LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 5/1 ts. 14-19
  • Ke Mang Yo O Tla Falolang “Motlha oa Khuduègō”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo O Tla Falolang “Motlha oa Khuduègō”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa “Dilō Tse Di Elètsègañ” Di Tsenang ka Gone
  • ‘Batlang, Batlang, Batlang’
  • Mikaele O Simolola Tiro!
  • Batlang Jehofa Pele ga Letsatsi la Bogale Jwa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dira Boipolelo Jwa Phatlalatsa Gore o Bolokwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Letsatsi la ga Jehofa la Katlholo le Gaufi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 5/1 ts. 14-19

Ke Mang Yo O Tla Falolang “Motlha oa Khuduègō”?

“Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa.”—YOELE 2:32.

1. Go ya ka Daniele le Malaki, bao ba tla bolokwang ka “motlha oa khuduègō” o o tlang ke ba ba ntseng jang?

MOPEROFETI Daniele fa a ne a lebile pele mo motlheng wa rona, o ne a kwala jaana: “Go tla nna motlha oa khuduègō, o e sa leñ ka go nna morahe le go tla mo go lōna lobaka louō go e se go ke go nne opè o o nntseñ yalo: me mo motlheñ ouō batho ba ga eno ba tla gololwa, moñwe le moñwe eo o tla hitlhèlwañ a kwadilwe mo lokwaloñ.” (Daniele 12:1) A mafoko a a kgothatsang ruri! Jehofa o tla gakologelwa batho ba gagwe bao a ba amogetseng, fela jaaka Malaki 3:16 le yone e bolela jaana: “Hoñ ba ba boihañ Yehofa ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.”

2. Go akanya ka leina la ga Jehofa go felela ka eng?

2 Go akanya ka leina la ga Jehofa go dira gore motho a nne le kitso e e tlhomameng kaga gagwe, Keresete wa gagwe, le maikaelelo a gagwe otlhe a a molemo a Bogosi jwa gagwe. Ka jalo, batho ba gagwe ba ithuta go mo tlotla, go nna le kamano e e gaufi ba ineetse mo go ene, le go mo rata ‘ka pelo yotlhe ya bone, le ka tlhaloganyo yotlhe ya bone, le ka thata yotlhe ya bone.’ (Mareko 12:33; Tshenolō 4:11) Jehofa o dirisitse setlhabelo sa ga Jesu Keresete go baakanyetsa ka bopelonomi gore batho ba ba siameng ba ba mo lefatsheng ba tle ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, ba ka nna ba boeletsa ba tletse tsholofelo mafoko ao a neng a buiwa ke lesomo la selegodimo leo le neng le baka Modimo fa Jesu a ne a tsholwa, le re: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.”—Luke 2:14.

3. Jehofa o tshwanetse a tsaya kgato efe pele kagiso e ka tla mo lefatsheng leno?

3 Kagiso eo e gaufi go feta jaaka bontsi jwa batho bo akanya. Mme lefa go ntse jalo la ntlha Jehofa o tshwanetse a diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo lefatsheng leno le le bosula. Moperofeti wa gagwe ebong Sefania o bolela jaana: “Letsatsi ye legolo ya ga Yehofa le gauhi, le gauhi le akoha thata.” Letsatsi leo ke letsatsi la mofuta mang? Boperofeti jono bo tswelela pele ka go re: “Letsatsi ye legolo ya . . . kodu ea . . . ga Yehofa; motho oa segañka o gala mo go botlhoko gōna. Letsatsi yeuō ke letsatsi ya yayarègō, letsatsi ya tlalèlō le pitlaganō, letsatsi ya kgakgabalō le chwahalō, letsatsi ya lehihi le letobo, letsatsi ya maru le lehihi ye le kwenneñ. Letsatsi ya lonaka go lela, le mokgosi oa choshō, go lelèla metse e e thekeledicweñ, dikagō tse di mo godimo ga dithakō. Me ke tla lere pitlaganō mo bathuñ, go tla ba sepela yaka dihohu, ka gonne ba leohetse Yehofa.”—Sefania 1:14-17; bona gape le Habakuke 2:3; 3:1-6, 16-19.

