehofa o tla gakologelwa batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba swang pele ga Haramagedona, go raya gore o tla gakologelwa le batlhanka ba gagwe ba ba tla bong ba sa ntse ba tshela ka letsatsi la bogale jwa gagwe.

Mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Petere le one a a kgothatsa. O ne a kwala jaana: “[Modimo] a boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba le supa fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi; mme ka go dira metse ya Sodoma le Gomora melora fela o ne a ba bona molato, . . . mme o ne a golola Lote yo o siameng, . . . Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.” (2 Petere 2:5-9) Le fa gone Jehofa a ile a senya batho ba ba bosula mo nakong e e fetileng, o ne a boloka Noa le Lote, ba ba neng ba mo direla ka boikanyegi. Jehofa o tla boloka le batho ba ba nang le poifomodimo fa a senya batho ba ba boikepo ka nako ya Haramagedona. Go tla falola “boidiidi jo bogolo” jwa batho ba ba siameng.—Tshenolo 7:9, 14.

Ka jalo, ga go bonale fa lefoko “gongwe” mo go Sefania 2:3 le dirisiwa ka go bo go belaelwa gore a Modimo a ka kgona go boloka batho ba a ba amogelang. Ka jalo ke ka nako ya fa motho a simolola go batla tshiamo le boingotlo re ka reng gongwe o tla sujwa ka letsatsi la bogale jwa ga Jehofa. Gore motho a bolokiwe go ikaegile ka gore a tswelele a batla bopelonolo le tshiamo.—Sefania 2:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

“Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela