LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 3/1 ts. 23
  • “O Bona se Pelo e Leng Sone”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Bona se Pelo e Leng Sone”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Tlhopha Dafide
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne A Itshoka Le fa A ne A Lebane le Maemo a a Kgobang Marapo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Monna yo o Amogelwang ke Pelo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Samuele o Tsweletsa Pele Kobamelo ya Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 3/1 ts. 23

Atamalana le Modimo

“O Bona se Pelo e Leng Sone”

1 SAMUELE 16:1-12

DITEBEGO di ka tsietsa. Se motho a leng sone kafa ntle ga se bontshe se tota a leng sone kafa gare, mo pelong ya gagwe. Batho ba rata go atlhola batho go ya kafa ba lebegang ka gone kafa ntle. Re leboga gore Jehofa Modimo ga a lebe motho kafa ntle fela. Seno se bonala sentle mo mafokong a a mo go 1 Samuele 16:1-12.

Akanya ka tiragalo eno. Jehofa o tloga a tlotsa kgosi e ntšha e e tla busang setšhaba sa Iseraele. Modimo o raya moporofeti Samuele a re: “Ke tla go roma kwa go Jese wa Mobethelehema, ka gonne ke ineile kgosi mo gare ga bomorwawe.” (Temana 1) Jehofa ga a mo itsise leina la gagwe mme a re yo o tla tlhophiwang o tla tswa mo go bomorwa Jese. Fa Samuele a ntse a ya kwa Bethelehema, gongwe o ne a ipotsa jaana, ‘Ke tla itse jang gore ke mang mo go bomorwa Jese yo o tlhophilweng ke Jehofa?’

Fa Samuele a goroga kwa Bethelehema, o rulaganya gore Jese le bomorwawe ba tle go mo thusa fa a dira setlhabelo. Fa Eliabe wa leitibolo a tsena, Samuele o kgatlhiwa ke bontle jwa gagwe. Samuele o akanya gore tsela e Eliabe a lebegang ka yone e ne e tshwanela gore a ka nna kgosi mme o ipolelela jaana: “Ruri motlodiwa wa gagwe o fa pele ga ga Jehofa.”—Temana 6.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o leba dilo ka tsela e e farologaneng. O raya Samuele a re: “O se ka wa leba ponalo ya gagwe le boleele jwa gagwe, gonne ke mo ganne.” (Temana 7) Jehofa ga a kgatlhiwe ke gore Eliabe o montle e bile o katogile monyo. Jehofa ga a lebe bokafantle jwa motho fela mme o leba le bontle jwa kafa teng.

Jehofa o raya Samuele a re: “Gonne [Modimo ga a bone] kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (Temana 7) Ee, Jehofa o amega ka pelo e leng motho wa kafa gare, e e tlhotlheletsang se motho a se akanyang, mekgwa le maikutlo a gagwe. “Motlhatlhobi wa dipelo” o gana Eliabe—le bomorwa Jese ba le barataro ba ba tlang kwa go Samuele.—Diane 17:3.

Jese o na le morwa yo mongwe wa gofejane e bong Dafide yo ‘o fudisang dinku.’ (Temana 11) Ka jalo Dafide o ya go bidiwa kwa nageng mme o ya kwa go Samuele. Jaanong Jehofa o raya Samuele a re: “Nanoga, mo tlotse, gonne yo ke ene!” (Temana 12) Gone ke boammaaruri gore Dafide ke “lekau le le nang le matlho a mantle e bile le na le ponalo e ntle.” Le fa go ntse jalo, pelo ya gagwe ke yone e e mo dirang gore a amogelwe ke Modimo.—1 Samuele 13:14.

Mo lefatsheng leno le le gatelelang thata bontle jwa kafa ntle, re ka gomodiwa ke go itse gore ditshwetso tse Jehofa Modimo a di dirang ga di tlhotlhelediwe ke go bo motho a le montle. Ga go re sepe mo go ene gore a o moleele kgotsa batho ba bangwe ba re o montle. Jehofa o amegile ka se o leng sone kafa gare. A go itse seno go go tlhotlheletsa gore o batle go nna le dinonofo tse di molemo tse di tla dirang gore o lebege o le montle mo Modimong?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela