LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 12/1 ts. 11
  • O Itse “Pelo ya Bomorwa Batho”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Itse “Pelo ya Bomorwa Batho”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Solomone ke Kgosi e e Botlhale
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • “O Tla Dira Gore o Mmone”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Solomone o Aga Tempele
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 12/1 ts. 11

Atamalana le Modimo

O Itse “Pelo ya Bomorwa Batho”

2 DITIRAGALO 6:29, 30

KE MANG mo go rona yo o iseng a ko a gatelelwe ke dikgwetlho le mathata a botshelo? Ka dinako tse dingwe go ka lebega e kete ga go ope yo tota a tlhaloganyang mathata a re lebanang le one kgotsa botlhoko jo re bo utlwang. Le fa go ntse jalo, go na le mongwe yo o tlhaloganyang sentle kafa re ikutlwang ka gone—Jehofa Modimo. Mafoko a thapelo ya ga Solomone a a mo go 2 Ditiragalo 6:29, 30 a ka re gomotsa.

Solomone o ne a rapela thapelo eo fa go ne go kgakolwa tempele ya kwa Jerusalema ka 1026 B.C.E. Mo thapelong eo e e ka tswang e le boleele jwa metsotso e le lesome, Solomone o tlotlomatsa Jehofa a re ke Modimo yo o ikanyegang, Modiragatsa ditsholofetso le Moutlwi wa thapelo.—1 Dikgosi 8:23-53; 2 Ditiragalo 6:14-42.

Solomone o kopa gore Modimo a utlwe dithapelo tsa baobamedi ba gagwe. (Temana 29) Le fa Solomone a umaka dilo di le dintsi tse di ngomolang pelo (temana 28), o bolela gore moobamedi mongwe le mongwe o itse “sebetso sa gagwe” e bile o utlwa “botlhoko jwa gagwe.” Motho yo mongwe a ka hutsafadiwa ke selo sengwe mme yo mongwe ene a ka nna a ngomolwa pelo ke sengwe se sele.

Mme le fa boemo e ka tswa e le bofe, batho ba ba boifang Modimo ga ba tlhoke go sikara mathata a bone ba le bosi. Mo thapelong ya gagwe, Solomone o akantse ka moobamedi yo o ‘otlololang magofi a gagwe,’ a rapela Jehofa go tswa pelong.a Gongwe Solomone o gakologelwa gore fa rraagwe e bong Dafide a ne a ngomogile pelo, o ne a re: “Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa.”—Pesalema 55:4, 22.

Jehofa o tla araba jang fa batho ba kopa thuso ka bopeloephepa? Solomone o rapela Jehofa jaana: “E kete o ka utlwa o le kwa magodimong, lefelo la gago la bonno, mme o itshwarele le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsotlhe tsa gagwe.” (Temana 30) Solomone o itse gore “Moutlwi wa thapelo” o amega ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe e seng fela fa ba le setlhopha. (Pesalema 65:2) Jehofa o thusa ba ba tlhokang thuso, go akaretsa le go itshwarela moleofi yo o boelang kwa go ene ka pelo yotlhe.—2 Ditiragalo 6:36-39.

Ke ka ntlha yang fa Solomone a tlhomamisegile gore Jehofa o tla araba thapelo ya moobamedi wa gagwe yo o ikwatlhayang? Solomone o tswelela jaana mo thapelong ya gagwe: “Ka gonne [wena Jehofa] o itse pelo ya gagwe (gonne wena ka bowena o le nosi o itse sentle pelo ya bomorwa batho).” Jehofa o itse sebetso kgotsa botlhoko jo moobamedi mongwe le mongwe yo o ikanyegang a ka tswang a bo utlwa, mme o amega ka matshwenyego a gagwe.—Pesalema 37:4.

Thapelo ya ga Solomone e ka re gomotsa. Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya ka botlalo ka fa re ikutlwang ka gone—‘sebetso sa rona’ le ‘botlhoko jwa rona.’ (Diane 14:10) Mme Jehofa o itse se se mo pelong ya rona e bile o amega thata ka rona. Go mmulela mafatlha fa re rapela go ka dira gore re kgone go itshokela mathata a rona. Baebele ya re: “[Latlhelang] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele go ‘otlolola magofi,’ go tsholetsa diatla o lebisitse magofi kwa godimo, e ne e le sengwe se batho ba neng ba se dira fa ba rapela.—2 Ditiragalo 6:13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela