LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 5/1 ts. 14-15
  • Tlhomamisega Ka se O se Dumelang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhomamisega Ka se O se Dumelang!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Emelana le Thaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Batho ba ba Logang Leano la go Bolaya ke Bone ba ba Swang!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 5/1 ts. 14-15

Tsa Basha

Tlhomamisega Ka se O se Dumelang!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eo e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Jeremia, Ebede-meleke, Kgosi Sedekia

Tshobokanyo: Jeremia o ne a lebana le kganetso e e setlhogo fa a ne a bolela molaetsa wa Modimo wa gore batho ba Juda ba tshwanetse go ineela mo Bakaladieng.

1 AKANYA KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIRAGALANG MO GO LONE. —BALA JEREMIA 38:1-5.

O akanya gore Jeremia o ne a ikutlwa jang fa a ne a bua le batho ba Juda?

․․․․․

O akanya gore lentswe la ga Jeremia le ne le utlwala jang fa a ne a bolelela batho se Jehofa a neng a tlile go se dira?

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Jeremia o tshwanetse a bo a ne a tlhomamisegile ka eng se se neng sa dira gore a bolele molaetsa oo ka bopelokgale?

․․․․․

2 AKANYA KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIRAGALANG MO GO LONE. —BALA JEREMIA 38:6-13.

Fa o akanya ka mogobe, o ka re o ne o ntse jang—bophara, boteng le monkgo wa one.

․․․․․

Jeremia o tshwanetse a bo a ne a akanya ka eng fa a “nwelelela mo lorageng”? (Bala gape temana 6.)

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

O dirisa didirisiwa tse o nang le tsone tsa go dira dipatlisiso, batla sengwe se o neng o sa se itse ka megobe e e neng e dirisiwa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele.

․․․․․

Ebede-meleke o tshwanetse a bo a ne a tlhomamisegile ka eng fa a ne a batla gore Jeremia a bolokwe? (Bala gape temana 7-9.)

․․․․․

Ke ka ntlha yang fa Sedekia a ne a tlhotlhelediwa motlhofo jaana, la ntlha ke dikgosana mme kwa morago ke Ebede-meleke? (Bala gape temana 5 le 10.) Re ithuta eng ka dilo tse di molemo tse a neng a di dira? go sa tlhomamisege ga gagwe?_______

․․․․․

Ke batho bafe mo pegong eno ba ba neng ba bontsha gore eleruri ba tlhomamisegile, mme ke mang yo o neng a sa tlhomamisega? Ke eng fa o araba jalo?

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . . 

Bopelokgale.

․․․․․

Go tlhomamisega.

․․․․․

Go sirelediwa ga batho ba ba ikobelang Jehofa ka go tlhoka poifo.

․․․․․

Fa o gateletswe, go tlhomamisega ka se o se dumelang go ka ama jang bokgoni jwa gago jwa go dira se se siameng?

․․․․․

4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA THATA MO GO WENA MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

KOPA BASUPI BA GA JEHOFA GORE BA GO NEYE YONE KGOTSA O BALE DIKGATSO TSE DINGWE TSA BAEBELE MO ATERESENG ENO YA INTERNET www.watchtower.org

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela