A Baebele e Kgala go Betšha?
GANTSI difilimi le mananeo a thelebishene a a rategang a bontsha go betšha—segolobogolo kwa dikhasinong—e le boitlosobodutu jwa batho ba bantle, ba ba humileng le ba maemo. Gone ke boammaaruri gore gantsi batho ba ba di lebelelang ba lemoga gore di itlhametswe fela.
Ntle le go betšha kwa dikhasinong, gompieno batho ba betšha thata le ka dithekete tsa lothari, ba betšha metshameko e bile ba betšha mo Internet. Buka ya Internet Gambling ya re go betšha “ke mokgwa o o batlileng o aparetse lefatshe lotlhe o o anamang ka lobelo lo logolo.” Ka sekai, motshameko wa dikarata o setse o tlwaelegile thata mo thelebisheneng le mo Internet. Go ya ka lokwalodikgang longwe, baitse ba fopholetsa gore kwa United States, palo ya batho ba ba tshamekang dikarata e ne ya oketsega go menagane gabedi mo lobakeng lwa dikgwedi di le 18 bosheng jaana.
Go betšha go tlhalosiwa e le go ntsha madi mme o sa tlhomamisega gore a tla go boela. Batho ba le bantsi ba re go betšha ga go phoso fa fela motho a betšha ka madi a gagwe e bile a sa tshwakgoge. Tota e bile, New Catholic Encyclopedia ya re go betšha “ga go lebiwe e le boleo fa go sa thibele motho gore a diragatse boikarabelo jwa gagwe.” Le fa go ntse jalo, ga go na ditemana dipe tsa Baebele tse di umakilweng tse di tshegetsang kgang eno. Ka jalo, Mokeresete o tshwanetse go leba kgang eno jang? A Baebele e amogela go betšha kgotsa e a go kgala?
Re tshwanetse go ela tlhoko gore Dikwalo Tse di Boitshepo ga di bue ka tlhamalalo ka go betšha. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore ga go sepe se se ka re kaelang mo kgannyeng eno. Baebele ga e beye melao ya sengwe le sengwe kgotsa boemo bongwe le bongwe mme e re kgothaletsa go ‘tswelela re lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.’ (Baefeso 5:17) Mokanoki mongwe wa Baebele e bong E. W. Bullinger a re lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘go lemoga,’ le kaya go kopanya dintlha tsa kgang nngwe “ka go akanya ka yone, kitso e e bonwang ka go akanyetsa dilo kwa teng.” Ka jalo, Mokeresete a ka lemoga thato ya Modimo mo kgannyeng eno ka go akanya ka melaometheo ya Baebele e e amanang le go betšha. Fa o ntse o bala ditemana tse di umakilweng mo setlhogong seno o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A go betšha go dumalana le temana eno? Lefoko la Modimo la re thato ya gagwe ke eng ka kgang eno?’
Kgogedi ya go Batla go Iteka Lesego
E re ka go betšha go akaretsa go solofela dilo tse o sa tlhomamisegang ka tsone, tumelo ya gore o tla nna lesego ka ntlha ya maatla mangwe a masaitseweng a go akanngwang gore a laola ditiragalo, e na le seabe se segolo, segolobogolo fa go betšhiwa ka madi. Ka sekai, batho ba ba betšhang ka dithekete tsa lothari ba tlhopha dinomoro tse di rileng tse ba akanyang gore ba ka fenya ka tsone; mo motshamekong wa tumelabotlhodi wa mah-jongg go dumelwa gore go na le mafoko a a sa tshwanelang go buiwa; mme ba ba tshamekang ditaese ba di butswela pele ba di latlhela. Ka ntlha yang? Gantsi batho ba ba betšhang ba dumela gore lesego le ka nna la dira gore ba fenye.
A go ikanya masego ke motshameko fela o o seng kotsi? Batho bangwe kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba akanya jalo. Ba ne ba dumela gore masego a ne a ka dira gore ba hume. Jehofa Modimo o ne a ikutlwa jang ka kgang eno? Modimo o ne a dirisa moporofeti wa gagwe e bong Isaia go ba raya a re: “Lona lo ba ba tlogelang Jehofa, ba ba lebalang thaba ya me e e boitshepo, ba ba rulaganyetsang modimo wa Masego tafole le ba ba tlaletsang modimo wa Bokamoso beine e e tlhakantsweng.” (Isaia 65:11) Modimo o leba go dumela mo masegong e le tsela nngwe ya go obamela medingwana e bile go sa dumalane le kobamelo ya boammaaruri. Go dira jalo go bontsha gore motho o ikanya maatla mangwe a a ikakanyediwang go na le go ikanya Modimo wa boammaaruri. Ruri Modimo o sa ntse a leba dilo ka tsela eo.
Kafa Madi a Gapiwang ka Gone
Le fa batho ba ka tswa ba betšha mo Internet, ba reka thekete ya lothari, ba betšha motshameko kgotsa ba betšha kwa khasinong gantsi ga ba nke ba akanya gore madi a ba batlang go a gapa a tswa kae. Go betšha go farologana le go reka mo go tlwaelegileng ka gonne motho yo o betšhang o batla go gapa madi a batshameki ba ba sa fenyang ba betšhitseng ka one.a Setheo sa kwa Canada sa Centre for Addiction and Mental Health sa re: “Nako le nako fa motho a gapa milione go a bo go na le dimilione tsa batho ba ba neng ba betšhitse mme ba sa fenya!” Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka thusang Mokeresete go tlhaloganya kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka kgang eno?
Molao wa bofelo wa Melao e e Lesome e e neng ya newa Baiseraele wa re: “O se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe le fa e le lelata la gagwe le fa e le poo ya gagwe le fa e le esele ya gagwe le fa e le sepe fela se e leng sa mongwe ka wena.” (Ekesodo 20:17) Go eletsa dilo tsa mongwe ka wena—dithoto tsa gagwe, khumo le madi—e ne e le boleo jo bo masisi jo bo neng bo umakilwe mmogo le go eletsa mosadi wa gagwe. Makgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a boeletsa taelo eno mo Bakereseteng a re: “O se ka wa eletsa ka bopelotshetlha.” (Baroma 7:7) A Mokeresete yo o batlang go gapa se se latlhegetseng yo mongwe a ka tswa a eletsa ka bopelotshetlha?
Mokwalakgang mongwe e bong J. Phillip Vogel o ne a kwala jaana: “E ka tswa [bontsi jwa batho ba ba betšhang] ba dumela kgotsa ba sa dumele, pele ba betšha, mo pelong ba a bo ba eletsa gore madi a ba betšhang ka one—le fa e le didolara di se kae fela—a boe a le mantsi.” Batho bano ba ba betšhang ba eletsa go huma ka ponyo ya leitlho ka madi a ba sa a berekelang. Ga go pelaelo gore seno ga se dumalane le kgakololo ya Baebele ya gore Mokeresete o tshwanetse go ‘dira ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.’ (Baefeso 4:28) Gape moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Fa motho ope a sa batle go dira, lo se ka lwa mo letla go ja.” O ne a oketsa ka go re: “Ba je dijo tse bone ka bobone ba di diretseng.” (2 Bathesalonika 3:10, 12) A mme re ka re go betšha ke tiro?
Le fa go betšha e le motshameko o o ka ngamolang motho tlhogo, madi ape a motho a a newang ke a a a gapileng e seng a a a bereketseng kgotsa a a a neilweng ka go bo a dirile tiro nngwe. Mo motshamekong wa go betšha, motho o betšha ka madi a sa tlhomamisege gore o tla fenya mme a iteka lesego fela a solofetse gore letsatsi lengwe dilo di tla mo tsamaela sentle. Tota re ka re motho yo o betšhang o batla go boelwa mme a sa dira sepe. Kafa letlhakoreng le lengwe Bakeresete ba boammaaruri ba kgothalediwa go berekela madi ka boikanyegi. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.” Go tswa foo, o ne a oketsa ka go re: “Seno se tswa mo seatleng sa Modimo wa boammaaruri.” (Moreri 2:24) Ee, batlhanka ba Modimo ga ba theye tsholofelo ya bone mo go ijeseng dijo tsa ditoro e bile ga ba senke ditsela tse di motlhofo le tse di bofefo tsa go dira madi mme ba leba kwa Modimong gore a ba segofatse le gore ba itumele.
“Seru” se se Tshwanetseng go Tilwa
Tota le fa motho yo o betšhang a ka fenya go ne go sa lebelelwa, go ka nna molemo gore a se ka a akanya fela ka monate wa nakwana wa go fenya mme a akanye ka ditlamorago tse di tsayang lobaka lo loleele tsa go betšha. Diane 20:21 ya re: “Boswa bo bonwa ka bogagaru la ntlha, mme isagwe ya jone ga e na go segofadiwa.” Batho ba le bantsi ba ba ileng ba tshwara lothari le ba bangwe ba ba ileng ba betšha ba bo ba fenya, ba lemogile ka kutlobotlhoko gore dikhumo tse ba di gapileng ga di a ba tlisetsa boitumelo. A bo go le molemo jang ne gore re reetse kgakololo ya Baebele ya gore re se ka ra solofela mo “dikhumong tse di sa tlhomamang, mme [re] solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.”—1 Timotheo 6:17.
Go na le seru se sengwe se se amanang le go betšha se re tshwanetseng go se tila kwantle ga go gapa madi le go fenngwa. Lefoko la Modimo la re: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” (1 Timotheo 6:9) Seru se diretswe go tshwara sengwe. Batho ba le bantsi ba ba neng ba ikemiseditse go betšha ka madi a le mannye kgotsa go iteka lesego ka go betšha ka makgetlo a se kae fela, ba ile ba tshwakgolwa ke go betšha ba bo ba palelwa ke go tlogela mokgwa ono. Go betšha go senyeditse batho ditiro, go utlwisitse baratiwa ba bone botlhoko e bile go thubile malapa.
E re ka o sekasekile ditemana di le dintsi tse di malebana le kgang ya go betšha, a o lemoga se thato ya Modimo e leng sone mo kgannyeng eno? Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ka ene a re: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Botshelo jwa Mokeresete bo tshwanetse go laolwa ke thato ya Modimo e seng ke tsela e batho ba bantsi ba lebang dilo ka yone. E re ka Jehofa e le “Modimo yo o itumetseng,” o batla gore re itumelele botshelo, re sa nne le ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa go wela mo serung sa go betšha.—1 Timotheo 1:11.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Makasine wa Tsogang! wa October 8, 2000 (ka Seesemane), tsebe 25 go ya go 27, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, o tlhalosa sentle kafa go beeletsa madi kwa mmarakeng wa go beeletsa dishere go farologanang ka gone le go betšha.
[Mafoko a a mo go tsebe 14]
Batlhanka ba Modimo ba berekela madi ka boikanyegi
[Lebokoso mo go tsebe 13]
Boitumelo Jwa go Fenya
A go ka nna motlhofo gore motho a lemalele go betšha a bo a tshwakgoge? Fa Dr. Hans Breiter a sena go dira dipatlisiso ka tsela e batho ba itshwarang ka yone fa ba sena go fenya kgotsa go jewa o ne a re, “fa motho a bona madi ka go dira sengwe se se jaaka go betšha, boboko jwa gagwe bo tsiboga jaaka jwa motho yo o tshwakgotsweng ke khokeine fa a sena go e dirisa.”
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Batho ba ba betšhang ba solofetse go gapa madi a bomang?