LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 12/15 ts. 3
  • Moya wa Keresemose—A o Ka Nna Teng Ngwaga Yotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Moya wa Keresemose—A o Ka Nna Teng Ngwaga Yotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tshimologo ya Keresemose ya Motlha wa Segompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Keresemose e Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Batla Moya wa Keresemose
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Ke ka Ntlha Yang fa Keresemose—E Ratiwa Jaana Kwa Japane?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 12/15 ts. 3

Moya wa Keresemose—A o Ka Nna Teng Ngwaga Yotlhe?

“Kgalalelo e nne go Modimo kwa bogodimong jo bo kwa godimo, mme mo lefatsheng go nne kagiso gareng ga batho ba ba amogelwang.”—Luke 2:14.

BATHO ba bantsi ba tlwaetse mafoko ano a baengele ba Modimo fa ba ne ba begela badisa ba ba neng ba tlhokometse matsomane a bone bosigo ka botsalo jwa ga Jesu. Ka nako e dikereke di reng Jesu o tshotswe ka yone, Bakeresete ba bantsi ba dira maiteko a magolo gore ba tokafatse boitshwaro jwa bone. Ka nako eno go a ipelwa, go nna le kagiso e bile go direlwa batho ba bangwe dilo tse di molemo—e leng dilo tse di umakiwang mo mafokong a moengele—mme seno gantsi se bidiwa moya wa Keresemose.

Go bontsha ba bangwe lorato jalo go kgatlha le batho ba ba sa tseyeng Keresemose e le letsatsi la bodumedi. Le bone ba itumelela moya wa lorato o o renang ka nako ya Keresemose. Kwa mafelong a kwa go one batho ba sa yeng tirong le sekolong ka letsatsi la Keresemose, ba a ikhutsa, ba nna le ba malapa a bone le ditsala, kana ba ijesa monate fela. Mme gone, batho ba bantsi ba ba dipelo di phepa ba tsaya Keresemose e le nako ya go tlotla Jesu Keresete.

Go sa kgathalesege gore batho ba leba Keresemose jang ka ditsela tse di farologaneng, ba bantsi ba dumela gore moya o montle o o nnang teng ka nako eo o felela fela mo phefong. Batho ba boela ka bonako kwa boitshwarong jwa bone jo bo tlwaelegileng. Tlhamo nngwe e e nang le setlhogo se se reng “Moya wa Keresemose,” e e gatisitsweng ke Royal Bank of Canada, e ne ya re: “Batho ba bantsi ba ba ipitsang Bakeresete ba tshwanelwa ke go bidiwa jalo fela ka dibeke di le mmalwa ngwaga le ngwaga, e leng nako e ka yone ba direlang batho ba bangwe molemo thata, mme go tswa foo fa ngwaga o mosha o sena go simologa ba boela kwa mekgweng ya bone ya bopelotshetlha le ya go sa utlwele batho ba bangwe botlhoko.” Lekwalo leo le ne la tswelela la re, “totatota se se sa itumediseng” ka moya wa Keresemose, ke gore batho ga ba nne le moya oo “ngwaga yotlhe.”

Go sa kgathalesege gore a o dumelana le seo kana nnyaa, go tsoga dipotso tsa botlhokwa. A batho ba tla tsamaya ba kgona go bontsha ba bangwe bopelotshweu le go nna le kutlwano ka bosakhutleng? A go na le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo ya gore mafoko a moengele a a buileng mo bosigong jo Jesu a tshotsweng ka jone a tla diragala? Kana a go nna le tsholofelo ya gore go tla nna le kagiso ya boammaaruri ke toro fela?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela