LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 8/1 ts. 27
  • “Tsholetsa Morwao”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tsholetsa Morwao”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masole a ga Jehofa a a Tukang Molelo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Elisha O ne A Bona Dikara Tsa Molelo—A le Wena O a Di Bona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Basimane ba Babedi ba ba Neng ba Tshela Gape
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 8/1 ts. 27

Atamalana le Modimo

“Tsholetsa Morwao”

2 DIKGOSI 4:8-37

GO TLHOKAFALELWA ke ngwana ke sengwe sa dilo tse di botlhoko tse di ka go diragalelang. Jehofa Modimo o na le maatla a go tsosa baswi. Re itse gore seno se boammaaruri ka gonne mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele o ne a naya banna ba le mmalwa maatla a go tsosa baswi. Tiragalo nngwe ke e e tlhalosiwang mo go 2 Dikgosi 4:8-37 e e ka ga mosimane yo o neng a tsosiwa ke moporofeti Elisha.

Tiragalo eno e direga kwa motseng wa Shunema. Mosadi wa moopa le monna wa gagwe ba bontsha Elisha bopelonomi, ba mo naya dijo le bonno ka metlha. Letsatsi lengwe, moporofeti yono yo o nang le tebogo o raya mosadi a re: “Ka nako eno e e tlhomilweng ngwaga o o tlang o tla bo o tlamparetse ngwana wa mosimane.” O ne a sa akanye gore o tla nna le ngwana mme fela jaaka Elisha a buile o nna le ngwana wa mosimane. Ka maswabi, boitumelo jwa gagwe e nna jwa nakwana. Dingwaga di le mmalwa moragonyana, mosimane o opiwa ke tlhogo e e botlhoko fa a le kwa masimong mme o isiwa kwa lapeng a bo a swela mo “mangoleng a [ga mmaagwe].” (Temana 16, 19, 20) Mmè yono yo o tlhokafaletsweng ke ngwana o tsholetsa setopo seno se sennye a bo a se baya mo sekanamelong se gantsi e neng e le bolao jwa ga moporofeti Elisha.

Ka bonako fela fa monna wa gagwe a sena go mo letla, o tsaya loeto lwa dikilometara di ka nna 30 go ya kwa Thabeng ya Karemele go ya go bona Elisha. Fa a kopana le ene, ga a lele kgotsa go bontsha ka ditsela dingwe gore o hutsafetse thata. A ke ka gonne a utlwile gore Elija, motlhatlhami wa ga Elisha o ne a tsosa morwa wa motlholagadi? (1 Dikgosi 17:17-23) A mosadi yono wa Moshunema o na le tumelo ya gore Elisha a ka dira se se tshwanang ka go tsosa morwawe yo mmotlana? Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, o ne a gana go boela lapeng go fitlha Elisha a dumela go boa le ene.

Fa Elisha a sena go boela kwa Shunema, o tsena a le esi mo phaposing e a neng a tle a nne mo go yone e bile o bona mosimane a laditswe “mo sekanamelong sa gagwe.” (Temana 32) Moporofeti o rapela Jehofa ka pelo yotlhe a dira mokokotlelo. Go tswa foo, fa Elisha a tshwara mmele wa mosimane, “kgabagare nama ya ngwana ya thuthafala.” Pelo ya ngwana e e neng e eme e itaya gape! Elisha o laela mmaagwe jaana e bile a bua mafoko a a tshwanetseng a bo a dirile gore khutsafalo ya gagwe e fetoge boitumelo: “Tsholetsa morwao.”—Temana 34, 36.

Pego ya go tsosiwa ga morwa wa mosadi wa Moshunema e re naya tsholofelo e bile e a gomotsa. Jehofa o tlhaloganya khutsafalo ya batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke ngwana. Se sengwe ke gore o tlhologeletswe go ba tsosa. (Jobe 14:14, 15) Elisha le batho ba bangwe ba mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele ba ba neng ba tsosa baswi, ba ne ba bontsha se Jehofa a tla se dirang ka tsela e kgolo mo lefatsheng la gagwe le lesha le le tlang.a

Tsholofetso ya Baebele ya tsogo ga e tlose kutlobotlhoko e re nnang le yone fa re tlhokafalelwa ke motho yo re mo ratang. Monna mongwe yo o ikanyegang wa Mokeresete yo o neng a tlhokafalelwa ke ngwana yo o esi o ne a re: “Kutlobotlhoko ya me ga e ka ke ya fela go fitlha ke kgona go tshwara morwaake gape.” Akanya ka tsholofelo ya go boa o kopana le batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng. Kgang fela ya gore o tla kgona go ba tshwara gape e ka dira gore go nne botoka go itshokela kutlobotlhoko. A o batla go itse mo go oketsegileng ka Modimo yo o re nayang tsholofelo eno e e tlhwatlhwakgolo?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka tsholofetso ya Baebele ya tsogo, bona kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela