LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 9/15 ts. 32
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo Jesu A ne A Diega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Dimilione Tse Jaanong Di Suleng Di Tla Tshela Gape
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Jesu o Tsosa Lasaro
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 9/15 ts. 32
[Setshwantsho mo go tsebe 32]

DIPOTSO TSE DI TSWANG KWA BABADING

Ke eng fa Jesu a ile a lela pele ga a tsosa Lasaro, jaaka go tlhalositswe mo go Johane 11:35?

Ke ga tlholego fela gore re lele fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala, e re ka re tla mo tlhologelelwa. Le fa gone Jesu a ne a rata Lasaro, o ne a sa lele ka gonne Lasaro a sule. O ne a lela ka gonne a ne a utlwela botlhoko ba lelapa la ga Lasaro le ditsala tsa gagwe, jaaka ditemana tse di dikologileng pego eo ya ga Johane di bontsha.—Joh. 11:36.

Lekgetlho la ntlha fa Jesu a ne a utlwa gore Lasaro o a lwala, ga a ka a itlhaganelela go ya go mo fodisa. Pego eo ya re: “E rile [Jesu] a utlwa gore [Lasaro] o ne a bobola, foo a nna malatsi a le mabedi mo lefelong le a neng a le mo go lone.” (Joh. 11:6) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a diega? O ne a na le lebaka la go dira jalo. O ne a re: “Pobolo eno ga se e e tla felelang ka loso mme ke ya kgalaletso ya Modimo, gore Morwa Modimo a tle a galalediwe ka yone.” (Joh. 11:4) Bolwetse jwa ga Lasaro e ne e se jo bo ka “felelang” ka loso. Jesu o ne a ikaeletse go dirisa loso lwa ga Lasaro ‘go galaletsa Modimo.’ Jang? Jesu o ne a tloga a dira kgakgamatso e kgolo ka go tsosa tsala ya gagwe e a e ratang.

Fa Jesu a ne a bua le barutwa ba gagwe mo lekgetlhong leno, o ne a tshwantsha loso le boroko. Ke gone ka moo a neng a ba bolelela gore, o ‘tsaya loeto go ya gone gore a tsose Lasaro mo borokong.’ (Joh. 11:11) Fa Jesu a ne a tsosa Lasaro mo losong go ne go tshwana le fa motsadi a tsosa ngwana wa gagwe mo borokong. Ka jalo, go ne go se na lebaka la gore a utlwisiwe botlhoko ke loso lwa ga Lasaro.

Ka jalo, ke eng se se dirileng gore Jesu a tsholole dikeledi? Le mo ntlheng eno, pego eo e re naya karabo. Fa Jesu a ne a bona kgaitsadia Lasaro e bong Maria mmogo le ba a neng a na le bone ba lela, o ne a “fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega.” Fa Jesu a bona kafa ba neng ba hutsafetse ka gone o ne a utlwa botlhoko mo a neng a “fegelwa mo moyeng.” Ke lone lebaka le le dirileng gore ‘Jesu a lele.’ Jesu o ne a utlwisiwa botlhoko thata ke go bona ditsala tsa gagwe tse a neng a di rata di hutsafetse thata.—Joh. 11:33, 35.

Pego eno e re bontsha gore Jesu o na le maatla le bokgoni jwa go tsosa baratiwa ba rona ba ba suleng le go ba naya botsogo jo bo itekanetseng mo lefatsheng le lesha le le tlang. Gape e re thusa go lemoga gore Jesu o utlwela botlhoko batho ba baratiwa ba bone ba tlhokafetseng ka ntlha ya loso lo lo bakilweng ke Adame. Sengwe gape se re ka ithutang sone mo pegong eno ke gore, re tshwanetse go utlwela botlhoko batho ba ba hutsafetseng ka ntlha ya go tlhokafalelwa ke baratiwa ba bone.

Jesu o ne a itse gore o tlile go tsosa Lasaro. Le fa go ntse jalo, o ne a lela ka gonne a ne a rata ditsala tsa gagwe thata e bile a di utlwela botlhoko. Ka tsela e e tshwanang, kutlwelobotlhoko e ka dira gore le rona re ‘lele le batho ba ba lelang.’ (Bar. 12:15) Fa motho a hutsafetse, ga go reye gore ga a dumele mo tsholofelong ya tsogo. Ka jalo, ruri go ne go tshwanela gore Jesu a re tlhomele sekao sa go bontsha batho ba ba swetsweng kutlwelobotlhoko, ka gore a lele le fa a ne a tlile go tsosa Lasaro.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela