Kgaolo Ya Lesomerobedi
“Ga ba Karolo ya Lefatshe”
1. (a) Pele Jesu a swa, o ne a rapelela barutwa ba gagwe eng? (b) Ke ka ntlha yang fa go ‘se nne karolo ya lefatshe’ go le botlhokwa thata jaana?
MO BOSIGONG jwa pele ga Jesu a bolawa, o ne a rapelela barutwa ba gagwe. E re ka Jesu a ne a itse gore ba tla gatelelwa thata ke Satane, o ne a raya Rraagwe a re: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:15, 16) Ke eng fa go kgaogana le lefatshe go le botlhokwa jaana? Ka gonne Satane ke mmusi wa lefatshe leno. Bakeresete ba ka se rate go nna karolo ya lefatshe le le laolwang ke ene.—Luke 4:5-8; Johane 14:30; 1 Johane 5:19.
2. Jesu o ne a se karolo ya lefatshe ka ditsela dife?
2 Lebaka la go bo Jesu e ne e se wa lefatshe le ne le sa kaye gore o ne a sa rate batho ba bangwe. Go fapaana le seo, o ne a fodisa balwetse, a tsosa baswi, e bile a ruta batho kaga Bogosi jwa Modimo. O ne a ba a ntshetsa batho botshelo jwa gagwe. Mme o ne a sa rate boikutlo jo bo bosula le ditiro tsa ba ba neng ba bontsha moya wa lefatshe la ga Satane. Ka gone, o ne a tlhagisa batho ka dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang, go rata dilo tse di bonalang, le go gwalalela maemo a a kwa godimo. (Mathaio 5:27, 28; 6:19-21; Luke 20:46, 47) Ga go gakgamatse he, go bo Jesu a ne a tila dipolotiki tsa lefatshe. Le fa e ne e le Mojuda, o ne a sa tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa bopolotiki fa gare ga Roma le Bajuda.
“Bogosi Jwa Me ga Se Karolo ya Lefatshe Leno”
3. (a) Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba latofatsa Jesu ka eng mo go Pilato, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a sa kgatlhegele go nna kgosi e e tlhomilweng ke batho?
3 Akanya ka se se neng sa direga fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba dira gore Jesu a tshwarwe a bo a isiwe kwa go Ponto Pilato, mmusi wa Roma. Totatota, baeteledipele bao ba ne ba sa itumela ka gonne Jesu o ne a senotse boitimokanyi jwa bone. Gore mmusi a tseye kgato kgatlhanong le Jesu, ba ne ba mo latofatsa ba re: “Monna yono re mo fitlhetse a sokamisa setšhaba sa rona e bile a iletsa go duela Kaesara makgetho e bile a re ene ka boene ke Keresete kgosi.” (Luke 23:2) Go phepafetse gore seno e ne e le maaka ka gonne ngwaga pele ga mono fa batho ba ne ba batla go dira Jesu kgosi, o ne a gana. (Johane 6:15) O ne a itse gore o ne a tla nna Kgosi ya selegodimo mo nakong e e tlang. (Luke 19:11, 12) Gape o ne a se kitla a tlhongwa ke batho gore a nne kgosi, mme o ne a tla tlhongwa ke Jehofa.
4. Jesu o ne a ikutlwa jang ka go duelwa ga makgetho?
4 Malatsi a le mararo fela pele ga Jesu a tshwarwa, Bafarasai ba ne ba leka go dira gore Jesu a bue sengwe se se neng se tla mo tshwarisa mo kgannyeng ya go duela makgetho. Mme o ne a re: “Mpontshang denario [ledi la tshipi la Roma]. E na le setshwantsho sa ga mang le mokwalo?” Fa ba re “Tsa ga Kaesara,” a araba a re: “Ruri, he, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Luke 20:20-25.
5. (a) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe thuto efe fa a ne a tshwarwa? (b) Jesu o ne a tlhalosa jang lebaka la se a neng a se dirile? (c) Tsheko eo e ne ya felela jang?
5 Nnyaa, Jesu o ne a sa rute batho gore ba tsuologele babusi ba lefatshe. Fa masole le banna ba bangwe ba ne ba tla go tshwara Jesu, Petere o ne a ntsha tšhaka a itaya mongwe wa banna bao, a mo kgaola tsebe. Mme Jesu a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:51, 52) Letsatsi le le latelang Jesu o ne a tlhalosetsa Pilato ditiro tsa gagwe, a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda.” (Johane 18:36) Pilato o ne a dumela gore go ne “go se na lebaka la ditatofatso” kgatlhanong le Jesu. Mme Pilato o ne a ineela go gatelelwa ke boidiidi jwa batho mme a dira gore Jesu a bapolwe.—Luke 23:13-15; Johane 19:12-16.
Barutwa ba Dumela go Etelelwa Pele ke Jesu
6. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bontsha jang gore ba ne ba tila moya wa lefatshe le gore ba ne ba rata batho?
6 Ka gone barutwa ba ga Jesu ba ile ba tlhaloganya gore go tlhokega eng gore ba se nne karolo ya lefatshe. Go ne go ba tlhoka gore ba tile moya le ditiro tse di bosula tsa lefatshe, tse di neng di akaretsa boitlosobodutu jo bo nang le tirisodikgoka le boitshwaro jo bo sa siamang jwa diserekise tsa kwa Roma le mafelo a teng a bobogelo. Ka ntlha ya seo, barutwa ba ne ba bidiwa gore ke batlhoi ba batho. Mme tota ba ne ba sa tlhoa bangwe ka bone le e seng, ba ne ba leka ka thata go thusa batho ba bangwe gore ba solegelwe molemo ke thulaganyo ya Modimo ya poloko.
7. (a) E re ka barutwa ba bogologolo ba ne ba se karolo ya lefatshe, ba ne ba diragalelwa ke eng? (b) Ba ne ba leba jang babusi ba bopolotiki le go duela makgetho, mme ka ntlha yang?
7 Balatedi ba ga Jesu ba ne ba bogisiwa fela jaaka le ene a ne a bogisitswe, gantsi ba bogisiwa ke batlhankedi ba puso ba ba neetsweng tshedimosetso e e seng yone. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang ka 56 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa Roma, a ba rotloetsa go nna “mo taolong ya balaodi ba bagolo [babusi ba bopolotiki], gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo.” Jehofa ga a tlhome dipuso tsa lefatshe, mme o letla gore di tswelele di le teng go fitlha Bogosi jwa gagwe bo busa bo le nosi mo lefatsheng lotlhe. Go a tshwanela go bo Paulo a ne a gakolola Bakeresete gore ba tlotle babusi ba lefatshe ba bo ba duele makgetho.—Baroma 13:1-7; Tito 3:1, 2.
8. (a) Bakeresete ba tshwanetse ba ineela mo babusing ba bagolo ka selekanyo se se kana kang? (b) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba latela sekao sa ga Jesu jang?
8 Le fa go ntse jalo, boineelo mo babusing ba bopolotiki e tshwanetse ya nna jo bo lekanyeditsweng e seng jo bo feletseng. Fa melao ya ga Jehofa le ya batho e thulana, ba ba direlang Jehofa ba tshwanetse go utlwa melao ya Gagwe. Ela tlhoko se buka ya On the Road to Civilization—A World History e se bolelang ka Bakeresete ba bogologolo: “Bakeresete ba ne ba gana go dira ditiro dingwe tse di neng di dirwa ke baagi ba Roma. Bakeresete . . . ba ne ba bona go tsenela tirelo ya sesole go sa dumalane le tumelo ya bone. Ba ne ba gana go nna le maemo mangwe mo ditirong tsa bopolotiki. Ba ne ba gana go obamela mmusimogolo.” Fa kgotlakgolo ya Bajuda e ne e ‘laela barutwa thata’ gore ba tlogele go rera, ba ne ba araba jaana: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:27-29.
9. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete kwa Jerusalema ba ile ba tsaya kgato e ba e tsereng ka 66 C.E.? (b) Seo ke sekao se se mosola ka tsela efe?
9 Barutwa ba ne ba nna ba sa tseye letlhakore gotlhelele mo dikganetsanong tsa bopolotiki le tsa sesole. Ka 66 C.E., Bajuda ba kwa Judea ba ne ba tsuologela Kaesara. Ka bonako fela masole a Roma a ne a dikanyetsa Jerusalema. Bakeresete ba ba mo motseng ba ne ba dirang? Ba ne ba gakologelwa kgakololo ya ga Jesu ya gore ba tswe mo motseng. Fa Baroma ba boela morago ka nakwana, Bakeresete ba ne ba tshaba ba kgabaganya Noka ya Joredane ba tsena mo kgaolong e e dithaba ya Pela. (Luke 21:20-24) Go se tseye letlhakore ga bone ke sekao mo Bakereseteng ba ba ikanyegang ba ba tlang morago ga bone.
Bakeresete ga ba Tseye Letlhakore mo Metlheng Eno ya Bofelo
10. (a) Basupi ba ga Jehofa ba tshwarega mo tirong efe, mme ka ntlha yang? (b) Ga ba tseye letlhakore mo go eng?
10 A rekoto ya hisitori e bontsha gore go na le setlhopha sepe sa batho mo metlheng eno ya bofelo se se ileng sa se ka sa tsaya letlhakore gotlhelele jaaka Bakeresete ba bogologolo? Ee, Basupi ba ga Jehofa ba dirile jalo. Mo nakong eno yotlhe, ba ntse ba rera gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsela ya go tlisa kagiso, katlego le boitumelo tse di nnelang ruri mo bathong ba ba ratang tshiamo. (Mathaio 24:14) Mme ba ntse ba sa tseye letlhakore gotlhelele mo dikganetsanong tsa ditšhaba.
11. (a) Go se tseye letlhakore ga Basupi go farologana jang le mekgwa ya baruti? (b) Basupi ba ga Jehofa ba leba jang se ba bangwe ba se dirang ka dipolotiki?
11 Go fapaana gotlhelele le bone, baruti ba madumedi a lefatshe leno ba ntse ba tseneletse thata mo dikgannyeng tsa bopolotiki. Mo dinageng dingwe ba ile ba tswa letsholo ka tlhoafalo ba buelela bontlhopheng kgotsa ba bua kgatlhanong le bone. Bangwe ba baruti e bile ba na le maemo mangwe mo ditirong tsa bopolotiki. Ba bangwe ba ile ba gatelela batho ba dipolotiki gore ba rate dithulaganyo tse di amogelwang ke baruti. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ga ba tsenelele mo dipolotiking. Le gone ga ba itshunye nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe fa ba tsena mo phathing ya bopolotiki, fa ba batla maemo mo go tsa bopolotiki, kgotsa ba tlhopha mo ditlhophong. Jesu o rile barutwa ba gagwe ba ne ba ka se nne karolo ya lefatshe, ka jalo Basupi ba ga Jehofa ga ba tsenelele mo dipolotiking.
12. Go tsaya letlhakore ga madumedi a lefatshe leno go feletse ka eng?
12 Jaaka Jesu a ile a bolelela pele, ditšhaba di ntse di ya ntweng kgapetsakgapetsa. Tota le makoko a a mo teng ga ditšhaba tse di rileng a ile a lwantshana. (Mathaio 24:3, 6, 7) Baeteledipele ba bodumedi ba ile ba tshegetsa setšhaba kgotsa lekoko fa le lwa le le lengwe mo e batlileng e le ka dinako tsotlhe, ba rotloetsa balatedi ba bone gore le bone ba dire jalo. Ga felela ka eng? Maloko a bodumedi bo le bongwe a a bolaana mo ntweng fela ka gonne e le batho ba ditšhaba kgotsa ditso tse di sa tshwaneng. Seno ga se dumalane le thato ya Modimo.—1 Johane 3:10-12; 4:8, 20.
13. Bosupi bo bontsha eng ka go se tseye letlhakore ga Basupi ba ga Jehofa?
13 Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba sa tseye letlhakore lepe mo dintweng tsotlhe. Tora ya Tebelo ya November 1, 1939, e ne ya re: “Botlhe ba ba kafa letlhakoreng la Morena ga ba ne ba tsaya letlhakore mo ditšhabeng tse di lwang.” Basupi ba ga Jehofa mo ditšhabeng tsotlhe mo maemong otlhe ba tswelela pele go tshegetsa boemo jono. Ga ba letle dipolotiki tse di kgaoganyang tsa lefatshe le dintwa go senya bokaulengwe jwa bone jwa ditšhabatšhaba. Ba “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang.” E re ka ba sa tseye letlhakore, ga ba tlhole ba ithuta ntwa gope.—Isaia 2:3, 4; 2 Bakorintha 10:3, 4.
14. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba diragalelwa ke eng ka ntlha ya go nna ba ikgaogantse le lefatshe?
14 Mangwe a matswela a go se tseye letlhakore ga bone ke afe? Jesu o ne a re: “Ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, . . . lefatshe le lo tlhoile.” (Johane 15:19) Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba tsenngwa mo kgolegelong ka gonne e le batlhanka ba Modimo. Bangwe ba ile ba tlhokofadiwa, ba bo ba bolawa, fela jaaka go ile ga diragalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Seno ke ka gonne Satane, “modimo wa tsamaiso eno ya dilo,” o ganetsa batlhanka ba ga Jehofa, ba ba seng karolo ya yone.—2 Bakorintha 4:4; Tshenolo 12:12.
15. (a) Ditšhaba tsotlhe di gwantela kae, mme Basupi ba ga Jehofa ba kelotlhoko gore ba tile eng? (b) Ke eng fa go ikgaoganya le lefatshe e le kgang e e masisi jaana?
15 Batlhanka ba ga Jehofa ba itumelela gore ga ba karolo ya lefatshe, ka gonne ditšhaba tsotlhe tsa lone di gwantela kwa bofelong jwa tsone kwa Haramagedona. (Daniele 2:44; Tshenolo 16:14, 16; 19:11-21) Re tla tila go felela jalo ka gonne re farologane le lefatshe. Jaaka batho ba ba utlwanang mo lefatsheng lotlhe, re ikanyega mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. Ke boammaaruri, fa re se karolo ya lefatshe, le a re sotla e bile le a re bogisa. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae seo se tla fela ka gonne lefatshe le le bosula leno le le laolwang ke Satane le tla senyediwa ruri. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba direlang Jehofa ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo mo Bogosing jwa Modimo.—2 Petere 3:10-13; 1 Johane 2:15-17.
Motlotlo wa Poeletso
• Jesu o ne a bontsha jang se se akarediwang ke go ‘se nne karolo ya lefatshe’?
• Boikutlo jwa Bakeresete ba bogologolo e ne e le bofe malebana le (a) moya wa lefatshe, (b) babusi ba lefatshe le (c) go duelwa ga makgetho?
• Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba ile ba naya bosupi ka ditsela dife jwa gore ga ba tseye letlhakore ka gonne e le Bakeresete?
[Setshwantsho mo go tsebe 165]
Jesu o ne a tlhalosa gore ene le balatedi ba gagwe ba ne ‘ba se karolo ya lefatshe’