LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 5/1 ts. 5
  • Polelelopele 2. Leuba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Polelelopele 2. Leuba
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele e a Reng ka Ditlhaelo Tsa Dijo?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Go Leka go Fepa Batho ba le Bilione
    Tsogang!—2005
  • Lefatshe Le le Se Nang Tlala?
    Tsogang!—2005
  • A Tota Batho Ba Tlhoka Mesia?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 5/1 ts. 5

Polelelopele 2. Leuba

“Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.”—MAREKO 13:8.

● Monna mongwe o tshabela tlala kwa motseng wa Quaratadji, kwa Niger. Bontsalae le bomonnawe ba basetsana le ba basimane le bone ba tlile ba tswa kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa naga ba tshabile tlala. Le fa go ntse jalo, monna yono o robetse a le nosi fa fatshe mo mosemeng. Ke ka ntlha yang fa a le nosi? Kgosana ya motse e bong Sidi o tlhalosa jaana: “Ga a kgone go tlamela [ba lelapa la gagwe] e bile ga a kgone go itshokela go ba bona ba boga.”

DITIRAGALO DI BONTSHA ENG? Mo lefatsheng lotlhe, mo e ka nnang motho a le 1 mo go ba le 7 ga a bone dijo tse di lekaneng letsatsi le letsatsi. Kwa dinageng tse di kwa borwa jwa Sahara mo Afrika, seemo se maswe le go feta ka gonne motho a le 1 mo go ba le 3 o tlhoka dijo ka lobaka lo loleele. Gore o bone seemo seno ka leitlho la mogopolo, akanya ka lelapa le le nang le rre, mmè le losea. Fa e le gore go na le dijo tse di lekanang ba le babedi fela, di tla tlhaela mang? Rre? mmè? losea? Letsatsi le letsatsi malapa a a tshwanang le leo a tshwanelwa ke go ipotsa potso eo.

GANTSI BATHO BA GANETSA BA RENG? Lefatshe le tlhagisa dijo tse di neng di ka lekana batho botlhe tsa ba tsa sala. Go tlhokega fela gore dikungo tsa lefatshe di anamisiwe sentle.

A GO A UTLWALA GO BO BA GANETSA JALO? Gone ke boammaaruri gore balemi ba ka lema ba bo ba anamisa dijo tse dintsi go gaisa le fa e le leng pele mo hisitoring. Dipuso tsa batho di ne di tshwanetse go kgona go laola tsela e dijo di anamisiwang ka yone go rarabolola bothata jwa tlala. Mme le fa di lekile ka masomesome a dingwaga, di paletswe.

O AKANYANG? A Mareko 13:8 e a diragadiwa? Le fa botegeniki bo gatetse pele, a go na le tlhaelo ya dijo mo lefatsheng lotlhe?

Gantsi morago ga dithoromo tsa lefatshe le leuba go nna le mathata a a bakwang ke karolo e nngwe ya sesupo sa metlha ya bofelo.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Bana ba palo e e fetang nngwetharong ya bana ba ba bolawang ke nyumonia, letshololo le malwetse a mangwe, ba ka bo ba sa swa fa ba ka bo ba ne ba fepilwe sentle.”—ANN M. VENEMAN, YO E NENG E LE MOKAEDIMOGOLO WA UN CHILDREN’S FUND.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

© Paul Lowe/Panos Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela