Modimo ke Mang?
O NE o ka araba potso eo jang? Bangwe ba akanya gore ba itse Modimo botoka—gore ke tsala e e atamalaneng thata le bone. Bangwe ba akanya gore Modimo o kgakala thata le bone. Ba dumela gore o teng mme ga ba mo itse go le kalo. Fa o dumela mo Modimong, o ne o ka araba dipotso tse di fa tlase fano jang?
1. A Modimo ke motho wa mmatota?
2. A Modimo o na le leina?
3. A Jesu ke Modimo Mothatayotlhe?
4. A Modimo o amega ka nna?
5. A Modimo o amogela madumedi otlhe?
Fa o ne o ka kopa batho gore ba arabe dipotso tseno, ba ne ba tla go araba ka ditsela tse di farologaneng. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo go na le ditlhamane le dikgopolo tse di sa siamang ka Modimo.
Lebaka La go Bo Dikarabo Tsa Dipotso Tseno di le Botlhokwa
Fa Jesu Keresete a ne a bua le mosadi yo o neng a dumela mo Modimong, yo o neng a kopana le ene kwa sedibeng, o ne a gatelela botlhokwa jwa go itse boammaaruri ka Modimo. Mosadi yono wa Mosamarea o ne a dumela gore Jesu e ne e le moporofeti. Le fa go ntse jalo, o ne a tshwenngwa ke sengwe. Bodumedi jwa ga Jesu bo ne bo farologane le jwa gagwe. Fa mosadi yono a ne a bua se se mo tshwenyang, Jesu o ne a mo raya a re: “Lona lo obamela se lo sa se itseng.” (Johane 4:19-22) Ga go pelaelo gore Jesu o ne a ruta gore ga se batho botlhe ba ba dumelang mo Modimong ba tota ba mo itseng.
A se Jesu a neng a se bua se kaya gore ga go na motho yo tota a ka itseng Modimo? Nnyaa. Go tswa foo, Jesu o ne a raya mosadi yono a re: ‘Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.’ (Johane 4:23) A o mongwe wa batho ba ba obamelang Modimo “ka moya le boammaaruri”?
Go botlhokwa thata gore o itse karabo ya potso eo. Ka ntlha yang? Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa kitso ya boammaaruri fa a ne a rapela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, gore o nne le tsholofelo ya botshelo mo isagweng go ikaegile thata ka gore o itse boammaaruri ka Modimo!
A tota go a kgonega go itse boammaaruri ka Modimo? Ee, go a kgonega! Ka jalo, o ka bo bona jang? Jesu o ne a bua jaana ka ene: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Mme gape o ne a re: “Gore Rara ke mang, ga go yo o itseng fa e se Morwa, le ene yo Morwa a ratang go mo mo senolela.”—Luke 10:22.
Ka jalo, tsela ya go itse Modimo e bonwa mo dithutong tsa ga Jesu Keresete, Morwa wa Modimo. Tota e bile, Jesu o re solofetsa jaana: “Fa lo nnela ruri mo dithutong tsa me, ruri lo barutwa ba me. Mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:31, 32, The Holy Bible—New International Version.
Ka jalo, Jesu o ne a tla araba jang dipotso tse tlhano tse di boditsweng kwa tshimologong?
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
A o obamela Modimo yo tota o sa mo itseng?