4. Ke bomang bao gompieno ba arabelang taletso ya gore ba itse Modimo ba bo ba o direle?

4 Se se itumedisang ke gore, batho ba le dimilione gompieno ba arabela taletso ya gore ba itse ba bo ba direle Modimo. Go ne ga bolelelwa pele jaana kaga Bakeresete ba ba tloditsweng, bao ba tseelwang mo kgolaganong e ntšha: “Ba tla nkitse botlhe botlhe hèla, go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè, go bua Yehofa.” (Yeremia 31:34) Bano ba ile ba etelela tiro ya go neela bosupi pele gompieno. Jaanong jaaka masalela a batlodiwa a a oketsegileng a ntse a wetsa tiro ya one ya mo lefatsheng, “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” bo ile jwa tla go ‘direla Modimo tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo’ mo thulaganyong ya gagwe ya seka tempele. (Tshenolō 7:9, 15; Yohane 10:16) A o mongwe yo o itumelelang tshiamelo eno e e ka se kang ya lekanngwa le epe?

Kafa “Dilō Tse Di Elètsègañ” Di Tsenang ka Gone

5, 6. Ke tiro efe e e bolokang eo e dirwang pele merafe yotlhe e senngwa ka go reketlisiwa?

5 Jaanong a re buleng Hagai 2:7, koo Jehofa a bolelelang pele kaga ntlo ya gagwe ya semoya ya kobamelo. O bolela jaana: “Ke tla reketlisa merahe eotlhe, me dilō tse di elètsègañ tsa merahe eotlhe di tla tla, me ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalèlō.” Boperofeti jo bo mo Bibeleng bo bontsha gore ‘go reketlisa merafe’ go kaya fa Jehofa a tla bo a diragatsa dikatlholo tsa gagwe mo merafeng. (Nahume 1:5, 6; Tshenolō 6:12-17) Ka jalo, kgato e Jehofa a tla e tsayang e go boleletsweng pele ka yone mo go Hagai 2:7 e tla konelwa ka gore merafe e reketlisiwe gore e se tlhole e nna gone—e a nyelediwa. Mme go tweng ka “dilō tse di elètsègañ tsa merahe”? A go tlhokega gore ba letele go reketlisiwa goo ga bofelo go go senyang gore go ba lere? Le eseng.

6 Yoele 2:32 e bolela jaana: “Leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya ga Yehofa o tla gololwa; gonne mo thabeñ ea Siona le mo Yerusalema go tla nna ba ba halolañ, yaka Yehofa a buile, le mo masaleleñ go tla nna bōnè ba Yehofa o ba bitsañ.” Jehofa o a ba tlhaola, mme ba bitsa leina la gagwe ba na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu pele ga go reketlisiwa go go konelang ditiragalo ke sepitla se segolo. (Bapisa Yohane 6:44; Ditihō 2:38, 39.) Boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tlhwatlhwakgolo, ba jaanong ba fetang dimilione tse nne, ‘ba tsena’ mo ntlung ya ga Jehofa ya kobamelo ka boitumelo ba solofetse gore ‘a reketlise merafe yotlhe’ ka Hara–Magedona.—Tshenolō 7:9, 10, 14.

7. Go ‘bitsa leina la ga Jehofa’ go akaretsa eng?

7 Batho bano ba ba falolang ba bitsa leina la ga Jehofa jang? Yakobe 4:8 e re neela sesupo, e bolela jaana: “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla. Itloseñ leshwè mo diatleñ, baleohi ke lona; lo intlahatsè dipelo, lona ba lo maikutlō mabedi.” Fela jaaka masalela a a tloditsweng ao a neng a eteletse pele, bao ba solofelang go nna ba boidiidi jo bogolo jo bo tla falolang Hara–Magedona ba tshwanetse go dira dilo ka tlhomamo. Fa o solofela go falola, o tshwanetse go nwa thata Lefoko la ga Jehofa le le itshekisang le go dirisa melao ya gagwe e e siameng mo botshelong jwa gago. O tshwanetse go neela botshelo jwa gago go Jehofa o sa okaoke o bo o tshwantshetsa seo ka go kolobediwa ka metsi. Go bitsa Jehofa ka tumelo gape go akaretsa go mo supela. Ka jalo, Paulo o kwala jaana mo go Baroma kgaolo 10, ditemana 9 le 10: “Ha u tla ipolèla ka molomo ha Yesu e le Morèna, u ba u dumèla mo peduñ ea gago ha Modimo o mo cositse mo loshuñ, u tla bolokwa: Gonne motho o dumèla ka pelo go isa tshiamoñ; me boipolèlō bo dihwa ka molomo go isa polokoñ.” Go tswa foo, mo go temana 13, moaposetoloi o tsopola boperofeti jwa ga Yoele, a gatelela gore “leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna o tla bolokwa.”

‘Batlang, Batlang, Batlang’

8. (a) Go ya ka moperofeti Sefania, Jehofa o tlhoka eng mo mothong gore a bolokwe? (b) Lefoko “goñwe” le le mo go Sefania 2:3 le re tlhagisa jang?

8 Fa re bula buka ya Bibela ya Sefania, mo go kgaolo 2, ditemana 2 le 3, re bala kaga seno seo Jehofa a se tlhokang mo mothong gore a bolokwe: “Bogale yo bo hisañ bo e se bo tle mo go lona, le letsatsi ya bogale yoa ga Yehofa le e se le tle mo go lona. Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” Ela tlhoko lefoko “goñwe.” Ga se kgang ya gore fa o bolokilwe gangwe fela, o boloketswe ruri. Re tlhoka go tswelela pele re dira dilo tseo tse tharo gore re tle re sujwe ka letsatsi leo. Re tshwanetse go batla Jehofa, go batla tshiamo, le go batla kgobalalo.

9. Batho ba ba batlang kgobalalo ba duelwa jang?

9 Abo tuelo ya go batla kgobalalo e le kgolo jang ne! Re bala jaana mo go Pesalema kgaolo 37, temana 9 go ya go 11: “Ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe. Gonne e tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna . . . Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.” Mme go tweng ka go batla tshiamo? Temana 29 ya re: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” Fa e le kaga go batla Jehofa, ditemana 39 le 40 di re bolelela jaana: “Polokō ea basiami e cwa mo go Yehofa: ke èna kagō ea bōnè e e thata ea phemèlō mo motlheñ oa khuduègō. Yehofa oa ba thusa, oa ba halodisa: o ba halodisa mo baikepiñ, a ba boloke, ka go bo ba tshabetse mo go èna.”

10. Ke bomang bao go itsegeng thata gore ba gana go batla Jehofa le go batla kgobalalo?

10 Dikereke tsa Labokeresete di paletswe ke go batla Jehofa. Baruti ba tsone ba bile ba gana leina la gagwe le le tlotlegang, ba le tlosa mo dithanolong tsa bone tsa Bibela ka boikgodiso. Ba itlhophela go obamela Morena kana Modimo o o senang leina le go tlotla Tharonngwe ya boheitane. Mo godimo ga moo, Labokeresete ga e batle tshiamo. Balatedi ba yone ba le bantsi ba tshela botshelo jwa go leseletsa dilo kana ba a bo tshegetsa. Go na le go batla kgobalalo jaaka Jesu a ne a dira, ka sekai, ba itshupa gore ba tshela botshelo jwa manobonobo jo gantsi bo a bong bo tletse boitsholo jo bo maswe ba bo supa mo thelebisheneng. Baruti ba ikhumisa ka matsomane a bone. Fela jaaka mafoko a a mo go Yakobe 5:5 a bontsha, ba “tshela ka monate mo letlepuñ, [ba] ikgatlha.” Fa letsatsi la ga Jehofa le ntse le atamela, kwantle ga pelaelo ba tla lemoga gore mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a a dira mo go bone: “Dikhumō ga di thuse sepè mo tsatsiñ ya bogale.”—Diane 11:4.

11. Monna wa boleo ke mang, mme o ipaketse molato o mogolo wa madi jang?

11 Jaaka moaposetoloi Paulo a anela mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi lo a neng a lo kwaletse Bathesalonia, mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Bakeresete bangwe ba ne ba itumela, ba gopola gore letsatsi la ga Jehofa le ne le tlile. Mme lefa go ntse jalo Paulo o ne a tlhagisa gore pele go ne go tshwanetse ga tla botenegi jo bogolo, le gore “monna oa boleo” o ne a tla senolwa pele. (2 Bathesalonia 2:1-3) Jaanong, mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, re kgona go lemoga kafa botenegi joo bo leng bogolo ka gone le kafa baruti ba Labokeresete ba leofang ka gone fa pele ga matlho a Modimo. Mo malatsing ano a bofelo fa e sale go tloga ka 1914, baruti ba ile ba itirela molato o mogolo wa madi ka go ema nokeng ‘go thulwa ga megoma ditšhaka.’ (Yoele 3:10) Gape ba ile ba tswelela pele ka go ruta dithuto tsa maaka, tse di tshwanang le go sa sweng ga moya wa motho, pakatori, go tlhokofadiwa mo diheleng tsa molelo, go kolobediwa ga masea, Tharonngwe, le dilo tse dingwe tse di ntseng jalo. Ba tla ema fa kae fa Jehofa a diragatsa tshwetso ya gagwe ya kafa a ba atlhotseng ka teng? Diane 19:5 e bolela jaana: “Eo o bilolañ maaka ga a ketla a halola.”

12. (a) “Magodimo” a setho le “lehatshe” la setho tseo di tla tlogang di nyelediwa ke eng? (b) Go senngwa go go tlang ga lefatshe le le boikepo leno go re ruta eng?

12 Re bala jaana mo go 2 Petere 3:10, (NW): “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, mme ka lone magodimo a tla feta ka mosumo o mogolo, mme dikarolo tsa one ka di tla bo di le molelo thata di tla nyerologa, mme lefatshe le ditiro tsa lone di tla upololwa.” Mebuso e e boikepo eo e ntseng e khurumeditse setho jaaka magodimo, mmogo le dikarolo tsotlhe tseo di bopang mokgatlho wa gompieno wa batho o o senyegang, di tla tlosiwa mo lefatsheng la Modimo. Badiri le barekisi ba dibetsa tsa letsatsi la bofelo, batho ba ba bonang madi ka go tsietsa, badumedi ba ba itimokanyang le baruti ba bone, batho ba ba rotloetsang bosula, boikepo, le bokebekwa—botlhe ba tla nyelela. Ba tla lailwa ke bogale jwa ga Jehofa. Mme lefa go ntse jalo mo ditemaneng tsa 11 le 12, Petere o oketsa ka mafoko ano a a tlhagisang Bakeresete: “Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo.”

Mikaele O Simolola Tiro!

13, 14. Motlotlomatsi yo mogolo wa bolaodi jwa ga Jehofa ke mang, mme o sale a ntse a dira eng go tloga ka 1914?

13 Motho o tla falola jang ka “motlha oa khuduègō” wa ga Jehofa? Morongwa wa Modimo yo o falotsang batho ke moengele yo mogolo ebong Mikaele, yo leina la gagwe le kayang gore “Ke Mang Yo O Tshwanang le Modimo?” Ka mo go tshwanelang he, ke Ene yo o tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa, a ema Jehofa nokeng jaaka yo e leng ene fela Modimo wa boammaaruri ebile e le ene Morena Molaodi yo o tshwanelegang wa lobopo lotlhe.

14 Abo Tshenolō kgaolo 12, ditemana 7 go ya go 17 di tlhalosa ditiragalo tse di gakgamatsang jang ne tsa “letsatsi ya Morèna” fa esale go tloga ka 1914! (Tshenolō 1:10) Mikaele moengele yo mogolo o latlhela Satane wa motenegi go tswa kwa legodimong a mo latlhela mo lefatsheng. Moragonyana, jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolō kgaolo 19, ditemana 11 go ya go 16, mongwe yo go tweng “Boikañō le Boamarure” “o gata segatisecō sa boyalwa sa bogale yoa chakgalō ea Modimo Mothataeotlhe.” Motlhabani yono yo o maatla wa selegodimo o bidiwa “Kgosi ea dikgosi le Morèna oa barèna.” Sa bofelo, Tshenolō kgaolo 20, temana ya 1 le ya 2, di bolela kaga moengele mongwe yo mogolo yo o latlhelang Satane mo moleteng a bo a mo tswalelela mo go one ka lobaka lwa dingwaga di le sekete. Ka phepafalo, ditemana tseno tsotlhe di bolela ka Motlotlomatsi yo e leng ene fela wa bolaodi jwa ga Jehofa, ebong Morena Jesu Keresete, yo Jehofa a neng a mmaya mo setulong sa gagwe se se galalelang sa bogosi ka 1914.

15. Mikaele o tla tloga a ‘ema’ ka tsela efe e e kgethegileng?

15 Jaaka go boletswe mo go Daniele 12:1, Mikaele o ntse a ‘emetse’ batho ba ga Jehofa fa esale a tlhomiwa jaaka Kgosi ka 1914. Mme lefa go ntse jalo e tla re mo bogautshwaneng Mikaele o tla “èma” ka tsela e e kgethegileng tota—jaaka Morongwa wa ga Jehofa fa a tla bo a tlosa bosula jotlhe jo bo mo lefatsheng gape a direla jaaka Mogolodi wa setšhaba sa batho ba Modimo ba ba mo lefatsheng lotlhe. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:21, 22 a tlhalosa jaana kafa “motlha oa khuduègō” o tla bong o le mogolo ka gone: “Go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshahadiwa.”

16. Go tla bolokwa batho bafe ka sepitla se segolo?

16 Abo re ka itumela jang gore batho bangwe ba tla bolokwa ka nako eo! Nnyaa, eseng ba ba tshwanang le Bajuda ba ba sa utlweng bao ba neng ba kaeletswe mo Jerusalema ka 70 C.E., bao bangwe ba bone ba neng ba isiwa kwa Roma jaaka batlhanka. Go na le moo, bao ba falolang “motlha oa khuduègō” ba tla bo ba tshwana le phuthego ya Bakeresete eo e neng e setse e tshabile go tswa mo Jerusalema fa a dikaganyediwa lekgetlo la bobedi. E tla bo e le batho ba Modimo ka boone, ba boidiidi jo bogolo ba le dimilionemilione mmogo le batlodiwa bape fela bao ba ka tswang ba santse ba setse mo lefatsheng. (Daniele 12:4) Ba boidiidi jo bogolo ke “ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo.” Ka ntlha yang? Ka gonne “ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Ba dumela gore madi a ga Jesu a a tsholotsweng a ka kgona go ba rekolola mme ba bontsha tumelo eo ka go direla Modimo ka boikanyegi. Le eleng gone jaanong, Jehofa, yo eleng ene “eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi,” o tsharolola motlaagana wa gagwe o o sireletsang mo godimo ga bone, fa Kwana, Keresete Jesu, a ba disa le go ba kaela a ba isa kwa metsweding ya metsi a botshelo.—Tshenolō 7:14, 15.

17. Ba boidiidi jo bogolo segolobogolo ba kgothadiwa gore ba dire jang gore ba tle ba sujwe ka motlha o o tlang wa khuduego?

17 Fa ba boidiidi jo bogolo ba ba dimilione ba ntse ba batla Jehofa, tshiamo, le kgobalalo, ga ba a tshwanela le ka motlha go letla lorato lwa bone lwa ntlha lwa boammaaruri gore lo tsidifale! Fa o le mongwe wa batho bano ba seka dinku o tshwanetse wa dira eng? Jaaka go boletswe mo go Bakolosa kgaolo 3, ditemana 5 go ya go 14, o tshwanetse gore o “[apole] motho oa bogologolo le ditihō tsa gagwè” gotlhelele. Leka go ‘apara motho yo mosha, yo o theilweng mo kitsong e e tlhomameng,’ o ntse o kopa Modimo gore o go thuse. Nna tlhaga o bo o ipoloke o le tlhaga o ntse o ikokobeditse o baka Jehofa le go itsise ba bangwe maikaelelo a gagwe a a molemo. Ka jalo, o ka nna wa sujwa ka “motlha oa khuduègō,” letsatsi la “bogale yoa ga Yehofa.”

18, 19. Go itshoka go ile ga nna botlhokwa jang gore motho a bolokwe?

18 Letsatsi leo le gaufi! Le itlhaganelela kwa go rona. Go phutha batho ba boidiidi jo bogolo go ntse go tswelela pele ka lobaka lo jaanong e leng lwa dingwaga di ka nna 57. Bontsi jwa bone bo sule mme bo letetse go tsosiwa. Mme lefa go ntse jalo re tlhomamisediwa ke boperofeti jwa ga Tshenolō gore jaaka setlhopha boidiidi jo bogolo bo tla tswa mo sepitleng se segolo e le motheo wa setšhaba sa “lehatshe ye lesha.” (Tshenolō 21:1) A o tla bo o le teng? Seo se ka kgonega, ka gonne Jesu o bolela jaana mo go Mathaio 24:13: “Eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna eouō o tla bolokwa.”

19 Dikgatelelo tse batho ba ga Jehofa ba nnang le tsone mo tsamaisong eno e kgologolo di ka nna tsa tswelela pele di oketsega. Mme fa sepitla se segolo se se utlwisang botlhoko se itaya, o ka nna wa boga thata. Mme lefa go ntse jalo o nne o ntse o le gaufi le Jehofa le phuthego ya gagwe. Nna o thantse! “Ntetañ, go bua Yehofa, go tsamaea letsatsi le hitlha ye ke tla nanogèlañ thopō ka yeōna: gonne boikaèlèlō yoa me ke go phutha merahe, gore ke kokwanyè magosi, go tla ke gorometsa chakgalō ea me mo go aōna, eboñ bogale yoa me yotlhe yo bo hisañ; gonne lehatshe yeotlhe le tla lailwa ke molelō oa lehuha ya me.”—Sefania 3:8.

20. Jaaka fa “motlha wa khuduègō” o o konelang ditiragalo o ntse o atamela, re tshwanetse go dira eng?

20 Jehofa o ile a sireletsa le go kgothatsa batho ba gagwe ka bopelonomi ka go ba naya “puō e e itshekileñ,” eo e akaretsang molaetsa o o molemo wa Bogosi jwa gagwe jo bo tlang, “gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Sefania 3:9) Jaaka “motlha oa khuduègō” o o konelang ditiragalo o ntse o atamela, a re direleng ka matlhagatlhaga, re thusa bakgobaladi ba bangwe gore ba ‘bitse leina la ga Jehofa’ mme ba bolokwe.

A O A Gakologelwa?

◻ Jehofa o tla tsaya kgato efe pele a tlisa kagiso mo lefatsheng?

◻ Go ya ka Yoele, motho o tshwanetse a dira eng gore a tle a bolokwe?

◻ Go ya ka Sefania, ba ba ikgobalatsang ba ka sirelediwa jang mo bogaleng jo bo fisang jwa ga Jehofa?

◻ “Monna oa boleo” ke mang, mme o ipaketse molato wa madi jang?

◻ Boitshoko bo botlhokwa go le kana kang gore motho a bolokwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela