LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 11/1 ts. 16-17
  • Ka Tsholofelo ya Baswi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka Tsholofelo ya Baswi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Lwala e Bile re Swa?
  • Ke ka Ntlha Yang fa Jesu A ne A Swa?
  • Go Direga Eng fa Motho a Swa?
  • Tsholofelo ke Efe ka Baswi?
  • Go Tla Direga Eng fa re Swa?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Lebaka La go Bo Jesu A ne A Diega
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Potso 2: Go Tla Direga Eng ka Nna fa ke Swa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 11/1 ts. 16-17

Se re Ithutang Sone mo go Jesu

Ka Tsholofelo ya Baswi

Jesu o ne a tsosa batho ba le bararo, ka tsela eno a bontsha gore go na le tsholofelo ka baswi. (Luke 7:11-17; 8:49-56; Johane 11:1-45) Gore re kgone go tlhaloganya tsholofelo ka baswi, re tshwanetse go tlhaloganya pele gore ke eng se se bakang loso le gore lo simolotse kae.

Ke ka Ntlha Yang fa re Lwala e Bile re Swa?

Fa Jesu a ne a itshwarela batho maleo a bone, ba ne ba fola. Ka sekai, fa Jesu a kopana le monna yo o suleng ditokololo o ne a mo raya a re: “‘Ke eng se se motlhofo segolo, go re, Maleo a gago a itshwaretswe, kgotsa go re, Nanoga o tsamaye? Le fa go ntse jalo, e le gore lo itse gore Morwa motho o na le taolo mo lefatsheng ya go itshwarela maleo—’ foo a raya yo o suleng ditokololo a re: ‘Nanoga, tsaya bolao jwa gago, mme o ye kwa legaeng la gago.’” (Mathaio 9:2-6) Ka jalo bolwetse le loso di bakwa ke boleo. Re ruile boleo mo monneng wa ntlha, Adame.—Luke 3:38; Baroma 5:12.

Ke ka Ntlha Yang fa Jesu A ne A Swa?

Jesu ga a ise a ko a leofe. Ka jalo, o ne a sa tshwanela go swa. Jesu o ne a duela tlhwatlhwa ya maleo a rona ka go re swela. O ne a re madi a gagwe a ne a tla ‘tshololelwa ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’—Mathaio 26:28.

Gape Jesu o ne a re: ‘Morwa motho o ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.’ (Mathaio 20:28) Jesu o ne a re tlhwatlhwa e a neng a e duela ke “thekololo” ka gonne e golotse batho mo losong. Gape o ne a re: “Ke tlile gore ba tle ba nne le botshelo mme ba tle ba nne le jone ka letlotlo.” (Johane 10:10) Re tshwanetse go itse gore baswi ba mo boemong bofe gore re tlhaloganye ka botlalo tsholofelo e re nang le yone ka bone.

Go Direga Eng fa Motho a Swa?

Fa tsala ya ga Jesu e bong Lasaro a tlhokafala, Jesu o ne a tlhalosa gore go direga eng fa motho a swa. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “‘Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone [kwa Bethani] gore ke mo tsose mo borokong.’ . . . Ba ne ba ithaya ba re o ne a bua ka ga go ikhutsa mo borokong. Jalo, ka nako eo Jesu a ba bolelela ka tlhamalalo a re: ‘Lasaro o sule.’” Ka jalo, Jesu o ne a bontsha gore baswi ba robetse, ga ba utlwe sepe.—Johane 11:1-14.

Fa Jesu a ne a tsosa tsala ya gagwe Lasaro, o ne a setse a na le malatsi a le manè a tlhokafetse. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bue sepe ka se Lasaro a neng a re se mo diragaletse ka nako eo. Fa Lasaro a ne a tlhokafetse, o ne a sa utlwe sepe e bile a sa itse sepe.—Moreri 9:5, 10; Johane 11:17-44.

Tsholofelo ke Efe ka Baswi?

Baswi ba tla tsoga ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri. Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe [Jesu] ka yone mme ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.

Tsholofelo eno e bontsha lorato lwa Modimo. Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16; Tshenolo 21:4, 5.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 6 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?a

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela