LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 3/1 ts. 3
  • “E ne E Ise e Nne Nako”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “E ne E Ise e Nne Nako”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senka Tlholelo ya Motho
    Tsogang!—1999
  • A fa Dikotsi di Tlhaga—E a Bo e Le Tlholelo Kana go Welwa Fela ke Maemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • A ke Tlholelo Kana go Itiragaletse Fela?
    Tsogang!—1999
  • Go na Le Nako ya Sengwe le Sengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 3/1 ts. 3

“E ne E Ise e Nne Nako”

Mokgweetsi wa teraka e kgolo ya matlakala o ne a palelwa ke go e laola. Teraka eno e ne ya tswa mo tseleng mme ya thula lekawana la dingwaga di le 23 le banyalani ba ba neng ba tsamaya fa thoko ga tsela. Go ya ka pego ya lokwalodikgang lwa New York City, banyalani bao ba ne ba swa ka ponyo ya leitlho mme lekawana leo lone la idibala. Fa a tsoga mme a bona se se diregileng, selo sa ntlha se a ileng a se bua ke go re: ‘Ga ke dumele se se diragetseng. Tsweetswee, Modimo nthuse.’ A bo a re: “E ne e ise e nne nako.”

GONGWE le wena o kile wa utlwa dikgang tse di tshwanang le tseno. Fa motho a falotse masetlapelo ka lesoba la nnale, batho ba re ‘E ne ise e nne nako ya gagwe,’ mme fa motho a swa mo kotsing e e sa tlwaelegang ba re, ‘E ne e le nako’ kgotsa ‘Ke thato ya Modimo.’ Le fa batho ba ka tswa ba dumela gore dilo tseno di direga ka go bo di laotswe go sa le gale kgotsa gore ke thato ya Modimo, tota botlhe ba dumela selo se se tshwanang. Batho ba le bantsi ba dumela gore dilo tse di diregang mo botshelong jwa bone le diphelelo tsa tsone di laotswe go sa le gale e bile ga go sepe se ba ka se dirang ka gone. Mme e bile ga ba ikutlwe jalo fela fa go na le loso kgotsa dikotsi; tota ga ba bolo go nna le boikutlo joo.

Ka sekai, Bababelona ba bogologolo ba ne ba dumela gore dilo tse batho ba di dirang di tlhotlhelediwa ke dinaledi le modikologo wa tsone. Ka jalo, ba ne ba leba ditshupo kwa legodimong gore di ba kaele. Bagerika le Baroma ba ne ba obamela medimo ya sesadi ya taolelogale, e maatla a yone a go bonelapele gore a motho o ne a tla diragalelwa ke selo se se molemo kgotsa se se bosula mo isagweng, a neng a bonala a feta a medimo ya bone e megolo, e bong Zeus le Jupiter ka dinako dingwe.

Kwa dinageng tsa botlhaba, Bahindu le Babuda ba dumela gore se se diragalelang motho gone jaanong ke diphelelo tsa se a se dirileng fa a ne a tshela mo nakong e e fetileng, mme se a se dirang gone jaanong se bontsha se se tla mo diragalelang mo botshelong jo bo tlang. Madumedi a mangwe—go akaretsa dikereke tse dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete—le one a dumela kgopolo eo ka gonne a ruta thuto ya taolelogale.

Ka jalo, ga go gakgamatse gore tota le mo motlheng wa rona mo go dumelwang gore batho ba tlhabologile e bile ba theile ditumelo le dikakanyo tsa bone mo mabakeng a a utlwalang, bontsi jwa batho ba dumela gore boemo jwa bone mo botshelong, se se ba diragalelang letsatsi le letsatsi le se se tla ba diragalelang kwa bofelong, tsotlhe di laotswe go sa le gale e bile ga go sepe se ba ka se dirang ka gone. A ke tsela e o ikutlwang ka yone ka botshelo? A dilo tse di diregang mo botshelong, go atlega le go palelwa—tota le go tsholwa le loso—di laotswe go sa le gale? A botshelo jwa gago bo laolwa ke taolelogale? Mma re bone kafa Baebele e ka re thusang ka gone go araba dipotso tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Ken Murray/New York Daily News

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela