Ke ka Ntlha Yang fa Jesu A ne A sa Nne le Seabe mo Dipolotiking?
LEKA go bona ka leitlho la mogopolo se se diragalang ka ngwaga wa 32 C.E. Go maitseboa. Jesu, Mesia yo o neng a bolelelwa pele o setse a itsege ka go fodisa balwetse le e leng go tsosa baswi. Gompieno, o gakgamaditse boidiidi jwa batho ka go dira ditshupo tse di maatla le go ruta ka Modimo. Jaanong o kgaoganya batho ba ba tshwerweng ke tlala ka ditlhopha tse dinnye. O rapela Jehofa a bo a fepa batho botlhe ka kgakgamatso. Go tswa foo, o phutha dijo tse di setseng gore di se ka tsa senngwa. Batho ba itshwara jang?—Johane 6:1-13.
Fa batho ba sena go bona dikgakgamatso tsa ga Jesu le bokgoni jwa gagwe jwa go etelela boidiidi pele le go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang, ba swetsa ka gore Jesu e ka nna kgosi e e molemo. (Johane 6:14) Tsela e ba neng ba akanya ka yone ga e gakgamatse. Gakologelwa gore ba ne ba batla mmusi yo o molemo le yo o ka ba thusang; naga ya bone e e rategang e ne e busiwa ke puso ya naga e sele e e gatelelang. Ka jalo, ba ne ba pateletsa Jesu gore a nne le seabe mo dipolotiking. O ntse o akantse ka seo, a re bone gore o ne a itshwara jang.
Johane 6:15 ya re: “Jesu, ka a itse gore ba ne ba tloga ba tla go mo tshwara go mo dira kgosi, a tswa gape a ya kwa thabeng a le esi fela.” Go ne go bonala sentle gore Jesu o ikutlwa jang ka kgang eno. O ne a swetsa ka go se nne le seabe mo dipolotiking tsa naga ya gaabo. Ga a ka a fetola tshwetso e a neng a e dirile. O ne a re balatedi ba gagwe le bone ba ne ba tla dira tshwetso e e tshwanang. (Johane 17:16) Ke ka ntlha yang fa a dirile tshwetso eno?
Ke ka Ntlha Yang fa Jesu A ne A Tlhopha go se Tseye Letlhakore?
Lebaka la go bo Jesu a ne a sa tseye letlhakore mo dipolotiking tsa lefatshe leno le ne le theilwe mo melaometheong ya Dikwalo. A re sekaseke e mebedi.
‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Baebele ya rialo fa e bua ka hisitori ya go busa ga motho. Gakologelwa, Jesu ga a bolo go nna teng e le motho wa semoya kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng e le motho. (Johane 17:5) Ka jalo, o a itse gore motho le fa a na le boikaelelo jo bo siameng ga a na bokgoni jwa go tlhokomela dilo tse batho ba le dibilione ba di tlhokang; e bile Modimo ga a mo bopela go dira jalo. (Jeremia 10:23) Jesu o ne a itse gore tharabololo ya mathata a batho e ne e tla tswa gongwe go sele—e seng mo dipusong tsa batho.
“Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) A kgang eno e a go gakgamatsa? E gakgamatsa batho ba le bantsi. Ba akanya gore batho ba ba siameng ba nna le seabe mo dipolotiking ka gonne ba batla go tokafatsa maemo a lefatshe le go le dira lefelo le le sireletsegileng. Le fa babusi ba ba siameng ba ka leka ka natla, ga ba ka ke ba fenya tlhotlheletso ya motho yo Jesu a neng a mmitsa “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 14:30) Ke ka lebaka leo Jesu a neng a raya radipolotiki mongwe a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Jesu o ne a tla nna Kgosi ya mo isagweng ya puso ya Modimo ya kwa legodimong. Fa Jesu a ne a nnile le seabe mo dipolotiking, a ka bo a sa bontsha gore o a ikanyega mo pusong ya ga Rraagwe.
A Jesu o ne a ruta gore balatedi ba gagwe ga ba na boikarabelo bope mo dipusong tsa lefatshe? O ne a ba ruta kafa ba ka nnang tekatekano ka gone mo dilong tse ba neng ba di direla Modimo le tse ba neng ba di direla dipuso tsa batho.
Jesu O ne A Tlotla Taolo ya Puso
Fa Jesu a ne a ruta mo tempeleng, baganetsi ba ne ba leka go mo tsietsa gore a bue dilo tse e seng tsone ka go mmotsa gore a batho ba tshwanetse go duela lekgetho. Fa Jesu a ne a ka re nnyaa, karabo ya gagwe e ka bo e ile ya tsewa e le go nna kgatlhanong le puso e bile e ne e ka nna ya kgothaletsa batho ba ba gateletsweng ke puso ya Baroma gore ba tsuologe. Mme fa Jesu a ka bo a rile ee, batho ba le bantsi ba ne ba ka nna ba akanya gore o mpampetsa tshiamololo e ba neng ba lebane le yone. Karabo ya ga Jesu e ne e akaretsa dilo tse pedi. O ne a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Luke 20:21-25) Ka jalo, balatedi ba gagwe ba ne ba ikarabelela mo Modimong le mo go Kaesara—ke gore, puso ya motho.
Dipuso di kgona go nna le taolo e e lekanyeditsweng. Di na le tshwanelo ya go laela baagi gore ba ikanyege, ba duele makgetho le go latela molao. Jesu o ne a tlhoma sekao jang mo go dueleng “Kaesara dilo tsa ga Kaesara”? Jesu o godisitswe ke batsadi ba ba ikobelang molao le fa go dira jalo go ne go se motlhofo. Ka sekai, Josefa le mosadi wa gagwe wa moimana e bong Marea, ba ne ba tsaya loeto lwa dikilometara di le 150 go ya kwa Bethelehema fa molao wa Roma wa go bala batho o laela jalo. (Luke 2:1-5) Fela jaaka bone, Jesu o ne a ikobela melao, le e leng go duela makgetho a tota a neng a sa a kolote. (Mathaio 17:24-27) Gape o ne a le kelotlhoko gore a se ka a dirisa taolo ya gagwe ka tsela e e sa siamang mo dikgannyeng tsa puso. (Luke 12:13, 14) Re ka nna ra re, Jesu o ne a tlotla tsela e puso e neng e dira dilo ka yone le fa a ne a sa batle go nna le seabe mo go yone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kaya eng fa a ne a bua ka go duela “Modimo dilo tsa Modimo”?
Kafa Jesu a Neng a Naya “Modimo Dilo Tsa Modimo” ka Gone
Jesu o kile a bodiwa gore ke molao ofe o mogolo mo melaong yotlhe e Modimo a neng a e naya batho. Keresete o ne a araba ka go re: “‘O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.’ Eno ke taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha. Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’” (Mathaio 22:37-39) Jesu o ne a ruta gore fa go tliwa mo go dueleng “Modimo dilo tsa Modimo,” selo sa ntlha se re mo kolotang sone ke lorato—lo lo akaretsang gore re ikanyege ka pelo yotlhe.
A lorato lo lo ntseng jalo lo ka kgaoganngwa? A boikanyegi jwa rona bo ka kgaoganngwa, jo bongwe bo ya kwa go Jehofa Modimo le puso ya gagwe e e kwa legodimong mme jo bongwe bo ya kwa pusong e e mo lefatsheng? Jesu o ne a ntsha molaomotheo ono: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe.” (Mathaio 6:24) Fano Jesu o ne a bua ka motho yo o ikanyegang mo Modimong le mo dikhumong, mme go bonala a ne a dumela gore one molaomotheo oo o ne o dira le mo go nneng le seabe mo dipolotiking—fela jaaka balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dumela.
Pego ya bogologolo e e sa ntseng e le gone e bontsha gore balatedi ba ga Jesu ba motlha wa bogologolo ba ne ba sa nne le seabe mo dipolotiking. Ka gonne ba ne ba obamela Ene yo Keresete a neng a mo obamela, ba ne ba se ka ba dira maitlamo a go ikobela Roma le mmusimogolo wa yone, go tsenela tirelo ya bosole le go nna le maemo mo pusong. Ba ile ba bogisiwa ka ditsela tse di farologaneng ka ntlha ya seo. Ka dinako tse dingwe baba ba bone ba ne ba ba latofatsa ka go tlhoa batho. A tatofatso eo e ne e le boammaaruri?
Bakeresete ba Boammaaruri ba Amega ka Batho
Gakologelwa gore Jesu o ne a reng fa a ne a bua ka taelo ya bobedi e kgolo mo ditaelong tsa Modimo—“O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” Ruri ga go na molatedi wa mmatota wa ga Keresete yo o tlhoileng batho. Jesu o ne a rata batho, a ba direla dilo di le dintsi le go ba thusa le e leng ka mathata a bone a letsatsi le letsatsi.—Mareko 5:25-34; Johane 2:1-10.
Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itsege thata ka eng? O ne a sa itsiwe e le motho yo o fodisang batho, yo o fepileng batho ba le diketekete le yo o neng a tsosa baswi—le fa tota a dirile dilo tseo tsotlhe tse di tlhomologileng. Batho ba ne ba mmitsa Moruti, mme go ne go tshwanela gore ba mmitse jalo. (Johane 1:38; 13:13) Jesu o ne a re lebaka le legolo la go bo a tlile mo lefatsheng e ne e le go ruta batho ka Bogosi jwa Modimo.—Luke 4:43.
Ke ka lebaka leo balatedi ba gagwe ba boammaaruri le bone ba dirang tiro e Mong wa bone a neng a tshwaregile ka yone fa a ne a le mo lefatsheng—go ruta batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Jesu Keresete o ne a laela Bakeresete botlhe ba boammaaruri gore ba rute batho mo lefatsheng lotlhe ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Puso eo e e kwa legodimong e e siameng e tlile go busa dibopiwa tsotlhe tsa Modimo, go ya ka molao wa lorato. E tla diragatsa thato ya Modimo, le go fedisa go boga ga batho le loso. (Mathaio 6:9, 10; Tshenolo 21:3, 4) Ke ka lebaka leo Baebele e reng molaetsa wa ga Keresete ke “dikgang tse di molemo”!—Luke 8:1.
Ka jalo, fa o batla balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete mo lefatsheng gompieno, o ka ba bona jang? A ba tla bo ba na le seabe mo dipolotiking tsa lefatshe? Kgotsa tiro ya bone e kgolo e tshwana le ya ga Jesu—go rera le go ruta ka Bogosi jwa Modimo?
A o ka rata go itse mo go oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le kafa bo ka amang botshelo jwa gago ka teng? Re kopa gore o ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona kgotsa o lebe mo atereseng ya bone ya Internet ya www.watchtower.org.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
A Basupi ba ga Jehofa ba Thusa Setšhaba?
Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking. Le fa go ntse jalo, ba tshwaregile thata ka go thusa batho ba ditso tsotlhe ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng mo lefelong la bone. Ela tlhoko dintlha di le mmalwa:
◼ Basupi ba ga Jehofa ke setlhopha sa baithaopi ba feta dimilione di le supa ba ba fetsang palogotlhe ya diura di le dibilione di le 1,5 ka ngwaga, ba ruta batho se se mo Baebeleng le kafa e ka ba thusang ka teng go fenya mekgwa le ditlwaelo tse di ka ba gobatsang, go nna le malapa a a itumetseng le go tokafatsa matshelo a bone.
◼ Ba gatisa le go anamisa dibuka mahala ka dipuo di feta 500, go akaretsa le ka dipuo dingwe tse go iseng go tsamaye go gatisiwe dibuka ka tsone.
◼ Ba na le thulaganyo ya go ruta batho go bua phatlalatsa e e ileng ya thusa batho ba le dimilione go bua ka tsela e e utlwalang sentle le e e molemo.
◼ Ba na le thulaganyo ya go ithuta e e thusitseng batho ba le bantsi go ithuta go bala le go kwala mo lefatsheng lotlhe.
◼ Ba rulagantse Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo di le 400 mo lefatsheng lotlhe go thapisa baithaopi gore ba nne le bokgoni mo go tsa kago e le gore ba kgone go aga mafelo a batho ba ka ithutelang Baebele mo go one. Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, go ile ga agiwa matlo a kobamelo kgotsa Diholo tsa Bogosi di feta 20 000.
◼ Ba nna le seabe mo go thuseng batho ba ba amilweng ke masetlapelo mo lefatsheng lotlhe, ba thusa Basupi le ba e seng Basupi. Mo lobakeng lwa dingwaga di le pedi morago ga gore dikgwanyape di iteye United States ka go latelana, baithaopi ba Basupi ba ne ba aga sesha Diholo tsa Bogosi di feta 90 le magae a le 5 500.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Fa batho ba ne ba pateletsa Jesu gore a nne le seabe mo dipolotiking, o ne a tswa a ya “kwa thabeng a le esi fela”