LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 6/15 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Losika Lwa Noga—Lo Senolwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ke ka Ntlha Yang fa Satane A ne A ka Dirisa Noga Go Bua Le Efa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Go Senola Noga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 6/15 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A noga e e neng ya bua le Efa e ne e na le maoto?

Jaaka fa go begilwe mo go Genesise 3:14, Jehofa Modimo o ne a bua le noga e e tsieditseng Efa kwa tshimong ya Edene. Modimo o ne a re: “Ka gonne o dirile selo seno, o hutsegile mo diruiweng tsotlhe le mo diphologolong tsotlhe tsa naga. O tla gopa ka mpa ya gago mme o tla ja lorole malatsi otlhe a botshelo jwa gago.” Baebele ga e bue ka tlhamalalo gore phologolo e e dirisitsweng go raela Efa e kile ya bo e na le maoto pele mme ya se ka ya tlhola e nna le one moragonyana. Le fa gone mafoko a Genesise 3:14 a ka dira gore bangwe ba akanye jalo, ga re a tshwanela go swetsa ka gore dinoga di ne di na le maoto pele ga phutso eno. Ka ntlha yang?

Ka gonne Satane—mowa o o sa bonaleng o o dirisitseng phologolo eo ya maemo a a kwa tlase—ke ene yo totatota Jehofa a neng a mo atlhola. Baebele e tlhalosa Satane e le “ramaaka” le “noga ya kwa tshimologong.” Go bonala mareo ano ka bobedi, a lebisitswe mo go Satane fa a ne a dirisa noga phologolo e e bonalang go raela Efa gore a tlole taelo ya Modimo.—Johane 8:44; Tshenolo 20:2.

Modimo o bopile dinoga, mme go bonala fa Adame a ile a di naya leina la tsone pele ga fa Satane a tsietsa batho. Noga e e sa kgoneng go akanya, e e neng ya bua le Efa tota e ne e se yone e e neng e mo tsietsa. E re ka e ne e sa itse gore Satane o a e dirisa, e ne e ka se tlhaloganye katlholo e Modimo a neng a atlhola batho bano ba ba molato ka yone.

Ke ka ntlha yang, he, fa Modimo a ile a bua ka go kokobediwa ga noga ka tsela e e ntseng jalo? Tsela e noga e itshwarang ka yone ka tlholego, go gopa ka mpa le go tla e ntsha loleme e kete e latswa lorole, e tshwanela sentle boemo jo bo kokobeditsweng jwa ga Satane. E re ka a ne a na le maemo a a kwa godimo e le mongwe wa baengele ba Modimo, o ne a isiwa mo maemong a a kwa tlase a Baebele e a bitsang gore ke Tatarase.—2 Petere 2:4.

Mo godimo ga moo, fela jaaka noga ya mmatota e ka gobatsa motho mo seretheng, Satane a le mo maemong a gagwe a a kokobeditsweng o ne a tla ‘gobatsa serethe’ sa “losika” lwa Modimo. (Genesise 3:15) Karolo ya konokono ya losika loo e itshupile e le Jesu Keresete, yo a neng a bogisiwa ka nakwana ke baemedi ba ga Satane. Kwa bofelong, tlhogo ya tshwantshetso ya noga e tla tapetelwa ruri ke Keresete le balekane ba gagwe ba Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsositsweng mo baswing. (Baroma 16:20) Ka jalo, fa Modimo a ne a hutsa noga e e bonalang, o ne a bontsha ka tsela e e tshwanelang sentle go kokobediwa le go nyelediwa ruri ga “noga ya kwa tshimologong” e bong Satane Diabolo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela