“Boammaaruri bo Tla lo Golola”
“Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” Jesu o ne a rialo ka nako ya fa a ne a ruta matshutitshuti a batho mo tempeleng kwa Jerusalema. (Johane 8:32) Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ka kgona go lemoga ka bonako gore dithuto tsa ga Jesu ke boammaaruri. Ba ne ba bone bosupi jo bontsi jwa gore morutisi yono wa bone o tswa kwa Modimong.
LE FA go ntse jalo, gompieno batho bangwe ba ka nna le bothata jwa go lemoga boammaaruri jo Jesu a neng a bua ka jone. Fela jaaka mo motlheng wa ga moporofeti Isaia, le gompieno go na le batho “ba ba bitsang bosula molemo, le molemo bosula; ba beye lefifi boemong jwa lesedi, le lesedi boemong jwa lefifi; ba beye bokgeme boemong jwa botshe, le botshe boemong jwa bokgeme.” (Isaia 5:20) E re ka gompieno go na le dilo tse dintsi tse batho ba ka di itlhophelang, difilosofi le mekgwa ya botshelo e e rotloediwang, batho ba le bantsi ba akanya gore dilo tsotlhe di a tshwana gore ga go na selo se go tweng ke boammaaruri.
Fa Jesu a ne a raya bareetsi ba gagwe a re boammaaruri bo tla ba golola, ba ne ba mo fetola ba re: “Re lotsalo lwa ga Aborahame mme ga re ise re ke re nne batlhanka ba ga ope. Go tla jang gore o re, ‘Lo tla gololesega’?” (Johane 8:33) Ba ne ba sa akanye gore ba tlhoka mongwe kana sengwe se se ka ba gololang. Mme Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo raya, Modiri mongwe le mongwe wa boleo ke motlhanka wa boleo.” (Johane 8:34) Boammaaruri jo Jesu a neng a bua ka jone bo ka golola motho mo boleong. Jesu o ne a re: “Fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota.” (Johane 8:36) Ka jalo boammaaruri jo bo gololang batho ke boammaaruri jo bo kaga Jesu Keresete, Morwa Modimo. Motho mongwe le mongwe a ka gololwa mo boleong le mo losong fa fela a dumela mo setlhabelong sa mmele o o itekanetseng wa ga Jesu.
Ka nako nngwe Jesu o ne a re: “Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Lefoko la Modimo le le kwadilweng mo Baebeleng ke boammaaruri jo bo ka gololang motho mo meetlong le mo kobamelong ya maaka. Baebele e tshwere boammaaruri jo bo malebana le Jesu Keresete, jo bo ka dirang gore batho ba dumele mo go ene mme ba nne le tsholofelo e e itumedisang ka isagwe. Go itumedisa tota go itse boammaaruri jwa Lefoko la Modimo!
Go itse boammaaruri go botlhokwa go le kana kang? Madumedi a le mantsi gompieno a tlhotlhelediwa thata ke difilosofi le dingwao tsa batho le mororo a ipolela gore a latela Baebele. Gantsi baeteledipele ba bodumedi ba lebega ba amegile thata ka go kgatlha batho go na le go ba ruta se e leng boammaaruri. Bangwe ba akanya gore Modimo o kgotsofalela kobamelo nngwe le nngwe fela, fa fela e dirwa ka tlhoafalo. Mme Jesu Keresete o ne a tlhalosa jaana: “Nako e etla, le jaanong e fitlhile, ya fa baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.”—Johane 4:23.
Fa re batla go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang, re tshwanetse go itse boammaaruri. Kgang eno e botlhokwa thata. Boitumelo jwa rona jwa bosakhutleng bo ikaegile ka yone. Ka gone, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A Modimo o amogela tsela e ke mo obamelang ka yone? A ruriruri ke kgatlhegela go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo? Kgotsa a ke tshaba go lebana le se go le ithuta ka kelotlhoko go ka nnang ga se senola?’