Tsa Basha
Batho ba ba Logang Leano la go Bolaya ke Bone ba ba Swang!
Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.
AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA DANIELE 6:1-28.
O akanyang? Dario ke motho wa mofuta mang? Tlhalosa gore o lebega jang fa o ntse o akanya ka ene. O akanya gore o ne a na le lentswe le le ntseng jang? (Bala gape temana 14, 16, 18-20.)
․․․․․
Mongobo o ne o ntse jang, mme o ka re ditau di ne di ntse jang?
․․․․․
Tlhalosa se o akanyang gore se ne sa direga mo metsotsong e le mmalwa morago ga gore mongobo wa ditau o tswalwe Daniele a le mo teng.
․․․․․
DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.
Ke ka ntlha yang fa badiredi ba ga Dario ba ne ba fufegela Daniele? (Bala gape temana 3.)
․․․․․
Ke eng fa Daniele a ne a tlhopha go rapela mongwe le mongwe a mo lebile go na le gore a rapele mo sephiring? (Bala gape temana 10, 11.)
․․․․․
Ke eng fa Dario a ka tswa a ne a tsaya molao o o akantshitsweng o o kaga go rapela o kgatlha? (Bala gape temana 7.)
․․․․․
DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .
Go nna pelokgale fa o lebane le pogiso.
․․․․․
Botlhokwa jwa go rapela.
․․․․․
Tsela e Jehofa a tlhokomelang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka yone.
․․․․․
KE DIKAROLO DIFE MO PEGONG ENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?
․․․․․