LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 68
  • Basimane ba Babedi ba ba Neng ba Tshela Gape

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basimane ba Babedi ba ba Neng ba Tshela Gape
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Sekai sa go Intsha Setlhabelo Le sa Go Ikanyega ka Nitamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Elisha O ne A Bona Dikara Tsa Molelo—A le Wena O a Di Bona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • “Tsholetsa Morwao”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 68
Moporofeti Elija le motlholagadi wa kwa Sarepate le morwa motlholagadi yono

POLELO 68

Basimane ba Babedi ba ba Neng ba Tshela Gape

FA O ka swa, mmè wa gago o tla ikutlwa jang fa o ka tsosiwa? O tla itumela fela thata! Mme gone, a motho yo o suleng a ka kgona go tshela gape? A seno se kile sa direga?

A o bona monna, mosadi le mosimanyana ba ba mo setshwantshong? Monna yono ke moporofeti Elija. Mosadi yono ene ke motlholagadi wa motse wa Sarepate, mme mosimanyana yono ke morwawe. Letsatsi lengwe mosimanyana o ne a lwala. Bolwetse bo ne jwa gakala mme kgabagare a swa. Mme Elija o ne a raya mosadi a re: ‘Nneye morwao.’

Elija o isa ngwana yo o suleng kwa phaposing e e kwa godimo mme o mmaya mo godimo ga bolao. Go tswa foo o rapela jaana: ‘Ao tlhe Jehofa, dira gore mosimane a tshele gape.’ Mme mosimane o simolola go hema! Ka yone nako eo Elija o mmusetsa kwa go mmaagwe mme o mo raya a re: ‘Bona, morwao o a tshela!’ Ke sone se o bonang mmaagwe a itumetse jaana.

Moporofeti yo mongwe yo o tlotlegang wa ga Jehofa o bidiwa Elisha. Ke mothusi wa ga Elija. Mme gone fa nako e ntse e ya, Jehofa o dira gore Elisha le ene a kgone go dira dikgakgamatso. Letsatsi lengwe Elisha o ya kwa motseng wa Shunema, kwa mosadi mongwe a ileng a mo amogela sentle teng. Moragonyana mosadi yono o tshola ngwana wa mosimane.

Fa ngwana yono a setse a godile, moso mongwe o ne a ya go bereka le rraagwe kwa masimong. Ka tshoganyetso fela mosimane o simolola go lela a re: ‘Tlhogo ya me e a opa!’ Fa a sena go isiwa gae, o a swa. Mmaagwe o hutsafetse fela thata! Ka yone nako eo o ya go bitsa Elisha.

Fa Elisha a goroga, o ya kwa phaposing ka ngwana yo o suleng. O rapela Jehofa, mme o rapama mo godimo ga ngwana. Go ise go ye kae, mmele wa ngwana o a thuthafala, a bo a ethimola ga supa. Ruri mmaagwe o itumela fela thata fa a tsena mo phaposing mme a fitlhela mosimanyana wa gagwe a tshela!

Batho ba le bantsintsi ba sule. Seno se hutsafaditse ba malapa a bone le ditsala tsa bone fela thata. Ga re na maatla a go tsosa baswi. Mme Jehofa ene o na le one. Moragonyana re tla ithuta kafa a tla dirang ka gone gore batho ba le dimilionemilione ba tshele gape.

1 Dikgosi 17:8-24; 2 Dikgosi 4:8-37.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela