LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 8/8 ts. 20-21
  • A Go Betšha go Siametse Bakeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Go Betšha go Siametse Bakeresete?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Fa Batho ba Betšha?
  • Tsela e Modimo o go Lebang ka Yone
  • Ke Eng se se Phoso ka go Betšha?
    Tsogang!—2002
  • Basha Bomaithutwane ba Basha ba go Betšha!
    Tsogang!—1995
  • A Baebele e Kgala go Betšha?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A Totatota Go Betšha Ke Selo Se Se Sa Siamang Go Le Kalokalo?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 8/8 ts. 20-21

Kgopolo E E no Bibeleng

A Go Betšha go Siametse Bakeresete?

GO BETŠHA KE TLWAELO E E SENYANG MADI. GANTSI GO JELA MOTHO HALOFO YOTLHE YA TUELO YA GAGWE E BILE GO TSENYA MOTHO MO MELATONG E MEGOLO. TLWAELO ENO E KA SENYA MANYALO LE DITIRO TSA BOTSHELO JOTLHE TSA BATHO MME GAPE E KA DIRA GORE BANGWE BA AMEGE MO GO TLOLENG MOLAO. BATHO BA YONE BA KA TSHWAKGOGA MME BA KA BOGA THATA FA BA SENA GO E TLOGELA, FELA JAAKA GO NTSE KA BATHO BA BA TSHWAKGOTSWENG KE DILO TSE DINGWE.

GO BETŠHA go aname thata jaana mo e bileng dinaga dingwe di go bitsang “tsela ya setšhaba ya go iphokisa phefo.” Lefa go ntse jalo, tota go betšha ke eng? Go betšha ke “go beeletsa se se tla diregang mo isagweng,” go rialo The World Book Encyclopedia. “Gantsi batho ba ba betšhang ba betšha ka madi kana sengwe fela sa boleng jo bo kwa godimo e le peeletso ya se ba se bonelang pele. Fa go sena go direga jalo, yo o fentseng o tsaya peeletso ya yo o fentsweng.”

Go betšha ga se selo sa maabane fela jaana. Bamaya ba bogologolo ba kwa Central America ba kile ba ne ba tshameka motshameko o o tumileng thata wa bolo o o bidiwang poktatok—o Baaseteke ba o bitsang tlachtli—“o mo go one bangwe fa ba fetsa go fenngwa dikhumo tsa bone [ka go betšha ka tsone mo motshamekong ono], ba beeletsang ka matshelo a bone,” go rialo makasine wa Américas. Batho bano ba bogologolo ba ne ba tshwakgoga, mo ka dinako tse dingwe ba neng ba “tsenya matshelo a bone a bokgoba mo kotsing fela ka ntlha ya madinyana a motshameko ono wa bolo ya raba.”

Ke eng fa batho ba le bantsi ba tshwakgolwa ke go betšha? Go ya ka Duane Burke, poresidente wa Public Gaming Research Institute kwa United States, “batho ba le bantsi ba tsaya go betšha e le tsela e e itshiametseng fela ya go itlosa bodutu.” Tota le mekgatlho mengwe ya bodumedi e dumalana le go dirisa go betšha jaaka tsela e go ka kgobokanngwang madi ka yone.

Le mororo go betšha go tumile thata e bile go tswa kgakala, a ke tsela fela e e sa reng sepe e Bakeresete ba ka fetisang nako ka yone? Kana a go na le sengwe gape?

Ke Eng Fa Batho ba Betšha?

Ka bokhutshwane, ba batla go fenya. Mo bathong ba ba betšhang, go betšha ke tsela e e itumedisang le e e bonako ya go dira madi kwantle ga matsapa a motho o ka bong a a dira mo tirong ya boitshediso. Ba fetsa nako e ntsi ba ijesa dijo tsa ditoro ka “phenyo e kgolo” le kafa mausausa ao a tla ba tumisang ka gone le melemo e ba tla e bonang.

Lefa go ntse jalo, go ka direga thata gore go se ka ga nna jalo. Ka sekai, rradipalopalo e bong Ralf Lisch o bolela gore kwa Jeremane “go ka nna ga direga gore o itewe ke legadima ganè mo ngwageng o le mongwe fela go na le gore o [fenye] mo [dilotaring tsa go betšha tsa Jeremane] fa o betšhitse.” Fa e le gore seo ga se go tlhatswe pelo, o oketsa jaana ka go bapisa ka se sengwe: “Fa o le monna, go ka direga ka makgetlho a le 7 000 gore o tshware [dingwaga tse] 100 go na le gore [o fenye lotari].” Motho yo o betšhang o ka nna a bo a itse seo mme a go itlhokomolosa. Ka jalo, ke eng se se dirang gore a nnele go betšha?

Go ya ka Dr. Robert Custer, mo bukeng ya gagwe ya When Luck Runs Out, batho bangwe ba ba betšhang, “ba batla fela go fenya madi. . . . Mo go bone selo sa botlhokwa ke go batla mo go oketsegileng, go batla go tlotliwa, go galelwa go madi a ka go mo leretseng.” O oketsa ka gore ba batla fela go “itumelela go supa mausausa a ba a fentseng kana fela gore ba kgone go re, ‘Ke fentse makgolokgolo a le kana’ le go galalediwa.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, go fenya—le boitumelo jo go bo lereng—ga go a lekana mo bathong ba bangwe ba ba betšhang. Keletso ya go betšha e ka gola thata mo ba sa kgoneng go laola go betšha ga bone. Mo patlisisong nngwe e Dr. Custer a neng a e dira mo malokong a mokgatlho wa Gamblers Anonymous, 75 lekgolong ya ba go neng ga dirwa patlisiso mo go bone ba ne ba bolela fa ba tle ba ipelafatse ka gore ba a fenya fa tota ba ne ba fenngwa! Ee, go betšha go ka go tshwakgola thata fela jaaka go tshwakgolwa ke tagi kana diokobatsi tse dingwe. Ke ba le kae ba ba betšhang ba ba duleng mo go nneng baitlosabodutu fela ka gone mme jaanong ba fetogile makgoba a go betšha? Ke ba le kae ba ba ntseng jalo mme ba sa itemoge ka gope?

Tsela e Modimo o go Lebang ka Yone

Bibela ga e bue ka go betšha ka botlalo. Lefa go ntse jalo, e na le melaometheo e e ka re thusang go bona gore Modimo o go leba jang.

Ditiragalo di bontshitse gore go betšha go supa bopelotshetlha. Bibela e kgatlhanong thata le bopelotshetlha, e tlhagisa gore ‘ga go motho ope yo o [pelotshetlha, NW] yo o ka dihanang le boswa bope mo bogosing jwa Modimo.’ (Baefesia 5:5) O ka bona matshwao a bopelotshetlha lefa motho yo o betšhang a fenngwa. Go ya ka motlhankedi mongwe, motho yo o betšhang “o ka leka go gapa gape se se gapilweng mo go ene—a batla go ‘fenya go feta.’ Tota le fa a fenya go feta, o betšha go feta, mo a felelang a ‘fentswe go feta.’” Ee, ruri go betšha ke monwana le lonala le bopelotshetlha.

Bangwe ba dirisa go betšha e le tsela ya go supa boikgogomoso. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo bathong ba ba sa kgoneng go laola go betšha ga bone e ne ya supa gore 94 lekgolong ya bone e ne e leba go betšha e le “selo se se ba nayang seriti,” mme 92 lekgolong ya bone e ne ya re ba ikutlwa e le “batho ba botlhokwa” fa ba betšha. Lefa go ntse jalo, Modimo o re: “Boikgodishō, le bogōma, . . . ke dilō tse ke di ilañ.” Ka gone, Bakeresete ba kgothalediwa go nna bori le boikokobetso.—Diane 8:13; 22:4; Mika 6:8.

Go betšha gape go ka dira gore motho a nne bobodu, ka jaana go lebega e le tsela e e motlhofo ya go dira madi kwantle ga matsapatsapa a go bereka. Mme gone, Lefoko la Modimo ka phepafalo le kgothaletsa Bakeresete go nna dinatla mo tirong.—Baefesia 4:28.

Mo godimo ga moo, se batho ba ba betšhang ba se bitsang gore ke go iteka lesego, se ba gapa maikutlo thata, mo ba se dirang modingwana wa bone. Seno se tshwana le pego ya Bibela kaga batho ba ba neng ba “baakanyetsa modimo wa Masego, lomati lwa bojelo.” Ka ntlha ya mekgwa eno ya bone ya kobamelo ya medimo ya disetwa, ba ne ba lebanwe ke “tshaka.”—Isaia 65:11, 12, NW.

Go tweng fa motho a newa tekete ya mahala ya lotari kana madi gore a betšhe ka one? Go amogela selo se se ntseng jalo e tla bo e le go ema ditiro tsa go betšha nokeng—ditiro tse di sa dumelaneng le melaometheo ya Modimo.

Nnyaa, go betšha ga go a siamela Bakeresete. Jaaka fa mokwadi wa makasine mongwe a bolela, ‘ga se fela gore go betšha go phoso mme gape go a humanegisa.’

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Valentin/The Cheaters, Giraudon/Art Resource

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela