LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jv kgao. 14 ts. 188-201
  • “Ga Se Ba Lehatshe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ga Se Ba Lehatshe”
  • Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Ba Ikutlwang ka Gone ka Batho Ba Bangwe
  • Ba Kgaogane le Babelona O Mogolo Ebile Ba Farologane le Ene
  • A Bodumedi Bo Tshwanetse go Tsenelela mo Dipolotiking?
  • Fa Lefatshe Le Ne Le Ya Ntweng
  • Go dikologa lefatshe ditiragalo tsa Ntwa ya Lefatshe I di ne tsa tsenya batho bao ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mo tekong e kgolo. E ne e le ntwa e e tshosang go di gaisa tsotlhe tse di kileng tsa lowa go fitlha ka nako eo; mo e ka nnang batho ba lefatshe lotlhe ba ne ba na le seabe ka tsela nngwe.
  • A E Ne E Le Kemedi ya Sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo?
  • Rekoto ya Boitlhaodi jwa Bokeresete
  • Fa Ditshwantsho tsa Bosetšhaba Di Ne Di Fetoga Dilo Tse Di Obamelwang
  • Boemo jwa Bone Bo Tlhalosiwa ka Phepafalo
  • Fa Lefatshe Le Ne Le Nna le Malatsi a Lone a Boikhutso
  • Go Thusa Batho Ba Bangwe
  • ‘Ba Ilwa ke Merafe Yotlhe’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Tsela ya go Boela Modimong wa Boammaaruri
    Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo
  • “Ga ba Karolo ya Lefatshe”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Bakeresete le Setšhaba sa Batho Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
jv kgao. 14 ts. 188-201

Kgaolo 14

“Ga Se Ba Lehatshe”

GANTSI bodumedi jwa motlha wa segompieno bo tsenelela thata mo dikgannyeng tsa lefatshe, ka jalo bo nna le seabe mo meketeng ya lefatshe ebile bo bontsha gore bo na le moya wa lone wa bomorafe. Baruti ba jone gantsi ba a dumela gore go ntse jalo, ebile bontsi jwa bone bo rata gore go nne jalo. Go farologana thata le seo, Jesu o ne a bolela jaana kaga balatedi ba gagwe ba boammaaruri: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka le nna ke se oa lehatshe.”—Yoh. 17:16.

Rekoto e bontsha eng kaga Basupi ba ga Jehofa mo ntlheng eno? A ba ntshitse bosupi jo bo utlwalang jwa gore ga se ba lefatshe?

Kafa Ba Ikutlwang ka Gone ka Batho Ba Bangwe

Baithuti ba Bibela ba bogologolo ba ne ba itse sentle gore Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba se kitla ba nna ba lefatshe. Tora ya Tebelo e ne ya tlhalosa gore ereka balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng ba ne ba itshekisitswe ebile ba tsetswe ka moya o o boitshepo gore ba tle ba nne le seabe mo Bogosing jwa selegodimo, kgato eno ya Modimo e ne e ba kgaoganya le lefatshe. Mo godimo ga moo, makasine ono o ne wa bontsha gore ba ne ba tshwanetse go tila moya wa lefatshe—maikaelelo a lone, dikeletso tsa lone, le ditsholofelo tsa lone, mmogo le ditsela tsa lone tsa bopelotshetlha.—1 Yoh. 2:15-17.

A seno se ne sa ama tsela eo Baithuti ba Bibela ba neng ba leba ka yone batho ba ba neng ba sa dumele dilo tse bone ba neng ba di dumela? Kwantle ga pelaelo go ne go sa ba dire gore ba itlhaole mo bathong. Mme lefa go ntse jalo bao ruri ba neng ba dira seo ba neng ba se ithuta mo Dikwalong ba ne ba sa batle go tsalana le batho ba lefatshe gore ba bo ba tshele kafa ba tshelang ka gone. Tora ya Tebelo e ne ya kaela batlhanka ba Modimo ka kgakololo e e mo Bibeleng ya gore ba ‘dire se se molemo mo bathong botlhe.’ Gape e ne ya gakolola gore fa ba bogisiwa, ba tshwanetse ba leka go tila go nna le maikutlo a go batla go ipusolosetsa mme, go na le moo, jaaka Jesu a ne a boletse, ba tshwanetse go ‘rata baba ba bone.’ (Bagal. 6:10; Math. 5:44-48) E ne e ba kgothaletsa segolobogolo gore ba leke go bolelela ba bangwe boammaaruri jo bo tlhwatlhwakgolo malebana le tsela eo Modimo a baakanyeditseng ka gone gore batho ba bolokwe.

Re ka tlhaloganya gore go dira dilo tseno go ne go tla dira gore lefatshe le ba lebe ba farologane. Mme lefa go ntse jalo go sa nne karolo ya lefatshe go akaretsa go go oketsegileng—go go oketsegileng fela thata.

Ba Kgaogane le Babelona O Mogolo Ebile Ba Farologane le Ene

Gore ba se ka ba nna karolo ya lefatshe, ba ne ba tshwanetse gore ba se ka ba nna karolo ya ditsamaiso tsa bodumedi tseo di neng di tseneletse thata mo dikgannyeng tsa lefatshe ebile di tsere dithuto le dingwao tsa Babelona wa bogologolo, mmaba wa bodumedi jwa boammaaruri go tswa bogologolong. (Yer. 50:29) Fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne e runya, Baithuti ba Bibela ba ne ba sa bolo go nna ba senola ka masomesome a dingwaga gore dithuto tsa Labokeresete tse di tshwanang le ya Tharonngwe, ya gore moya wa motho ga o swe, le ya molelo wa dihele di ne di tswa boheitaneng. Gape ba ne ba senotse rekoto ya dikereke ya go leka ga tsone go dirisa dipuso gore di diragatse maikaelelo a tsone a bopelotshetlha. Ka ntlha ya dithuto le ditlwaelo tsa Labokeresete, Baithuti ba Bibela ba ne ba bona fa e tshwana le “Babelona O Mogolo.” (Tshen. 18:2) Ba ne ba bontsha gore e ne e kopanya se se boammaaruri le se se phoso, Bokeresete jo bo motlha le go rata lefatshe go go mo pepeneneng, le gore leina le le mo Bibeleng la “Babelona” (le le kayang “Tlhakatlhakano”) le ne le tlhalosa boemo joo sentle fela thata. Ba ne ba kgothaletsa batho ba ba ratang Modimo gore ba tswe mo go “Babelona.” (Tshen. 18:4) Go thusa mo go seo, kwa bokhutlong jwa December 1917 le kwa tshimologong ya 1918 ba ne ba anamisa dikaelo di le 10 000 000 tsa tokololo ya The Bible Students Monthly eo e neng e tlhalosa setlhogo se se reng “Go Wa ga Babelona,” seo se neng se senola Labokeresete ka tsela e e nang le matswela. Seno le sone se ne sa felela ka gore baruti ba ba tlhoe lekonkong, ba bo ba dirise tlhakatlhakano ya nako ya ntwa go leka go nyeletsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa.

Lefa go ne go ka nna jang, go tswa mo go Babelona o Mogolo go ne go akaretsa go kgaotsa go nna lekoko la diphuthego tseo di neng di tshegetsa dithuto tsa yone tsa maaka. Baithuti ba Bibela ba ne ba dira jalo, le fa go ne ga tsaya dingwaga di le dintsi ba ntse ba tsaya gore batho ba ba neng ba le mo dikerekeng mme ba ipolela fa ba ineetse ka botlalo ebile ba dumela mo thekololong, e ne e le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete. Lefa go ntse jalo, Baithuti ba Bibela ba ne ba sa kwale dikwalo tsa go intsha mo dikerekeng tsa Labokeresete fela mme, fa go ne go kgonega, bangwe ba ne ba ka balela dikwalo tsa bone kwa godimo kwa dikokoanong tsa kereke fa e le gore go letliwa gore maloko a bue. Fa seno se ne se sa kgonege, ba ne ba ka nna ba romela kopi ya lokwalo lwa bone lwa go intsha—lokwalo lo lo bonolo lo na le bosupi jo bo tshwanetseng—ba le romelela leloko lengwe le lengwe la phuthego.

A gape ba ne ba tlhomamisa gore ba ne ba sa tsamaye ka dingwao dipe tsa boheitane le ditlwaelo tsa diphuthego tseo? Boemo e ne e le bofe mo lobakanyaneng lwa pele ga Ntwa ya Lefatshe I?

A Bodumedi Bo Tshwanetse go Tsenelela mo Dipolotiking?

Mo go tsa dipolotiki, ereka babusi ba merafe e mentsi e e eteletseng pele ba ne ba dirisana le kereke ya Katoliki kana ya Porotesetanta, ba ne ba sa bolo go nna ba bolela gore ba busa ‘ka tetla ya Modimo,’ le gore ba busa jaaka baemedi ba Bogosi jwa Modimo le ka thato ya Modimo e e kgethegileng. Kereke e ne e segofatsa puso; puso le yone fela jalo e tshegetsa kereke. A Baithuti ba Bibela le bone ba ne ba tsenelela mo go seno?

Go na le go etsa dikereke tsa Labokeresete, ba ne ba leka go ithuta mo go se se rutiwang ke Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe le mo sekaong sa bone. Go ithuta ga bone Bibela go ne ga ba bontsha eng? Dikgatiso tsa bogologolo tsa Watch Tower di senola gore ba ne ba itse gore fa Jesu a ne a bodiwa potso ke mmusi wa Roma ebong Ponto Pilato, o ne a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno.” Fa a ne a bodiwa potso kaga tiro ya gagwe, Jesu o ne a bolelela mmusi yoo jaana: “Ke tsalecwe gōna mouō, me ke tletse gōna mouō mo lehatshiñ, gore ke shupè kaga boamarure.” (Yoh. 18:36, 37) Baithuti ba Bibela ba ne ba itse gore Jesu o ne a ngaparela thomo eo ka tlhomamo. Fa Diabolo a ne a mo solofetsa magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one, o ne a a gana. Fa batho ba ne ba batla go mo dira kgosi o ne a ngongwaelela kwa thoko. (Math. 4:8-10; Yoh. 6:15) Baithuti ba Bibela ga ba a ka ba itlhokomolosa ntlha ya gore Jesu o ne a bitsa Diabolo a re ke “kgōsana ea lehatshe” a bo a re Diabolo ‘o ne a sena sepe mo go ene.’ (Yoh. 14:30) Ba ne ba bona gore Jesu o ne a sa batle go nna le seabe mo tsamaisong ya Roma ya dipolotiki ebile a sa batle gore balatedi ba gagwe ba nne le seabe mo go yone mme go na le moo o ne a tshwaregile thata mo go boleleng “Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo.”—Luke 4:43.

A go dumela ga bone dilo tseno tse di kwadilweng mo Lefokong la Modimo go ne go ba kgothaletsa gore ba se ka ba ikobela taolo ya puso? Le eseng. Go na le moo, go ne go ba thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa mathata a a lebaneng babusi a le magolo jaana, gore ke ka ntlha yang fa go na le go sa utlwe molao go gontsi jaana, le gore ke ka ntlha yang fa dithulaganyo tsa puso tsa go tokafatsa tsela e batho ba tshelang ka yone gantsi di sa atlege. Tumelo ya bone e ne ya dira gore ba nne pelotelele fa ba le mo mathateng, ka gonne ba ne ba tshepa gore ka nako e e tshwanetseng Modimo o ne a tla dirisa Bogosi jwa gagwe go rarabololela dilo ruri. Ka nako eo ba ne ba tlhaloganya gore “bathata ba bagolo,” ba go buiwang ka bone mo go Baroma 13:1-7 (KJ), e ne e le babusi ba lefatshe. Tumalanong le seo, ba ne ba kgothaletsa gore badiredi ba puso ba tlotliwe. C. T. Russell fa a ne a tlhalosa Baroma 13:7, mo bukeng ya The New Creation (e e gatisitsweng ka 1904), o ne a bolela gore: Bakeresete ba boammaaruri “ka tlholego fela e ne e tla nna ba ba amogelang babusi ba lefatshe leno ka bopeloephepa go gaisa, ebile e le ba ba utlwang melao le dilo tse di batliwang ke molao go gaisa, kwantle ga fa di fitlhelwa di thulana le dilo tse di batliwang le tse di laolwang go tswa legodimong. Fa e le gore ba teng, ke babusi ba sekae fela ba lefatshe mo motlheng wa rona ba ba ka bonang go le phoso go amogela Mmopi yo mogolo le go ineela ka tsela e e kwa godimo mo melaong ya gagwe. Ka jalo, [Bakeresete ba boammaaruri] e tshwanetse ya nna bangwe ba batho ba ba utlwang molao go gaisa botlhe mo nakong eno—e se batho ba ba tsosang mekubukubu, ba sa rate go omana, ba sa rate go tshwaya diphoso.”

Jaaka Bakeresete, Baithuti ba Bibela ba ne ba itse gore tiro e ba neng ba tshwanetse go ineela mo go yone e ne e le ya go rera ka Bogosi jwa Modimo. Mme, jaaka go boletswe mo bolumong ya ntlha ya Studies in the Scriptures, “fa seno se dirwa ka boikanyegi, ga go kitla go nna le nako lefa e le go rata go itshunya nko mo dipolotiking tsa mebuso ya gompieno.”

Mo ntlheng eno, ba ne ba tshwana ka selekanyo se se rileng le Bakeresete bale ba pele ba ba tlhalositsweng jaana ke Augustus Neander mo bukeng ya The History of the Christian Religion and Church, During the Three First Centuries: “Bakeresete ba ne ba emetse kgakala le puso ebile ba sa amane le yone, . . . mme go ne go lebega Bokeresete bo kgona go tlhotlheletsa matshelo a batho fela ka tsela eo re tshwanetseng ra dumela gore ke yone e e itshekileng go gaisa, ka go leka go dira gore baagi ba naga ba nne le moya wa go nna boitshepo.”

Fa Lefatshe Le Ne Le Ya Ntweng

Go dikologa lefatshe ditiragalo tsa Ntwa ya Lefatshe I di ne tsa tsenya batho bao ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete mo tekong e kgolo. E ne e le ntwa e e tshosang go di gaisa tsotlhe tse di kileng tsa lowa go fitlha ka nako eo; mo e ka nnang batho ba lefatshe lotlhe ba ne ba na le seabe ka tsela nngwe.

Mopapa Benedict XV o ne a leka go itshupa a itlhaotse lefa Vatican e ne e tshegetsa Central Powers. Lefa go ntse jalo, mo morafeng mongwe le mongwe, baruti ba Katoliki le ba Porotesetanta ba ne ba sena boemo bope jo bo ntseng jalo jwa boitlhaodi. Dr. Ray Abrams o ne a kwala jaana malebana le boemo jwa kwa United States, mo bukeng ya gagwe ya Preachers Present Arms: “Dikereke di ne tsa nna seoposengwe mo maikaelelong a tsone ka tsela eo e neng e sa itsewe mo dibukeng tsa hisitori ya bodumedi go tla go fitlha ka nako eo. . . . Ka bonako fela baeteledipele ba ne ba rulaganya dilo sentle ka nako ya ntwa. Mo diureng di le masome a mabedi le bone morago ga fa go sena go bolelwa gore go na le ntwa, Federal Council of the Churches of Christ in America e ne ya dira dithulaganyo tsa gore go dirisanwe ka botlalo. . . . Kereke ya Roma Katoliki le yone e ne ya bontsha gore e ineetse fela jalo mo ntweng ka go rulaganya tirelo e e tshwanang kafa tlase ga National Catholic War Council, e kaelwa ke bobishopo ba bagolo ba le lesome le bone mme poresidente e le Mokadinale Gibbons. . . . Dikereke di le dintsi di ne tsa thusa thata mo ntweng go feta jaaka di ne di kopilwe gore di dire. Di ne tsa fetoga mafelo ao masole a kwadisediwang mo go one.” Baithuti ba Bibela ba ne ba dira eng?

Le mororo ba ne ba leka go dira seo ba neng ba bona se itumedisa Modimo, ga se ka metlha boemo jwa bone e neng e nna jwa boitlhaodi jo bo feletseng. Seo ba neng ba se dira se ne se tlhotlhelediwa ke tumelo ya gore “bathata ba bagolo” ba ne ba “segofaditswe ke Modimo,” go ya kafa King James Version e ranolang seno ka gone, e le seo batho ba bangwe ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete le bone ba neng ba se dumela. (Bar. 13:1) Ka jalo, tumalanong le se se neng sa bolelwa ke poresidente wa United States, Tora ya Tebelo e ne ya kgothaletsa Baithuti ba Bibela gore ba nne le seabe mo go lebeng May 30, 1918, jaaka letsatsi la thapelo le kokotlelo malebana le matswela a ntwa ya lefatshe.a

Mo dingwageng tsa fa ntwa e ntse e lowa, mongwe le mongwe wa Baithuti ba Bibela o ne a tsena mo maemong a a farologaneng. Gape ba ne ba lebana le maemo ano ka ditsela tse di farologaneng. Ka gonne ba ne ba ikutlwa ba tshwanetse go utlwa “babusi ba ba leñ gōna,” jaaka ba ne ba bitsa babusi ba lefatshe, bangwe ba ne ba tsena mo meseleng ya kwa botlhabanelong ba tshotse ditlhobolo le dithipa tse di somelwang mo melomong ya ditlhobolo. Mme lefa go ntse jalo ereka ba ne ba sa lebale lokwalo lo lo reng, “U se ka ua bolaea motho,” ba ne ba a tle ba thuntshetse mo phefong fela kana ba leke fela go diga sebetsa mo diatleng tsa yo ba lwang nae. (Ekes. 20:13) Ba sekae, jaaka Remigio Cuminetti, kwa Italy, ba ne ba gana go apara kapari ya sesole. Ka nako eo puso ya kwa Italy e ne e sa tlodise ope matlho yo o neng a sa tshole dibetsa ka ntlha ya segakolodi. O ne a sekisiwa ga tlhano a bo a tsenngwa mo dikgolegelong le mo lefelong la batho ba ba lwalang tlhaloganyo, mme lefa go ntse jalo tumelo ya gagwe ga e a ka ya reketla le gone o ne a tswelela a ntse a ititeile sehuba. Kwa Engelane bangwe bao ba neng ba kwala ba dira kopo ya gore ba se ka ba tsenngwa mo sesoleng ba ne ba abelwa go dira tiro e e solegelang setšhaba molemo kana ya go nna mo lephataneng le le sa lweng la bosole. Ba bangwe, jaaka Pryce Hughes, ba ne ba boloka boitlhaodi ka botlalo, go sa kgathalesege gore ba ne ba tla diragalelwa ke eng bone ka namana.

Bobotlana ka nako eo, rekoto yotlhe ya Baithuti ba Bibela e ne e sa tshwane thata le ya Bakeresete ba pele ba ba tlhalositsweng go The Rise of Christianity, e e kwadilweng ke E. W. Barnes, yo o neng a bega jaana: “Tshekatsheko e e dirilweng ka kelotlhoko ya tshedimosetso yotlhe e e leng teng e bontsha gore, go fitlha ka nako ya ga Marcus Aurelius [mmusimogolo wa Roma go tloga ka 161 go ya go 180 C.E.], ga go na Mokeresete ope yo o neng a nna lesole; gape go ne go sena lesole lepe le le neng le tswelela pele mo tirong ya bosole fa le sena go nna Mokeresete.”

Mme lefa go ntse jalo, e ne ya re kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I go ne ga tsoga boemo jo bongwe jo bo neng jwa tlhoka gore ditlhopha tsa bodumedi di supe gore tota di emela letlhakore lefe.

A E Ne E Le Kemedi ya Sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo?

Tumalano ya kagiso, go akaretsa Tumalano ya Lekgotla la Kgolagano ya Merafe, e ne ya saenelwa kwa Versailles, kwa Fora, ka June 28, 1919. Le eleng pele tumalano eo ya kagiso e saeniwa, Federal Council of the Churches of Christ in America e ne ya bolela phatlalatsa gore Lekgotla la Kgolagano ya Merafe e ne e tla bo e le “kemedi ya sepolotiki ya Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.” Mme Senate ya U.S. e ne ya amogela mokoa wa dikwalo tse di tswang kwa ditlhopheng tsa bodumedi di e kgothaletsa gore e amogele Tumalano ya Lekgotla la Kgolagano ya Merafe.

Basupi ba ga Jehofa ga ba a ka ba ya le modumo. Le eleng pele tumalano ya kagiso e tlhomamisiwa (ka October), J. F. Rutherford o ne a neela puo kwa Cedar Point, kwa Ohio, ka September 7, 1919, e mo go yone a neng a bontsha gore batho ba ba mo botlhokong ba ka baya tsholofelo ya bone mo Bogosing jo bo tlhomilweng ke Modimo ka boone fela eseng mo Lekgotleng la Kgolagano ya Merafe. Lefa Baithuti bao ba Bibela ba ne ba dumela gore kgolagano ya batho ya go leka go tokafatsa dilo e ne e ka fitlhelela dilo tse dintsi tse di molemo, ba ne ba se ka ba furalela Bogosi jwa Modimo ba leba kwa thusong ya nakwana ya sepolotiki e e tlhomilweng ke boradipolotiki ebile e segofadiwa ke baruti. Go na le moo, ba ne ba dira tiro ya go neela bosupi mo lefatsheng lotlhe kaga Bogosi jo Modimo o neng o bo tsentse mo diatleng tsa ga Jesu Keresete. (Tshen. 11:15; 12:10) Mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya July 1, 1920, go ne ga tlhalosiwa gore tiro eno e ne e le e e boleletsweng pele ke Jesu mo go Mathaio 24:14.

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Bakeresete ba ne ba boa ba lebana le kgang e e ntseng jalo gape. Jaanong e ne e le malebana le Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, leo le neng le tlhatlhama Lekgotla la Kgolagano ya Merafe. Fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e tsweletse ka 1942, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba setse ba lemogile go tswa mo Bibeleng, mo go Tshenolō 17:8, gore lekgotla la kagiso ya lefatshe le ne le tla tsoga gape, le gore le ne le tla palelwa ke go tlisa kagiso e e nnelang ruri. Seno se ne sa tlhalosiwa kwa kopanong ke N. H. Knorr, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, mo puong e e reng “Kagiso—A E Ka Nnela Ruri?” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bolela kgopolo e ba neng ba nayo eo ka boemo jo bo neng bo nna gone jwa lefatshe. Kafa letlhakoreng le lengwe, baeteledipele ba Katoliki, ba Porotesetanta, le ba Bojuda ba ne ba nna le seabe mo dipuisanong tsa kwa San Francisco ka 1945 tseo kwa go tsone UN Charter e neng ya kwalwa la ntlha. Mo bathong ba ba neng ba lebeletse ditiragalo tseno, go ne go le mo pepeneneng gore ke mang yo o neng a batla go nna “tsala ea lehatshe” le gore ke mang yo o neng a leka go ‘sa nne wa lefatshe,’ jaaka Jesu a ne a rile barutwa ba gagwe ba ne ba tla dira.—Yak. 4:4; Yoh. 17:14.

Rekoto ya Boitlhaodi jwa Bokeresete

Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba lemoga ka bofefo dikgang dingwe tse di amang kamano ya Mokeresete le lefatshe, dilo tse dingwe di ne tsa tlhoka nako e e oketsegileng. Lefa go ntse jalo, fa Ntwa ya Lefatshe II e ntse e golela pele kwa Yuropa, setlhogo sa botlhokwa mo go Tora ya Tebelo (ka Seesemane) ya November 1, 1939, se ne sa ba thusa go tlhaloganya gore boitlhaodi jwa Bokeresete bo kaya eng. Setlhogo seo se ne sa bolela gore balatedi ba ga Jesu Keresete ba tshwanetse go ineela ka botlalo mo Modimong le mo Bogosing jwa gagwe, joo e leng Puso ya Bomodimo. Ba tshwanetse ba rapelela Bogosi jwa Modimo, eseng lefatshe. (Math. 6:10, 33) Setlhogo seno se ne sa ntsha mabaka a gore, fa go iwa ka seo Jesu Keresete a neng a se boletse kaga gore mmusi yo o sa bonaleng wa lefatshe ke mang (Yoh. 12:31; 14:30), motho yo o ineetseng mo Bogosing jwa Modimo o ne a ka tshegetsa lengwe la matlhakore jang fa go na le kgotlhang fa gare ga ditlhopha tsa mo lefatsheng? A Jesu o ne a sa bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe”? (Yoh. 17:16) Lefatshe ka kakaretso le ne le ka se ka la tlhaloganya boemo jono jwa boitlhaodi jwa Bokeresete. Mme lefa go ntse jalo a Basupi ba ga Jehofa tota ba ne ba tla nna ba itlhaotse?

Boitlhaodi jwa bone bo ne jwa lekwa thata ka Ntwa ya Lefatshe II, segolobogolo kwa Jeremane. Rahisitori ebong Brian Dunn o ne a bolela jaana: ‘Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tsamaisane le Bo-Nazi. Selo sa botlhokwatlhokwa seo Ba-Nazi ba neng ba sa dumalane le bone ka sone e ne e le go itlhaola ga bone mo dipolotiking. Seno se ne se kaya gore go ne go sena modumedi ope yo o neng a ka tshola dibetsa, a nna le maemo a sepolotiki, a tsenelela mo meketeng ya setšhaba, kana a dira sepe se se supang go ineela.’ (The Churches’ Response to the Holocaust, 1986) Paul Johnson o ne a oketsa jaana mo bukeng ya gagwe ya A History of Christianity: “Ba le bantsi ba ne ba atlholelwa loso ka gonne ba ne ba gana tirelo ya bosole . . . eseng jalo ba ne ba felela ba le kwa Dachau kana kwa magaeng a go tlhokomelwang balwetsi ba tlhaloganyo gone.” Go ne ga tsenngwa Basupi ba le kae mo kgolegelong kwa Jeremane? Moragonyana Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ba ne ba bega gore go ne go tshwerwe Basupi ba le 6 262 mme ba le 2 074 mo go bone ba ne ba tsentswe mo dikampeng tsa pogisetso. Gantsi bakwadi ba dibuka tse eseng tsa bodumedi ba bega dipalo tse di kwa godimo go feta tseo.

Kwa Borithane, koo banna mmogo le basadi ba neng ba isiwa bosoleng, molao o ne o letla gore motho a se tsenngwe mo bosoleng fa a sa batle; mme lefa go ntse jalo dikgotla di le dintsi ga di a ka tsa dira jalo fa go tla mo Basuping ba ga Jehofa, mme baatlhodi ba ne ba ba atlholela go nna mo kgolegelong ka lobaka lo lo fetang palogotlhe ya dingwaga tse 600. Kwa United States, Basupi ba ga Jehofa ba le makgolokgolo ba ne ba tlogelwa ba sa tsenngwe mo tirelong ya bosole jaaka badihedi ba Bakeresete. Ba bangwe ba feta 4 000, bao go neng ga ganwa gore ba se tsenngwe mo bosoleng jaaka go ne go letlwa ke Selective Service Act, ba ne ba tshwarwa ba latlhelwa mo kgolegelong ka lobaka lo lo neng lo ka fitlha mo dingwageng tse tlhano. Mo nageng nngwe le nngwe e e mo lefatsheng, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwarelela mo boemong jo bo tshwanang jwa boitlhaodi jwa Bokeresete.

Lefa go ntse jalo, teko ya gore boitlhaodi jwa bone ke jwa mmatota go le kana kang ga e a ka ya fela fa ntwa e fela. Le mororo bothata jwa 1939-45 bo ne bo fetile, go ne ga tsoga dikgotlhang tse dingwe; mme le eleng ka dinako tsa fa go na le kagiso ka selekanyo se se rileng, merafe e mentsi e ne ya tlhopha gore e tla tswelela pele e pateletsa tirelo ya bosole. Basupi ba ga Jehofa, jaaka badihedi ba Bakeresete, ba ne ba tswelela pele ba tsenngwa mo kgolegelong fa ba ne ba sa tlogelwe ba sa tsenngwa mo bosoleng. Ka 1949, fa John Tsukaris le George Orphanidis ba ne ba gana go tsaya dibetsa go ya ntweng, puso ya Greece e ne ya laola gore ba bolawe. Mokgwa o Basupi ba ga Jehofa ba neng ba tshwarwa ka one (ka go farologana) kwa Greece gangwe le gape o ne o nna setlhogo mo eleng gore Lekgotla la Yuropa (Komiti ya Ditshwanelo tsa Batho) le ne la leka go dirisa tlhotlheletso ya lone go ba thusa, mme lefa go ntse jalo ka ntlha ya kgatelelo ya Kereke ya Greek Orthodox, go tla go fitlha ka 1992 dikopo tsa bone, kwantle ga di se kae fela, di ne di tlhokomologilwe ka boferefere. Lefa go ntse jalo, dipuso dingwe di ne tsa bona go sa jese di welang gore di tswelele pele di otlhaela Basupi ba ga Jehofa dilo tseo ba di dumelang ka ntlha ya digakolodi tsa bone tsa bodumedi. Go simolola ka bo 1990, mo dinageng di sekae, tse di jaaka Sweden, Finland, Poland, Netherlands, le Argentina, puso e ne e sa pateletse Basupi ba ba tlhagafetseng gore ba tsenele tirelo ya bosole kana tirelo nngwe e e patelediwang ya setšhaba, le mororo ba ne ba sekaseka kgang ya mongwe le mongwe ka kelotlhoko.

Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanelwa ke gore ba lebane le maemo a a gwetlhang boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete mo mafelong a a farologaneng ka go latelana ga one. Dipuso tseo di neng di busa kwa Latin Amerika, Afrika, Botlhabagare, Ireland Bokone, le mafelo a mangwe ba ile ba ganediwa thata ke makgotla a a lwelang diphetogo. Seno se ile sa felela ka gore makgotla a puso mmogo le a kganetso a gatelele Basupi ba ga Jehofa gore ba a eme nokeng ka tlhagafalo. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tswelela ba boloka boitlhaodi ka botlalo. Bangwe ba ile ba itewa mo go setlhogo, bangwe ba bo ba bolawa, ka ntlha ya boemo jo ba neng ba bo tsere. Lefa go ntse jalo, mo mafelong a le mantsi boitlhaodi jwa mmatota jwa Bokeresete bo ile jwa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba tlotlwe ke badiredi ba puso ba matlhakore oomabedi, mme jaanong Basupi ba letlelelwa go tswelela pele mo tirong ya bone ya go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa ga Jehofa ba sa utlwisiwe botlhoko.

Ka bo1960 le bo1970, boitlhaodi jwa Basupi bo ne jwa lekiwa thata fa baagi botlhe ba Malawi ba ne ba tshwanela gore ba reke karata e e bontshang gore ke maloko a lekgotla le le busang la bopolotiki. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bona gore go nna le seabe mo go seno go ne go tla bo go le kgatlhanong le seo ba neng ba se dumela jaaka Bakeresete. Ka ntlha ya moo, ba ne ba bogisiwa ka bosetlhogo jo bo feteletseng jo bo neng bo ise bo ke bo bonwe pele. Diketekete tse di masomesome di ne tsa tshwanela go tshaba mo nageng eo mme ba le bantsi e ne ya re fa nako e ntse e ya ba patelediwa go boela kwa nageng ya bone koo ba ileng ba feta ba tshwarwa setlhogo le go feta teng.

Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa botlhoko jalo ga ba a ka ba nna le moya wa botsuolodi. Dilo tseo ba di dumelang ga di tsenye puso epe eo ba tshelang kafa tlase ga yone mo kotsing. Go farologana le seo, Lekgotla la Dikereke tsa Lefatshe Lotlhe le ile la thusa ka madi fa go lwelwa gore go nne le diphetogo, mme baruti ba Katoliki ba ile ba tshegetsa makgotla a borukutlhi. Mme lefa go ntse jalo fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a ka tsenelela mo go menoleng puso, go ne go tla bo go tshwana le fa a itatotse tumelo ya gagwe.

Ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore mebuso yotlhe ya batho e tla tlosiwa ke Bogosi jwa Modimo. Ke se Bibela e se bolelang mo go Daniele 2:44. Mme lefa go ntse jalo, jaaka Basupi ba bontsha, go na le gore dikwalo di re batho ba tla tlhoma Bogosi joo, tsa re “Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi.” Ba tlhalosa gore, fela jalo, dikwalo ga di bolele gore batho ba letleletswe ke Modimo gore ba bulele Bogosi joo tsela ka go tlosa mebuso ya batho. Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore tiro ya Bakeresete ba boammaaruri ke go rera le go ruta. (Math. 24:14; 28:19, 20) Tumalanong le go tlotla ga bone Lefoko la Modimo, pego e bontsha gore ga go na ope wa bone yo le ka motlha a kileng a leka go menola puso ya mofuta ope fela lefa e ka nna kae mo lefatsheng, ebile ga ba ise ba ko ba loge leano la go tlisetsa modiredi mongwe wa puso kotsi. Pampiri ya dikgang ya kwa Italy e go tweng La Stampa e ne ya bolela jaana kaga Basupi ba ga Jehofa: “Ke baagi ba ba ikanyegang go gaisa bao mongwe le mongwe a ka eletsang go nna le bone: ga ba leke go tila go duela makgetho lefa e le go leka go tila melao e e ba imelang e le gore ba tle ba solegelwe molemo ka bobone.” Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo ba lemoga kafa kgang eno e leng masisi ka gone mo matlhong a Modimo, mongwe le mongwe wa bone o ititeile sehuba tota gore o tla nna ‘e se wa lefatshe.’—Yoh. 15:19; Yak. 4:4.

Fa Ditshwantsho tsa Bosetšhaba Di Ne Di Fetoga Dilo Tse Di Obamelwang

Fa Adolf Hitler a tsena mo pusong kwa Jeremane, go ne ga tsoga moya o o nonofileng wa boratanaga mo lefatsheng. E le go rulaganya batho gore ba tsene kafa tlase ga puso, go ne ga patelediwa batho gore ba tsenele meletlo ya boratanaga. Kwa Jeremane go ne ga tlhokega gore mongwe le mongwe a dumedise ka mokgwa o o tlhomilweng a bo a tlhaeletsa a re, “Heil Hitler!” Seno e ne e le go galaletsa Hitler jaaka mmoloki; se ne se diretswe gore se akantshe gore batho ba ne ba beile tsholofelo ya bone yotlhe mo bolaoding jwa gagwe. Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ka se ka ba nna le seabe mo maikutlong a a ntseng jalo. Ba ne ba itse gore ba tshwanetse go obamela Jehofa fela le gore o ne a dirile Jesu Keresete Mmoloki wa batho.—Luke 4:8; 1 Yoh. 4:14.

Le eleng pele Hitler a nna mmusi wa mokgokgontshi kwa Jeremane, Basupi ba ga Jehofa, mo bukaneng ya The Kingdom, the Hope of the World (e e gatisitsweng ka 1931), ba ne ba boeletsa sekai se se mo Dikwalong sa ditsala tse tharo tse di pelokgale tsa Bahebera tsa ga moperofeti Daniele fa ba ne ba le kwa Babelona. Fa kgosi e ne e ba laola gore fa go lediwa mmino o o rileng ba khubame fa pele ga setshwantsho sengwe Bahebera bao ba ba ikanyegang ba ne ba gana go ineela, mme Jehofa o ne a ba golola go bontsha ka phepafalo gore o ne a ba amogela. (Dan. 3:1-26) Bukana e ne ya tlhalosa gore meletlo ya boratanaga e ne e tsosetsa Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno kgwetlho e e ntseng jalo malebana le boikanyegi jwa bone.

Ka bonya ka bonya, selo se tlhakatlhakanyang maikutlo sa gore meletlo ya boratanaga e patelediwe se ne sa anamela le mo dinageng tse dingwe ka kwa ntle ga Jeremane. Ka June 3, 1935, kwa kopanong nngwe kwa Washington, D.C., fa J. F. Rutherford a ne a kopiwa gore a akgele kaga go dumedisa folaga kwa dikolong, o ne a gatelela kgang ya go ikanyega mo Modimong. Dikgwedi di sekae morago ga foo, fa Carleton B. Nichols, yo Mmotlana, wa kwa Lynn, Massachusetts, wa dingwaga tse robedi a ne a gana go dumedisa folaga ya Amerika le go nna le seabe mo go opeleng pina ya boratanaga, seo se ne sa begiwa mo dipampiring tsa dikgang go ralala naga eo yotlhe.

Go tlhalosa kgang eo, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo mo radiong ka October 6 ka kgang ya “Go Dumedisa Folaga,” eo mo go yone a neng a re: “Mo bathong ba le bantsi go dumedisa folaga ke seomodiro fela le gone ga go kae sepe se se kalo kana ga go kae sepe gotlhelele. Mo go bao ba go lebang ka bopeloephepa go ya kafa Bibela e go lebang ka teng, go kaya go le gontsi.

“Folaga ka tshwantshetso e emela babusi ba ba bonalang. Go dirisa molao go leka go pateletsa moagi kana ngwana wa moagi gore a dumedise sengwe, kana gore a opele se go tweng ke ‘dipina tsa boratanaga’, ga go a siama gotlhelele ebile go phoso. Melao e tlhomiwa e bo e diragadiwa e le go kganela go dirwa ga ditiro tse di bonwang ke mang le mang tse di gobatsang ba bangwe, mme ga e a tlhomelwa go patika motho gore a se ka a reetsa segakolodi sa gagwe, mme segolobogolo fa e le gore segakolodi seo se kaelwa tumalanong le Lefoko la ga Jehofa Modimo.

“Go gana go dumedisa folaga, le go nna o didimetse, jaaka mosimane yono a ile a dira, go ne go ka se ka ga gobatsa ope. Fa mongwe a dumela ka pelo yotlhe gore molao wa Modimo o kgatlhanong le go dumedisa difolaga, go patika motho yoo gore a dumedise folaga kgatlhanong le Lefoko la Modimo, ebile e le kgatlhanong le segakolodi sa gagwe, go gobatsa motho yoo fela thata. Puso ga e a letlelelwa ke molao kana ke sepe fela gore e gobatse batho.”

Go ne ga newa mabaka a a oketsegileng go tlhalosa boemo jo bo tsewang ke Basupi ba ga Jehofa mo bukaneng ya Loyalty, eo le yone e gatisitsweng ka 1935. Go ne ga umakiwa dikwalo tse di tshwanang le tseno: Ekesodo 20:3-7, eo e laotseng gore Jehofa e nne ene fela a obamelwang le gore batlhanka ba Modimo ba ne ba se kitla ba dira setshwantsho sepe fela sa sengwe se se kwa legodimong kana mo lefatsheng kana sengwe se se tshwanang le sone lefa e le go khubama fa pele ga sone; Luke 20:25, koo Jesu Keresete a neng a laela gore Kaesare o tshwanetse a duelwa ka dilo tsa ga Kaesare fela mme se eleng sa Modimo se tshwanetse sa neelwa Ene; le Ditihō 5:29, koo baaposetoloi ba neng ba bolela jaana ka tlhamalalo, “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”

Kwa United States, tlwaelo ya go pateletsa mongwe le mongwe gore a dumedise folaga e ne ya isiwa kwa dikgotlatshekelo. Ka June 14, 1943, Kgotlatshekelo ya Bokgaolakgang ya U.S. e ne ya fetola tshwetso ya yone ya pele, mme mo kgannyeng ya West Virginia State Board of Education v. Barnette, e ne ya laola gore go pateletsa batho go dumedisa folaga go ne go sa dumalane le go tlhomamisediwa kgololesego go go neng go kwadilwe mo molaotheong wa setšhaba seo ka bosone.b

Kgang e e akaretsang meletlo ya bomorafe ga e a ka ya felela mo Jeremane le United States fela. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa setlhogo kwa Amerika Bokone le Amerika Borwa, Yuropa, Afrika, le Asia ka gonne ba ne ba sa nne le seabe fa go dumedisiwa folaga kana mo meletlong e e tshwanang le eo, le mororo ba ne ba ema ka tlotlo fa e ntse e tsweletse pele. Bana ba ile ba itewa; ba le bantsi ba ile ba kobiwa mo sekolong. Go ile ga sekwa dikgetsi di le dintsi kwa dikgotlatshekelo.

Lefa go ntse jalo, batho ba ba neng ba lebeletse ba ile ba ikutlwa ba tshwanela go bolela gore mo kgannyeng eno, jaaka mo dikgannyeng tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshupa ba tshwana le Bakeresete ba pele. Lefa go ntse jalo, jaaka go boletswe mo bukeng ya The American Character: “Kafa bontsintsi jo bogolo jwa batho bo neng bo leba dilo ka gone . . . dilo tseo Basupi ba neng ba di gana di ne di se botlhale fela jaaka go gana ga Bakeresete [mo Pusong ya Roma] go dira setlhabelo se se rulagantsweng ba se direla Mmusi wa Bomodimo go ne go ntse mo go Trajan le Pliny.” Seno se ne se ka solofelwa, ka gonne, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa lebe dilo jaaka lefatshe le di leba mme ba ne ba di leba go ya ka melaometheo ya Bibela, fela jaaka Bakeresete ba pele.

Boemo jwa Bone Bo Tlhalosiwa ka Phepafalo

Fa Basupi ba ga Jehofa ba sena go itshokela diteko tse di setlhogo tsa boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete ka dingwaga di le dintsi, Tora ya Tebelo ya June 1, 1980, (November 1, 1979, ka Seesemane) e ne ya boa ya tlhomamisa boemo jwa bone. Gape e ne ya tlhalosa seo se neng se dirile gore mongwe le mongwe wa Basupi a tseye kgato eo a e tsereng, fa e ne e re: “Bakeresete bano ba basha ba ne ba kgona go dira tshwetso ka ntlha ya go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhagafalo. Ga go ope yo a neng a ba direla tshwetso eno. Ba ne ba kgona go e dira motho ka bongwe, e theilwe mo segakoloding se se thapisitsweng ka Bibela sa mongwe le mongwe wa bone. Tshwetso ya bone e ne ya nna gore ba tile ditiro tse di bontshang letlhoo kana tsa thubakanyo kgatlhanong le batho ba bangwe ba merafe e mengwe. Ee, ba ne ba dumela go diragadiwa ga boperofeti jo bo itsegeng jwa ga Isaia ebile ba batla go nna le seabe mo go jone: ‘Di tla thula dichaka tsa bōne magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o ekèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.’ (Isa. 2:4) Makawana ano a merafe yotlhe a ne a dira fela jalo.”

Mo dingwageng tsa fa go boloka bothokgami ga bone ga Bokeresete go ne go ntse go lekwa, go tlhatlhoba gape seo Bibela e se bolelang, mo go Baroma 13:1-7, kaga “babusi ba bagolo” go ne ga gogela kwa goreng go bolelwe ka phepafalo le go feta gore Basupi ba amana jang le dipuso tsa lefatshe. Seno se ne sa gatisiwa mo ditokololong tsa November 1, November 15, le December 1, 1962 tsa Tora ya Tebelo (ka Seesemane) mme sa boa sa tlhomamisiwa gape mo tokololong ya November 1, 1990. Ditlhogo tseo di ne tsa gatelela boemo jwa ga Jehofa Modimo jaaka “Mogodimodimo,” gape di bontsha gore balaodi ba lefatshe ke “babusi ba bagolo” fela mo bathong ba bangwe le mo ditirong tse Modimo o ba letlang go di dira mo tsamaisong ya gompieno ya dilo. Ditlhogo tseo di ne tsa bontsha kafa go tlhokegang ka gone gore Bakeresete ba boammaaruri ba tlotle babusi ba ba ntseng jalo ba lefatshe le go nna kutlo mo go bone mo dilong tsotlhe tseo di sa thulaneng le molao wa Modimo le segakolodi sa bone se se thapisitsweng ka Bibela.—Dan. 7:18; Math. 22:21; Dit. 5:29; Bar. 13:5.

Go boloka melao eno ya Bibela ka tlhomamo ga Basupi ba ga Jehofa go ile ga dira gore ba itsewe ba kgaogane le lefatshe mme seo se gopotsa batho ka Bakeresete ba pele.

Fa Lefatshe Le Ne Le Nna le Malatsi a Lone a Boikhutso

Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba latlha dithuto tsa bodumedi tse di neng di tswa mo boheitaneng, gape ba ne ba lesa go nna le seabe mo dingwaong tse dintsi tse le tsone di neng di le leswe. Mme lefa go ntse jalo ka lobakanyana, mangwe a malatsi a boikhutso a ne a se ka a tlhatlhobiwa ka kelotlhoko jaaka go ne go tlhokega. Lengwe la one e ne e le Keresemose.

Letsatsi leno la boikhutso le ne le ketekiwa ngwaga le ngwaga le ke badiri ba ntlokgolo ya Mokgatlho wa Watch Tower tota le kwa Legaeng la Bethele le le kwa Brooklyn, New York. Ka dingwaga di le dintsi ba ne ba ntse ba itse gore December 25 e ne e se letlha le le tshwanetseng, mme lefa go ntse jalo ba ne ba akanya gore letlha leo le ne le sa bolo go tsewa e le lone la botsalo jwa Mmoloki ke batho ka bontsi le gore go direla ba bangwe molemo ka letsatsi lepe fela go ne go se phoso. Lefa go ntse jalo, fa go sena go dirwa ditlhotlhomiso tse di oketsegileng ka kgang eno, maloko a badiri ba ntlokgolo ya Mokgatlho, mmogo le badiri ba ba neng ba le kwa diofising tsa makala a Mokgatlho kwa Engelane le kwa Switzerland, a ne a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhola a nna le seabe mo meketeng ya Keresemose, ka jalo ga go a ka ga tshwarwa moletlo ope wa Keresemose koo morago ga 1926.

R. H. Barber, mongwe wa badiri ba ntlokgolo yo o neng a tlhotlhomisa ka kelotlhoko gore dingwao tsa Keresemose di tswa kae le gore di ne di nna le matswela afe, o ne a bolela dikarabo tseo a di boneng mo radiong. Gape tshedimosetso eo e ne ya gatisiwa go The Golden Age ya December 12, 1928. E ne e senola ka botlalo gore Keresemose e e tlontlololang Modimo e tswa kae. Fa esale go tloga foo, batho ka kakaretso ba ile ba itse gore dingwao tsa Keresemose di tswa mo boheitaneng, mme lefa go ntse jalo ba sekae fela ba dira diphetogo mo matshelong a bone fa ba sena go utlwa seo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba iketleeditse go dira diphetogo tse di tlhokegang gore ba kgone go amogelwa botoka jaaka batlhanka ba ga Jehofa.

Fa ba bontshiwa gore tota go keteka botsalo jwa ga Jesu e ne e setse e le sengwe se se kgatlhegelwang ke batho go feta thekololo e e ntshitsweng ka loso lwa gagwe; gore mekete ya letsatsi leo la boikhutso le moya o dimpho tse dintsi di neng di abiwa ka one di ne di sa tlotle Modimo; gore banna ba bararo bao ba etsiwa ka go aba dimpho tota e ne e le balepadinaledi ba ba tlhotlhelediwang ke badimona; gore batsadi ba ne ba tlhomela bana ba bone sekao sa go aka ka dilo tseo ba neng ba di ba bolelela kaga Santa Claus; gore “St. Nicholas” (Santa Claus) tota e ne e le leina le lengwe la ga Diabolo ka boene; le gore meletlo e e ntseng jalo, jaaka Mokadinale Newman a boletse mo bukeng ya gagwe ya Essay on the Development of Christian Doctrine, e ne e le “didirisiwa ebile e le dikarolwana tsa kobamelo ya badimona” tseo kereke e neng e di amogetse—fa Basupi ba ga Jehofa ba itsisiwe dilo tseno, ka bofefo fela ba ne ba tlogela go nna le seabe lefa e ka nna sepe mo meketeng ya Keresemose ebile ba tlogelela ruri.

Basupi ba ga Jehofa ba itumela le malapa a bone le ditsala tsa bone. Mme lefa go ntse jalo ga ba nne le seabe mo malatsing a boikhutso le mo meketeng e e amanang le medimo ya boheitane (jaaka go ntse ka malatsi a boikhutso a a jaaka Paseka, Letsatsi la Ngwaga O Mosha, May Day, le Letsatsi la Bomme). (2 Bakor. 6:14-17) Ga ba keteke malatsi a botsalo fela jaaka Bakeresete ba pele.c Gape ka tlotlo ba tila go nna le seabe mo malatsing a boikhutso a morafe ao a leng segopodiso sa ditiragalo tsa sepolotiki le tsa bosole gape ba tila go tlotla bagaka ba morafe ka tsela ya go ba obamela. Ka ntlha yang? Ka gonne Basupi ba ga Jehofa ga se ba lefatshe.

Go Thusa Batho Ba Bangwe

Go tlotla medimo e ne e le selo sa konokono mo botshelong le mo setsong sa batho ba Puso ya Roma. Ereka Bakeresete ba ne ba ithiba mo go nneng le seabe mo go sepe se se amanang le medimo ya boheitane, batho ba ne ba leba Bokeresete jaaka sengwe se se neng se tlhasela tsela eo ba neng ba tshela ka yone; mme go ya ka rahisitori Tacitus, go ne go twe Bakeresete ba ne ba tlhoile batho. Minucius Felix le ene o ne a bontsha boikutlo jo bo tshwanang mo go seo a neng a se kwala fa a tsopola Moroma mongwe a raya Mokeresete mongwe yo a mo tlwaetseng a re: “Ga o ye kwa dipontshong; ga o nne le seabe mo mekolokong . . . o tlhoile metshameko e e boitshepo.” Batho ba lefatshe le lebotlana la Roma wa bogologolo ba ne ba sa tlhaloganye Bakeresete ka botlalo.

Fela jalo le gompieno, batho ba le bantsi mo lefatsheng ga ba tlhaloganye Basupi ba ga Jehofa. Batho ba ka nna ba rata melao e e kwa godimo ya boitsholo ya Basupi mme lefa go ntse jalo ba akanya gore Basupi ba tshwanetse go kopanela le lefatshe le le ba dikologileng mo ditirong tsa lone ba bo ba nne le seabe mo go thuseng go dira gore lefatshe e nne lefelo le le botoka go nna mo go lone. Lefa go ntse jalo, bao ba simololang go itse Basupi ba ga Jehofa ba sa utlwe ka magwate ba lemoga gore sengwe le sengwe seo ba se dirang, se na le lebaka le le tswang mo Bibeleng.

Go na le go intsha gotlhelele mo bathong ba bangwe, Basupi ba ga Jehofa ba neela matshelo a bone mo go thuseng batho ba bangwe ka tsela eo Jesu Keresete a ba tlhometseng sekao ka yone. Ba thusa batho go ithuta kafa ba ka kgonang go fenya mathata a botshelo ka katlego ka teng ka go ba itsise kaga Mmopi le melao eo a e tlhomileng mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng gore ba bone botshelo. Ba bolelela baagisani ba bone boammaaruri jo bo mo Bibeleng jo bo ka fetolang gotlhelele tsela eo motho a lebang botshelo ka yone ba sa ba duedise. Selo sa konokono mo tumelong ya bone ke kitso ya gore “lehatshe lea heta,” gore mo bogautshwaneng Modimo o tla tsenelela a nyeletse tsamaiso ya jaanong e e bosula, le gore botlhe bao ba nnang e se ba lefatshe ebile ba ikanya Bogosi jwa Modimo ka mo go feletseng ba na le isagwe e e galalelang.—1 Yoh. 2:17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tora ya Tebelo (ka Seesemane), June 1, 1918, ts. 174.

b Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona Kgaolo 30, “Go Femela le go Tlhomamisa Mafoko A A Molemo Semolao.”

c The History of the Christian Religion and Church, During the Three First Centuries, e e kwadilweng ke Augustus Neander, ts. 190.

[Mafoko a a mo go tsebe 188]

Ga ba itlhaole mo bathong, lefa go ntse jalo ga ba tshele ka tsela ya lefatshe

[Mafoko a a mo go tsebe 189]

Ba ne ba intsha mo dikerekeng tsa Labokeresete

[Mafoko a a mo go tsebe 190]

“Bakeresete ba ne ba emetse kgakala le puso ebile ba sa amane le yone”

[Mafoko a a mo go tsebe 194]

Boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete bo ne jwa lekwa

[Mafoko a a mo go tsebe 198]

‘Ga go ope yo a neng a ba direla tshwetso’

[Mafoko a a mo go tsebe 199]

Lebaka la go bo ba tlogetse go keteka Keresemose

[Lebokoso mo go tsebe 195]

Ga Ba Tshosetse Puso Epe

◆ Mafoko a bagatisi ba “World-Herald” ya kwa Omaha, kwa Nebraska, kwa U.S.A., a ne a bolela jaana kaga tsela eo Basupi ba ga Jehofa ba tshwarwang ka yone mo nageng nngwe ya kwa Latin America: “Gore motho a dumele gore Basupi ba ga Jehofa ba tshosetsa puso epe ya sepolotiki ka tsela epe fela e tshwanetse ya bo e le motho yo o ganelelang thata mo go seo a se dumelang ka boene ebile a rata go nna le dipelaelo ka tsela e e feteletseng; ga ba rate go menola puso ebile ba rata kagiso fela jaaka setlhopha sa bodumedi se ka nna, mme ba kopa fela gore ba tlogelwe ba obamele mo tumelong ya bone ka tsela ya bone.”

◆ “Il Corriere di Trieste,” pampiri ya dikgang ya kwa Italy, e ne ya bolela jaana: “Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse ba tseelwa kwa godimo ka ntlha ya go nonofa ga bone le go nna seoposengwe ga bone. Go farologana le ditumelo tse dingwe, bongwefela jwa bone jaaka setlhopha bo ba kganela gore ba se ka ba rapela Modimo o o tshwanang, ka leina la Keresete yo o tshwanang mme ba ema le matlhakore a mabedi a a lwang, kana gore ba se ka ba kopanya dipolotiki le bodumedi go solegela Ditlhogo tsa Dinaga kana makgotla a dipolotiki molemo. Sa bofelo, mme le sone se ntse se le botlhokwa ke gore, bogolo ba ka swa go na le go tlola . . . molao wa O SE KA WA BOLAYA MOTHO!”

◆ Fa Basupi ba ga Jehofa ba sena go itshokela go thibelwa ka dingwaga di le 40 kwa Czechoslovakia, pampiri ya dikgang ya “Nová Svoboda” e ne ya bolela jaana ka 1990: “Tumelo ya Basupi ba ga Jehofa e kganela go dirisiwa ga dibetsa go bolaya batho, mme bao ba neng ba gana tirelo ya motheo ya sesole ba bo ba sa bone tiro kwa meepong ya magala ba ne ba tsena mo kgolegelong, lefa e ne e ka nna dingwaga tse nne. Go bonala go tswa mo go seno fela gore ba na le botho jo bo tlhomameng ka tsela e e gakgamatsang. Re ne re ka dirisa batho ba ba seng pelotshetlha jalo le eleng mo maemong a a kwa godimo a dipolotiki—mme lefa go ntse jalo ga re kitla re bo re kgona go ba isa koo. . . . Gone ke boammaaruri, ba ikobela balaodi ba puso mme lefa go ntse jalo ba dumela gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo ka rarabololang mathata otlhe a batho. Mme lefa go ntse jalo ela tlhoko—ga se batho ba ba tatalalelang dilo. Ke batho ba ba amegang thata ka batho ba bangwe.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 200, 201]

Ditlwaelo Tse Di Ileng Tsa Tlogelwa

Mokete ono wa Keresemose kwa Bethele ya kwa Brooklyn ka 1926 e ne e le one wa bofelo. Baithuti ba Bibela ba ne ba lemoga ka iketlo gore tsela e letsatsi leno la boikhutso le simologileng ka yone mmogo le ditiro tse di dirwang ka lone ga di tlotle Modimo

Ka dingwaga di le dintsi, Baithuti ba Bibela ba ne ba apara betšhe e e nang le sefapaano le serwalo sa bogosi eo ba neng ba e dirisa go itlhaola ka yone, gape setshwantsho sa yone se ne se le mo tsebeng ya ntlha ya “Tora ya Tebelo” (ka Seesemane) go tloga ka 1891 go fitlha ka 1931. Mme lefa go ntse jalo ka 1928 go ne ga gatelelwa gore tiro ya motho jaaka mosupi ke yone e neng e bontsha gore ke Mokeresete eseng setshwantsho sepe se se kgabisang. Ka 1936 go ne ga bolelwa gore bosupi bo bontsha gore Keresete o swetse mo koteng, eseng mo sefapaanong se se nang le dithupa tse pedi

Mo bukeng ya bone ya “Daily Manna,” Baithuti ba Bibela ba ne ba na le lenaane la malatsi a botsalo. Mme lefa go ntse jalo fa ba sena go lesa go keteka Keresemose le fa ba sena go lemoga gore mekete ya malatsi a botsalo e ne e isa tlotlo mo dibopiweng go sa tshwanela (eleng lebaka le lengwe la go bo Bakeresete ba pele le ka motlha ba neng ba sa keteke malatsi a botsalo), Baithuti ba Bibela ba ne ba tlogela le yone tlwaelo eno

Go ne ga tsaya dingwaga di ka nna 35, Moruti Russell a akanya gore Great Pyramid of Gizeh e ne e le lentswe la Modimo la sesupo, leo le neng le tlhomamisa dinako tsa Bibela. (Isa. 19:19) Mme lefa go ntse jalo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba latlha mogopolo wa gore piramiti epe ya Baegepeto e amana ka gope le kobamelo ya boammaaruri. (Bona ditokololo tsa “Tora ya Tebelo” (ka Seesemane) tsa November 15 le December 1, 1928)

[Setshwantsho mo go tsebe 189]

Go ne ga anamisiwa dikaelo di le dimilione di le lesome

[Setshwantsho mo go tsebe 191]

Bangwe ba ne ba tsena mo meseleng ya kwa botlhabanelong ba tshwere ditlhobolo, mme lefa go ntse jalo, ba bangwe, go akaretsa le A. P. Hughes wa Engelane le R. Cuminetti wa Italy, ba ne ba gana go nna le seabe ka tsela e e ntseng jalo

[Ditshwantsho mo go tsebe 193]

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go amogela Lekgotla la Kgolagano ya Merafe kana UN ka lebaka la gore go twe a ne a tswa kwa Modimong mme ba ne ba buelela Bogosi jwa Modimo ka Keresete fela

[Setshwantsho mo go tsebe 197]

Carleton le Flora Nichols. Fa morwaabone a ne a gana go dumedisa folaga, seno e ne ya nna kgangkgolo mo morafeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela