LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 11/1 ts. 22-23
  • Molepero o a Fodisiwa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Molepero o a Fodisiwa!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Emelana le Thaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Gakgamatsa Bareetsi ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 11/1 ts. 22-23

Tsa Basha

Molepero o a Fodisiwa!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba konokono: Naamane, Elisha le mosetsana mongwe wa Moiseraele yo o sa buiwang ka leina

Tshobokanyo: Molaodi wa masole a Siria yo o bidiwang Naamane o fodisiwa bolwetse jo bo maswe fa mosetsana mongwe wa Moiseraele a sena go akantsha gore a ye kwa go Elisha.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA 2 DIKGOSI 5:1-19.

E re ka mosetsanyana yono wa Moiseraele a ne a tserwe kwa lelapeng la gaabo le le boifang Modimo, o akanya gore o ne a ikutlwa jang?

․․․․․

O akanya gore monna yo o nonofileng e bong Naamane, yo o neng a na le bolwetse jo bo koafatsang, o ne a ikutlwa a tlaletswe go le kana kang?

․․․․․

Fa o bala ka motlotlo wa ga Naamane le batlhanka ba gagwe o o mo go temana 11 go ya go 13, o akanya gore ba ne ba ikutlwa jang?

․․․․․

Fa o bala go simolola ka temana 15, o bona phetogo efe mo tseleng e Naamane a neng a ikutlwa ka yone?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Ke dilo dife tse di ka tswang di dirile gore Naamane a ikgogomose? (Bala temana 1 gape.)

․․․․․

O dirisa didirisiwa tse o nang le tsone tsa go dira dipatlisiso, batlisisa ka bolwetse jwa lepero mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele.a (Ka sekai, e ne e le bolwetse jo bo maswe go le kana kang? A bo ne bo tshelanwa? Bo ne bo alafiwa jang?)

․․․․․

O akanya gore go fodisiwa ga ga Naamane go ka tswa go ile ga ama mosetsanyana wa Moiseraele jang?

․․․․․

Se Elisha a ileng a se bua se ka tswa se ile sa leka Naamane jang? (Bona temana 10.)

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Dikotsi tsa go ikgogomosa.

․․․․․

Go bua ka bopelokgale ka dilo tse o di dumelang.

․․․․․

Maatla a ga Jehofa a go fodisa bolwetse.

․․․․․

4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA THATA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

FA O SE NA BAEBELE, KOPA BASUPI BA GA JEHOFA GORE BA GO NEYE YONE KGOTSA O BALE DIKGATISO TSE DINGWE TSA BAEBELE MO ATERESENG ENO YA INTERNET www.watchtower.org

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bolwetse jwa letlalo jo mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele bo neng bo itsege e le lepero bo akaretsa se gompieno se bidiwang Hansen’s disease.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela