LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 7/1 ts. 31
  • Tumelo ya Gagwe e Kgothatsa ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tumelo ya Gagwe e Kgothatsa ba Bangwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Batla ka Lobaka lo Loleele go a Duelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Ga ke Ise ke Tsamaye ke Ratwe Jaana”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • “Ke Bolokile Tumelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 7/1 ts. 31

Tumelo ya Gagwe e Kgothatsa ba Bangwe

FA Silvia a tsholwa ka December 1992, o ne a lebega e le mosetsanyana yo o itekanetseng sentle mo mmeleng. Mme fa a le dingwaga di le pedi, go ne ga fitlhelwa gore o na le bolwetse jwa cystic fibrosis e leng bolwetse jo bo sa alafegeng jo bo dirang gore motho a nne le mathata a magolo a go hema le a go sila dijo. Gore Silvia a kgone go lebana le bolwetse jwa gagwe, o nwa dipilisi di le 36 letsatsi le letsatsi, o gopa molemo ka seporei e bile o a sidilwa. E re ka nonofo ya makgwafo a gagwe a kgona go tshola selekanyo sa diperesente di le 25 fela sa se se tlwaelegileng, o tshwanelwa ke gore a dirise tanka ya okosejene, tota le fa a ya golo gongwe.

Mmaagwe e bong Teresa o bolela jaana: “Ruri go a gakgamatsa kafa Silvia a kgonang go lebana le bolwetse jono ka gone. O na le tumelo e e nonofileng gonne a thusiwa thata ke kitso e a nang le yone ya Dikwalo. Tumelo ya gagwe e mo thusa go lebana le khutsafalo le botlhoko jo a bo utlwang. Ka dinako tsotlhe o gakologelwa tsholofetso ya ga Jehofa ya lefatshe le lesha le kwa go lone batho botlhe ba ba lwalang ba tla fodisiwang.” (Tshenolo 21:4) Ka dinako dingwe fa ba lelapa la gagwe ba nyemile mooko, monyenyo wa ga Silvia o o supang tsholofelo o a ba nonotsha. O bolelela batsadi ba gagwe le morwarraagwe gore: “Botshelo kwa lefatsheng le lesha bo tla duelela botlhoko jotlhe jo re bo utlwang gone jaanong.”

Ka metlha Silvia o bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tse di mo Lefokong la Modimo, mme batho ba a buang le bone ba bona kafa sefatlhego sa gagwe se tsabakelang boitumelo le boipelo ka gone. Maloko a phuthego ya Bakeresete e a kopanelang kwa go yone kwa Ditlhaketlhakeng tsa Canary le bone ba itumelela thata go reetsa dikakgelo tsa gagwe le go bona kafa a nnang le seabe ka gone. Morago ga dipokano dingwe le dingwe, Silvia o rata go sala kwa Holong ya Bogosi gore a tlotle le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete. Tsela e a leng botsalano le e a itumetseng ka yone di tlhotlheleditse mongwe le mongwe mo phuthegong gore a mo rate.

Rraagwe e bong Antonio a re: “Silvia o re ruta thuto ya botlhokwatlhokwa. Le fa re na le mathata re tshwanetse go anaanela botshelo gonne e le mpho e e tswang kwa Modimong.” Fela jaaka Silvia, batlhanka botlhe ba Modimo—ba bannye le ba bagolo—ba letile ka tlhoafalo nako e ka yone go tla bong go se “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Silvia o balela motho temana ya Baebele fa mmaagwe a ntse a mo tsholetse tanka ya okosejene

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela