LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 11/1 ts. 18
  • Kafa Paradaise e Latlhegileng ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa Paradaise e Latlhegileng ka Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba ba Logang Leano la go Bolaya ke Bone ba ba Swang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Emelana le Thaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tsogo ya ga Lasaro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 11/1 ts. 18

Tsa Basha

Kafa Paradaise e Latlhegileng ka Gone

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

AKANYA KA TIRAGALO E E DIREGANG.—BALA GENESISE 3:1-24.

O akanya gore Efa o ne a itshwara jang kwa tshimologong fa noga e ne e simolola go bua le ene?

․․․․․

E re ka Adame le Efa ba leofile ka boomo, o akanya gore ba ne ba ikutlwa jang, jaaka go begilwe mo temaneng ya 7-10?

․․․․․

O akanya gore go ne go ntse jang fa Adame le Efa ba ne ba lelekiwa mo tshimong ya Edene, jaaka go tlhalositswe mo temaneng ya 22-24?

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Se Efa a neng a se lebile se nnile le tlhotlheletso efe mo go leofeng ga gagwe? (Bala gape temana 6.)

․․․․․

Ke ka ntlha yang fa leungo leo e ne ya nna “selo se se eletsegang” mo go Efa? (Bala gape temana 4 le 5.)

․․․․․

Ke eng se se ka tswang se tlhotlheleditse Adame go kopanela le Efa mo boleong jwa gagwe? (Bala gape temana 6.)

․․․․․

Boleo bo ne bo tla ama jang kamano ya banna le basadi ka tsela e e botlhoko mo dikokomaneng tse di neng di tla latela? (Bala gape temana 16.)

․․․․․

Ke eng se se bontshang gore kamano ya ga Adame le Efa e ne ya senyega morago ga gore ba leofe? (Bala gape temana 12.)

․․․․․

Jehofa o ne a rarabolola jang bothata joo ka bonako gore boikaelelo jwa gagwe bo diragadiwe? (Bala gape temana 15.)

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Dikotsi tsa go nna le moya wa boitaolo.

․․․․․

Kafa matlho a ka tlhotlheletsang dikeletso tse di sa siamang ka gone.

․․․․․

Kafa go pega ba bangwe molato wa diphoso tsa rona go se nang mosola ka gone.

․․․․․

KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA MO GO WENA MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela