LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 5/15 ts. 20
  • Harana—Motse wa Bogologolo o o Neng o Tlhanasela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Harana—Motse wa Bogologolo o o Neng o Tlhanasela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Na le Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Aborahame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Aborahame—Tsala ya Modimo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 5/15 ts. 20

Harana—Motse wa Bogologolo o o Neng o Tlhanasela

FELA fa go umakwa leina Harana, batho ba ba itseng Dikwalo ba gopola tlhogo ya lotso e bong Aborahame yo o ikanyegang. O ne a ema kwa Harana fa a ne a le mo mosepeleng a tswa kwa Ure a ya kwa nageng ya Kanana, a na le mosadi wa gagwe e bong Sara le Rraagwe e bong Tera, mmogo le morwa wa ga morwarraagwe e bong Lote. Aborahame o ne a ikokoanyetsa dithoto tse dintsi fa a le koo. Fa Aborahame a sena go swelwa ke rraagwe, o ne a tswelela pele le mosepele wa gagwe a ya kwa nageng e Modimo wa boammaaruri a neng a e mo solofeditse. (Gen. 11:31, 32; 12:4, 5; Dit. 7:2-4) Moragonyana, Aborahame o ne a romela motlhanka wa gagwe yo e neng e le ene yo mogolwane mo batlhankeng ba gagwe botlhe go ya go batlela Isake mosadi kwa Harana, kgotsa kwa lefelong lengwe le le gaufi. Setlogolo sa ga Aborahame e bong Jakobe le ene o ne a nna koo ka dingwaga di le mmalwa.—Gen. 24:1-4, 10; 27:42-45; 28:1, 2, 10.

Fa Kgosi Senakeribe wa Asiria a ne a tshosetsa Kgosi Hesekia wa Juda o ne a umaka Harana fa a ne a bua ka “ditšhaba” tse di neng tsa fenngwa ke dikgosi tsa Asiria. Fano leina “Harana” le ne le sa kaye motse oo fela mme le ne le akaretsa le kgaolo yotlhe e e neng e o dikologile. (2 Dikg. 19:11, 12) Boporofeti jwa ga Esekiele bo umaka Harana e le mongwe wa metse e e neng e gwebisana thata le Ture, mme seo se tlhomamisa kgang ya gore Harana e ne e le lefelo la konokono la kgwebo.—Esek. 27:1, 2, 23.

Gompieno Harana ke motse o monnye fela o o gaufi le Şanlıurfa, kwa karolong e e kwa botlhaba ya Turkey. Mme nako nngwe, ruri motse wa bogologolo wa Harana o ne o tlhanasela. Harana ke mongwe wa metse e se kae ya bogologolo e e sa ntseng e bidiwa ka maina a one a a mo Baebeleng. Leina leno ka Se-Asiria ke Harranu mme le ka raya “Tsela” kgotsa “Tsela ya Mekoloko ya Batsamai,” go bontsha gore ditsela tse bagwebi ba neng ba tsamaya thata ka tsone ba tswa kwa metseng e megolo di ne di feta fa motseng wa Harana. Go ya ka mekwalo e e epolotsweng kwa Harana, mmaagwe Kgosi Nabonidase wa Babelona e ne e le moperesiti yo mogolo wa mosadi kwa tempeleng ya ga Sin, modimo wa ngwedi wa kwa Harana. Bangwe ba re Nabonidase o ne a tsosolosa tempele eno. Morago ga moo, mebuso e le mmalwa e megolo e ne ya tlhongwa mme morago ya wa, mme puso ya Harana yone e ntse e eme.

Gompieno motse wa Harana o farologane gotlhelele le ka fa o neng o ntse ka teng bogologolo. Motse wa bogologolo wa Harana e ne e le motse o o tlhabologileng thata e bile e le motse wa botlhokwa, bogolo jang ka dinako tse di rileng. Mme Harana wa gompieno ke matlo a le mokawana fela a a mo lefelong le le lengwe a a nang le marulelo a a serotobolo. O fa gare ga marope a metse e mengwe ya bogologolo. Mo lefatsheng le lesha la Modimo, go tla tsosiwa batho ba bantsi ba ba kileng ba nna kwa Harana—go akaretsa Aborahame, Sara le Lote. Ba tshwanetse ba bo ba tla kgona go re bolelela dilo tse dingwe tse dintsi ka Harana, motse wa bogologolo o o neng o tlhanasela.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Marope a kwa Harana

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Matlo a a nang le marulelo a a serotobolo

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Kafa Harana e lebegang ka teng gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela