LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 10/1 ts. 9
  • 5 A go Botlhokwa Gore re Rapela Kae le Gone Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 5 A go Botlhokwa Gore re Rapela Kae le Gone Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thapelo e ka Nonotsha Botsala Jwa Gago le Modimo
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Jesu o re Ruta go Rapela
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Tshiamelo ya thapelo
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Ke Eng Fa re Tshwanetse go Rapela re sa Kgaotse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 10/1 ts. 9

5 A go Botlhokwa Gore re Rapela Kae le Gone Leng?

GA GO pelaelo gore o lemogile gore madumedi a le mantsi a gatelela gore batho ba tshwanetse go rapela mo matlong a a rileng a thapelo le gore ba rapele ka nako e e rileng ya letsatsi. A Baebele e re bolelela gore re tshwanetse go rapela kwa lefelong le le rileng kgotsa ka nako e e rileng?

Baebele e bontsha gore go na le dinako tse go tshwanelang gore re ka rapela ka tsone. Ka sekai, pele Jesu a ja le balatedi ba gagwe, o ne a rapela Modimo a mo leboga. (Luke 22:17) Mme fa barutwa ba gagwe ba ne ba phuthegile gore ba obamele Modimo, ba ne ba rapela mmogo. Ka jalo, ba ne ba dira tlwaelo e e neng e sa bolo go nna e dirwa kwa disinagogeng tsa Bajuda le kwa tempeleng kwa Jerusalema. Boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore tempele e nne “ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe.”—Mareko 11:17.

Fa batlhanka ba Modimo ba phuthegile e bile ba rapela mmogo, dithapelo tsa bone di ka utlwiwa. Fa setlhopha seo se le seoposengwe mo tseleng e se akanyang ka yone mme thapelo e dirwa go ya ka melaometheo ya Dikwalo, Modimo o a itumela. Thapelo eo e ka mo tlhotlheletsa gore a dire se a neng a ka se ka a se dira. (Bahebera 13:18, 19) Basupi ba ga Jehofa ba rapela ka metlha kwa dipokanong tsa bone. O lalediwa ka lorato gore o ye kwa Holong ya Bogosi e e fa gaufi le fa o nnang gone mme o ikutlwele dithapelo tseo.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re tlhomele nako kgotsa lefelo le re tshwanetseng go rapela kwa go lone. Mo Baebeleng, re fitlhela pego ya batlhanka ba Modimo ba ba neng ba rapela ka dinako tse di farologaneng le mo mafelong a a sa tshwaneng. Jesu o ne a re: “Fa o rapela, tsena mo phaposing ya gago mme, fa o sena go tswala setswalo sa gago, rapela Rrago yo o mo sephiring; mme Rrago yo o lebang mo sephiring o tla go duela.”—Mathaio 6:6.

Re ka rapela nako nngwe le nngwe le gongwe le gongwe

A seo ga se itumedise? O ka kgona go atamalana le Molaodimogolo wa lobopo lotlhe nako nngwe le nngwe, o le mo sephiring mme o tlhomamisegile gore o tla go utlwa. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo gantsi Jesu a ne a tswela kwa thoko a le esi gore a rapele! Nako nngwe o ne a fetsa bosigo jotlhe a rapela Modimo mme go bonala sentle gore o ne a batla gore a mo kaele fa a dira tshwetso e e botlhokwa thata.—Luke 6:12, 13.

Banna le basadi bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba rapela fa ba ne ba tshwanetse go dira ditshwetso tse di masisi kgotsa ba lebane le dikgwetlho tse di kgobang marapo. Ka dinako tse dingwe ba ne ba rapelela kwa godimo mme ka dinako tse dingwe ba rapelela mo pelong; ba ne ba rapela ba le setlhopha kgotsa ba le bosi. Selo sa botlhokwa ke gore ba ne ba rapela. Modimo o kopa batlhanka ba gagwe jaana: “Rapelang lo sa kgaotse.” (1 Bathesalonika 5:17) O iketleeleditse go reetsa ba ba dirang thato ya gagwe a sa kgaotse. A seno ga se re bontshe gore Jehofa o a re rata?

Ke boammaaruri gore, mo lefatsheng leno le le tletseng bopelotshetlha, batho ba le bantsi ba ipotsa gore a thapelo e ka ba solegela molemo. Gongwe o ka tswa o ipotsa jaana, ‘A e tla nthusa?’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela