LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 5/1 ts. 24
  • O Tlhaloganya Kafa re Utlwang Botlhoko ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Tlhaloganya Kafa re Utlwang Botlhoko ka Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dimilione Tse Jaanong Di Suleng Di Tla Tshela Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tsholofelo ya Mmatota ka Ba Ba Tlhokafetseng
    Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala
  • Ithute mo Kgannyeng Ya go Bo Jesu a Ile a Lela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 5/1 ts. 24

Atamalana le Modimo

O Tlhaloganya Kafa re Utlwang Botlhoko ka Gone

Johane 11:33-35

“KUTLWELOBOTLHOKO ke bokgoni jwa go tlhaloganya botlhoko jwa ba bangwe.” Eno ke tsela e morongwa mongwe yo o godileng wa Basupi ba ga Jehofa a kileng a tlhalosa nonofo eno e e molemo ka teng. Jehofa Modimo ke sekai se segolo sa kutlwelobotlhoko. O utlwa botlhoko jo batho ba gagwe ba bo bogang. Re ka tlhomamisega jang ka seo? Kutlwelobotlhoko e e lorato ya ga Jehofa e ne ya bonala sentle ka botlalo mo mafokong le mo ditirong tsa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. (Johane 5:19) Ka sekai, akanya ka tiragalo e e tlhalositsweng mo go Johane 11:33-35.

Fa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro a ne a swa ka tshoganyetso, Jesu o ne a ya kwa motseng wa gaabo Lasaro. Go a utlwala go bo bokgaitsadie Lasaro e bong Marea le Maratha ba ne ba hutsafetse thata jaana. Jesu o ne a rata lelapa leno fela thata. (Johane 11:5) Jaanong o ne a tla dirang? Pego ya re: “Jesu, . . . e rile a mmona [Marea] a lela le Bajuda ba ba neng ba tla le ene ba lela, a fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega; mme a re: ‘Lo mo laditse kae?’ Ba mo raya ba re: ‘Morena, tla o bone.’ Jesu a tsholola dikeledi.” (Johane 11:33-35) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a lela? Ke boammaaruri gore tsala ya gagwe e a neng a e rata thata e bong Lasaro e ne a sule mme gone Jesu o ne a tlile go dirolola seo ka go mo tsosa mo baswing. (Johane 11:41-44) A go ne go na le sengwe gape se se neng se utlwisitse Jesu botlhoko?

Leba gape mafoko a a nopotsweng fa godimo. Ela tlhoko gore fa Jesu a bona Marea le ba ba neng ba na le ene ba lela, o ne a “fegelwa” mme a “tshwenyega.” Lefoko la puo ya ntlha le le dirisitsweng fano le kaya maikutlo a a boteng.a Jesu o ne a amilwe thata ke se a neng a se bona. Kutlobotlhoko e Jesu a neng a le mo go yone e ne e bonala sentle mo matlhong a gagwe a a geletseng dikeledi. Go bonala sentle gore Jesu o ne a amilwe ke tsela e ba bangwe ba neng ba utlwile botlhoko ka yone. A le wena o kile wa ledisiwa ke go bona mongwe yo o mo ratang a lela?—Baroma 12:15.

Kutlwelobotlhoko ya ga Jesu e re thusa go ithuta dinonofo le ditsela tsa ga Rragwe e bong Jehofa. Gakologelwa gore Jesu o ne a bonatsha dinonofo tsa ga Rragwe ka botlalo mo a neng a kgona go re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Ka jalo, fa re bala gore “Jesu [o ne a] tsholola dikeledi,” re ka tlhomamisega gore Jehofa o utlwa botlhoko jo baobamedi ba gagwe ba bo utlwang. Tota e bile bakwadi bangwe ba Baebele ba tlhomamisa ntlha eno. (Isaia 63:9; Sekarea 2:8) A bo Jehofa e le Modimo yo o kutlwelobotlhoko jang ne!

Batho ba ba kutlwelobotlhoko ba a ratega. Fa re kgobegile marapo kgotsa re ikutlwa re tshwenyegile thata mo maikutlong, re atamela motho yo o tla tlhaloganyang seemo sa rona le yo o tla re utlwelang botlhoko. A bo re atamalana thata jang ne le Jehofa, Modimo yo o pelotlhomogi yo o utlwang botlhoko jwa rona le yo o tlhaloganyang lebaka la go bo re lela!—Pesalema 56:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore go “tsholola dikeledi” gantsi le kaya “go lelela kwa tlase,” fa lefoko le le dirisitsweng go tlhalosa selelo sa ga Marea le ba bangwe lone, le ka tswa le kaya “go bokolela.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela