LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 57
  • Modimo o Tlhopha Dafide

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Tlhopha Dafide
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “O Bona se Pelo e Leng Sone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Monna yo o Amogelwang ke Pelo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Dafide le Goliathe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Samuele o Tsweletsa Pele Kobamelo ya Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 57
Dafide o bolaile bera gore a sireletse kwanyana

POLELO 57

Modimo o Tlhopha Dafide

A O BONA se se diragetseng? Mosimane o falodisitse kwanyana eno mo bereng. Bera e ne ya tla mme ya phamola kwanyana gore e ye go e ja. Mosimane o ne a e lelekisa, mme a falotsa kwanyana mo leganong la bera. Fa bera e ne e leka go mo tlhasela, mosimane o ne a e tshwara mme a e itaya go fitlha e swa! Nako nngwe o ne a falotsa nngwe ya dinku mo taung. Ruri mosimane yono o pelokgale! A o itse gore ke mang?

Ke Dafide yo mmotlana. O nna mo motseng wa Bethelehema. Rraagwemogolo e ne e le Obede, morwa wa ga Ruthe le Boase. A o a ba gopola? Mme rraagwe Dafide ke Jese. Dafide o tlhokomela dinku tsa ga rraagwe. O tshotswe dingwaga di le 10 Jehofa a sena go tlhopha Saulo gore e nne kgosi.

Go tla nako ya gore Jehofa a reye Samuele a re: ‘Tsaya lookwane lo lo kgethegileng mme o ye kwa ntlong ya ga Jese kwa Bethelehema. Ke tlhophile mongwe wa bomorwawe gore e nne kgosi.’ Fa Samuele a bona morwa yo mogolo wa ga Jese e bong Eliabe, o akanya jaana: ‘Ruri yono ke ene yo Jehofa a mo tlhophileng.’ Le fa go ntse jalo, Jehofa o mo raya a re: ‘O se ka wa leba boleele le bontle jwa gagwe. Ga ke a mo tlhopha gore a nne kgosi.’

Ka jalo, Jese o bitsa morwawe yo o bidiwang Abinadabe mme o mo tlisa kwa go Samuele. Le fa go ntse jalo, Samuele a re: ‘Nnyaa, le ene yoo Jehofa ga a mo tlhopha.’ Morago ga moo Jese o tlisa morwawe yo o bidiwang Shammahe. Mme Samuele a re: ‘Nnyaa, le ene yono Jehofa ga a mo tlhopha.’ Jese o tlisa bomorwawe ba le supa kwa go Samuele mme Jehofa ga a tlhophe ope wa bone. Samuele o botsa jaana: ‘A bano ke basimane ba gago botlhe?’

Jese o mo raya a re: ‘Go sa ntse go na le yo mmotlana mo go bone botlhe. Mme ga a yo o ile go tlhokomela dinku.’ Fa Dafide a tlisiwa, Samuele o bona gore ruri ke mosimane yo montle. Jehofa o mo raya a re: ‘Ke ene yo. Mo tshele ka lookwane.’ Mme Samuele o dira sone seo. Go tla tla nako ya gore Dafide a nne kgosi ya Iseraele.

1 Samuele 17:34, 35; 16:1-13.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela