LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 9/1 ts. 3
  • A Modimo o go Solofetsa Dikhumo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo o go Solofetsa Dikhumo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo jo bo Kgotsofatsang Tota mo Lefatsheng le Lesha la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Aborahame E ne E le Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A Modimo o re Segofatsa ka Dikhumo?
    Tsogang!—2003
  • Modimo o Leka Tumelo ya ga Aborahame
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 9/1 ts. 3

A Modimo o go Solofetsa Dikhumo?

‘Modimo o batla gore o hume—o nne le dikoloi tse dintsi le kgwebo e e atlegileng. Wena dumela fela mo go ene, o bule sepatšhe sa gago, o mo neye madi otlhe a o ka a kgonang.’

GO YA ka lokwalodikgang longwe lwa kwa Brazil, ditlhopha dingwe tsa bodumedi kwa Brazil di bolelela batho mafoko a a fa godimo. Batho ba le bantsi ba tsaya mafoko ano tsia. Morago ga gore batho ba ba reng ke Bakeresete ba botsolodiwe kwa United States, makasine wa Time o ne wa re: “Batho ba le diperesente di le 61 ba dumela gore Modimo o batla gore batho ba hume. Mme ba le diperesente di le 31 . . . bone ba dumela gore fa o naya Modimo madi a gago, o tla go segofatsa ka go go naya a mantsi.”

Dikgopolo tseno, tse gantsi di bidiwang dithuto tse di rutiwang kwa kerekeng tsa gore motho o tla huma, di ata thata kwa dinageng tsa Latin-America tse di jaaka Brazil mme batho ba ologela kwa dikerekeng tse di solofetsang batho gore Modimo o tla ba segofatsa ka dikhumo. Mme gone a tota Modimo o solofetsa gore o tla humisa batho ba ba mo direlang? A batlhanka botlhe ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ne ba humile?

Ke boammaaruri gore mo Dikwalong Tsa Sehebera gantsi re bala ka batho ba Modimo a neng a ba segofaditse ka dikhumo. Ka sekai, re bala jaana mo go Duteronome 8:18: “O gakologelwe Jehofa Modimo wa gago, ka gonne ke ene a go nayang maatla gore o dire khumo.” Seno se ne se tlhomamisetsa Baiseraele gore fa ba ne ba ka ikobela Modimo, o ne a tla dira gore e nne setšhaba se se humileng.

Go tweng ka motho ka bongwe? Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a humile thata, mme morago ga gore Satane a dire gore a humanege, Jehofa o ne a mmusetsa khumo ya gagwe e “menagane sebedi.” (Jobe 1:3; 42:10) Aborahame le ene o ne a humile. Genesise 13:2 ya re o ne a “na le leruo le lentsi la metlhape le selefera le gouta.” Fa mephato e e kopaneng ya sesole ya dikgosi tse nnè tsa Botlhaba e ne e thopa setlogolo sa ga Aborahame e bong Lote, Aborahame o ne a “phutha banna ba gagwe ba ba thapisitsweng, batlhanka ba le makgolo a mararo lesome le borobedi ba ba tsholetsweng mo ntlong ya gagwe.” (Genesise 14:14) Aborahame o tshwanetse a bo a ne a na le lelapa le legolo go akaretsa le “banna ba gagwe ba ba thapisitsweng” ba le 318 ba ba neng ba kgona go dirisa dibetsa. Lebaka la go bo a ne a kgona go tlhokomela lelapa le legolo jalo le bontsha gore e ne e le monna yo o humileng thata, a na le motlhape o mogolo le badisa.

Ee, bontsi jwa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo nakong e e fetileng—fa re umaka ba le mmalwa fela, Aborahame, Isake, Jakobe, Dafide le Solomone—ba ne ba humile. A mme seno se kaya gore Modimo o tla dira gore mongwe le mongwe yo o mo direlang a hume? Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa motho a humanegile a seo se kaya gore Modimo ga a mo segofatsa? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dipotso tseno.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela