LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 10/1 ts. 10
  • Jehofa o Kopa Eng mo go Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Kopa Eng mo go Rona?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Seno ke se Lorato Lwa Modimo lo se Kayang”
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Buka ya Bibela ya bo 5—Duteronome
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Moshe—Monna yo o Neng A na Le Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Jehofa o Tsaya go le Botlhokwa Gore o Nne Kutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 10/1 ts. 10

Atamalana le Modimo

Jehofa o Kopa Eng mo go Rona?

Duteronome 10:12, 13

GO IKOBA kgotsa go se ikobe—tshwetso eno ka metlha ga e bonolo. Fa motho a le bogale kgotsa a batla dilo tse di ka se kgonegeng mo bathong ba a ba laolang, ba ka mo ikobela fela ka go ikgoga. Mme Jehofa Modimo ene o kgona go dira gore baobamedi ba gagwe ba mo ikobele ka go rata. Ka ntlha yang? Go araba potso eno, mma re sekaseke mafoko a ga Moshe a a mo go Duteronome 10:12, 13.a

Fa Moshe a ne a sobokanya dilo tse Modimo a di batlang mo go rona, o ne a botsa potso eno e e kgatlhang: “Ke eng se Jehofa Modimo wa gago a se kopang mo go wena?” (Temana 12) Modimo o na le tshwanelo ya go re batla sengwe le sengwe fela se a se batlang mo go rona. Tota e bile ke Morena Molaodimogolo, Motswedi le Motlamedi wa botshelo. (Pesalema 36:9; Isaia 33:22) Jehofa o na le tshwanelo ya go re kopa gore re mo ikobele. Le fa go ntse jalo, ga a batle gore re mo ikobele fela ka gonne re ikutlwa re patelesega go dira jalo. O re kopa eng? Go “nna kutlo go tswa pelong.”—Baroma 6:17.

Ke eng se se ka re tlhotlheletsang go ikobela Modimo ka go rata? Moshe o tlhalosa sengwe sa dilo tse di ka re thusang go dira jalo: “Boifa Jehofa Modimo wa gago.”b (Temana 12) Fa re boifa Modimo re tla batla go tila go mo utlwisa botlhoko.

Selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go ikobela Modimo ke eng? Moshe o ne a bolela jaana: “Rata [Jehofa] le go direla Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago.” (Temana 12) Go rata Modimo go akaretsa se se fetang kafa motho a ikutlwang ka gone. Buka nngwe ya ditshupiso e tlhalosa jaana: “Madiri a Sehebera a a tlhalosang kafa motho a ikutlwang ka teng ka dinako tse dingwe a kaya le ditiro tse di tlhotlhelediwang ke tsela e motho a ikutlwang ka yone.” Buka eno ya re go rata Modimo go kaya go mo “direla ka lorato.” Ka mafoko a mangwe, fa re rata Modimo ka tsela ya mmatota, re tla itshwara ka ditsela tse re itseng gore di a mo itumedisa.—Diane 27:11.

Re tshwanetse go ikobela Modimo go ya bokgakaleng bofe? Moshe a re: “O tsamaye mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe [Modimo].” (Temana 12) Jehofa o batla gore re dire dilo tsotlhe tse a re laelang go di dira. A go mo ikobela jalo ka bojotlhe go ka se re solegele molemo? Ga go a nna jalo.

Go ikobela Modimo ka go rata go tla re tlisetsa masego. Moshe o ne a kwala jaana: “Boloka ditaelo . . . tse ke go di laolelang gompieno, gore o solegelwe molemo.” (Temana 13) Ee, ditaelo tsotlhe tsa ga Jehofa—sengwe le sengwe se a re kopang go se dira—di solegela rona molemo. A go ka direga gore di se ka tsa re solegela molemo? Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ka gone, o re neile ditaelo tseno gore re solegelwe molemo go ya go ile. (Isaia 48:17) Go dira sotlhe se Jehofa a se re kopang go ka re sireletsa mo mathateng a mantsi gompieno le go dira gore re bone masego a mantsi mo isagweng mo Bogosing jwa gagwe.c

Go ikoba kgotsa go se ikobe—fa go tliwa mo dilong tse Jehofa a batlang gore re di dire, go na le tshwetso e le nngwe fela e e botlhale e re ka e dirang. Ka metlha go molemo go mo ikobela ka bojotlhe le ka go rata. Go dira dilo jalo ka boikanyegi go tla dira gore re atamalane le Jehofa, Modimo yo o lorato yo ka metlha a re batlelang dilo tse di molemo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Le fa Moshe a ne a lebisitse mafoko a gagwe go Baiseraele ba bogologolo, totatota a dira mo go botlhe ba ba batlang go itumedisa Modimo gompieno.—Baroma 15:4.

b Mo bukeng yotlhe ya Duteronome, Moshe o ne a gatelela gore go boifa Modimo e tshwanetse go nna molaomotheo o o kaelang batlhanka ba Gagwe.—Duteronome 4:10; 6:13, 24; 8:6; 13:4; 31:12, 13.

c Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 3, “Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?,” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela