LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 4/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o A Gakologelwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Mashi a Mmê
    A di Dirilwe ke Mongwe?
  • “Molao wa ga Jehofa o Itekanetse”
    Atamalana le Jehofa
  • Molao wa Pele ga Keresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 4/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Re ka ithuta eng mo molaong o o fitlhelwang mo go Ekesodo 23:19: “O se ka wa bedisa potsane ka mashi a mmaayone”?

Taelo eno ya Molao wa ga Moshe e e tlhagang gararo mo Baebeleng e ka re thusa go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang se se tshwanetseng ka yone, kutlwelobotlhoko ya gagwe le bopelonomi jwa gagwe. Gape e gatelela kafa a tlhoileng kobamelo ya maaka ka gone.—Ekesodo 34:26; Duteronome 14:21.

Go bedisa potsane kgotsa phologotswana le fa e ka nna efe ka mashi a mmaayone go tla bo go sa dumalane le tsela ya tlholego e Jehofa a rulagantseng gore dilo di direge ka yone. Modimo o dirile gore mashi a podi a otle potsane le go e thusa gore e gole. Go ya ka mokanoki mongwe, go apaya potsane ka mashi a mmaayone go tla bo go bontsha “go sa tlotle kamano e Modimo a e dirileng a bo a e itshepisa fa gare ga podi le potsane.”

Mo godimo ga moo, bangwe ba akantsha gore go bedisa potsane ka mashi a mmaayone e ka tswa e ne e le moetlo o baheitane ba neng ba o dira go nesa pula. Fa e le gore seno e ne e le moetlo wa baheitane, thibelo eno e ne e tla sireletsa Baiseraele mo ditirong tsa bodumedi tse di senang tlhaloganyo le tse di setlhogo tse di neng di dirwa ke ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Molao wa ga Moshe o ne o thibela Baiseraele ka tlhamalalo gore ba se ka ba tsamaya mo melaong ya ditšhaba tseo.—Lefitiko 20:23.

Sa bofelo, molao ono o re bontsha kafa Jehofa a leng pelotlhomogi ka gone. Tota e bile, Molao o ne o na le ditaelo di le mmalwa tse di tshwanang le eno tse di neng di le kgatlhanong le go sotla diphologolo le tse di neng di thibela gore dilo di se ka tsa dirwa ka tsela e e seng ya tlholego e di rulaganyeditsweng gore di direge ka yone. Ka sekai, Molao o ne o akaretsa ditaelo tse di neng di thibela gore phologolo e se ka ya ntshiwa setlhabelo fa e ise e nne le mmaayone bogolo malatsi a le supa, mme gape o ne o thibela go bolaya phologolo mmogo le ngwana wa yone ka letsatsi le le lengwe fela, le go tsaya nonyane mmogo le mae a yone kana bana ba yone mo sentlhageng ka nako e le nngwe fela.—Lefitiko 22:27, 28; Duteronome 22:6, 7.

Go bonala sentle gore Molao e ne e se lenaane fela la ditaelo le dithibelo tse di raraaneng. Gareng ga dilo tse dingwe, melaometheo ya one e re thusa go godisa tsela e e siameng e re itshwarang ka yone e e bontshang gore re na le dinonofo tsa ga Jehofa tse di molemolemo.—Pesalema 19:7-11.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

© Timothy O’Keefe/Index Stock Imagery

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela