LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/1 ts. 2-4
  • A Tota Batho Ba Tlhoka Mesia?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tota Batho Ba Tlhoka Mesia?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Go Na Le Tlala E Ntsi Jaana?
  • A Ga Go Na Tharabololo?
  • Bana Ba mo Dipharagobeng
    Tsogang!—1992
  • A Batho Ba Ka Tlisa Kagiso ya Go ya Go Ile le Polokesego?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Maiteko a a Ntseng a Dirwa a go Batla Ditharabololo
    Tsogang!—2000
  • Baebele e a Reng ka Ditlhaelo Tsa Dijo?
    Ditlhogo Tse Dingwe
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/1 ts. 2-4

A Tota Batho Ba Tlhoka Mesia?

“LEFATSHE LE TLHOKA MESIA, GO BOLELA JALO MOTLHANKEDI”

Setlhogo seo sa lokwalodikgang se ne sa tlhaga mo go The Financial Post ya Toronto, Canada, ka 1980. Motlhankedi yo o tsopotsweng fano e ne e le Aurelio Peccei, poresidente le mosimolodi wa setheo se se itsegeng thata se se thusang batho go rarabolola mathata a bone se se bidiwang Club of Rome. Go ya ka Post, Peccei o ne a dumela gore “fa go ka nna le moeteledipele yo o kgonang go gapa batho maikutlo—mo go tsa saense, bopolotiki, kana bodumedi—seno e ne e ka nna sone fela selo se se ka gololang lefatshe mo mathateng a magolo a loago le a itsholelo ao a gomagometsang go senya tlhabologo.” Wena o bona jang? A tota lefatshe leno le mo pitlaganong e kgolo mo ebileng batho ba tlhoka Mesia? Ela tlhoko bothata bo le bongwe fela mo gare ga mathata a lefatshe leno le lebaneng le one—tlala.

SETSHWANTSHO sengwe mo pampiring ya dikgang kana mo makasineng se go tsepa ka matlho a mabedi a makima a marokwa. Ke matlho a ngwana, mosetsanyana yo monnye yo e bileng a le ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano. Mme lefa go ntse jalo matlho ano ga a go dire gore o nyenye. Ga a phatsime jaaka a ngwana, ga a supe go gakgamalela dilo ka boitumelo, ga a bontshe go tshepa dilo fela kwantle ga go belaela sepe. Go na le moo, se a se supang fela ke botlhoko jo a sa itseng gore bo tswa kae, setlhabi se se fitlhegileng, tlala e go senang tsholofelo ya gore e ka fela. Ngwana yo o a swa ke tlala. Go tlhajwa ke setlhabi le go tshwarwa ke tlala ke tsone fela dilo tse a di itseng.

Gongwe, jaaka batho ba le bantsi, ga o rate go lebelela ditshwantsho tse di ntseng jalo ruri, ka jalo o fetisa tsebe eo ka bonako. Ga o dire jalo ka gonne o sa amege, mme ke ka gonne o ikutlwa o kgobegile marapo ka ntlha ya gore o belaela gore go setse go le thari go thusa mosetsana yo. Maoto a masesane le dimpa tse di budulogileng di supa gore mmele wa gagwe ga o sa tlhole o na le mosola. Gongwe ka nako ya fa o bona setshwantsho sa gagwe, o setse a sule. Se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore, o a itse gore kgang e e ntseng jaana ga e a diragalela ena fela.

Bothata jono bo atile go le kana kang? A o kgona go bona ka matlho a mogopolo bana ba le dimilione tse 14? Bontsi jwa rona bo ka se kgone; gore palo eo e kwa godimo thata gore o ka e tshwantsha mo mogopolong. Jaanong, a ko o akanye fela ka setediamo se se kgonang go tsenya batho ba le 40 000. Jaanong akanya fela se tletse se rile thi ka bana—mela e mentsintsi eo ka go tlhomagana ga yone, boidiidi jwa difatlhego. Le gone moo go thata gore o ka go akanya. Lefa go ntse jalo, go ka tlhoka disetediamo tse di ntseng jalo di le 350 di tletse ka bana gore di dire dimilione tse 14. Go ya ka UNICEF (United Nations Children’s Fund), eno ke palo e e tshosang ya bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano ba ba swang ngwaga le ngwaga ka ntlha ya phepelo tlase le malwetsi a a ka alafiwang bonolo mo dinageng tse di santseng di tlhabologa. Palo eo e lekana le mo e ka nnang setediamo se le sengwe se tletse ka bana ba ba swang letsatsi le letsatsi! Fa o tlhakanya palo eno le palo ya bagolo ba le bone ba bolawang ke tlala, o bona palogotlhe ya batho ba ba ka nnang dimilione di le sekete lefatshe ka bophara ba ba fepelwang tlase ka lobaka lo loleele.

Ke Ka Ntlha Yang Fa Go Na Le Tlala E Ntsi Jaana?

Gone jaanong jaana polanete eno e ntsha dijo tse dintsi go feta tseo batho ba di jang, mme e ka kgona go ntsha dijo tse di oketsegileng go feta foo. Lefa go ntse motsotso mongwe le mongwe go swa bana ba le 26 ka ntlha ya phephelotlase le malwetsi. Ka one motsotso oo fela, lefatshe le senya R5 500 000 go baakanyetsa ntwa. A o ka akanya fela gore madi ao otlhe—kana karolwana fela ya one—a ne a ka direla bana bao ba ba 26 eng?

Go bonala sentle gore, ga go kake ga tsewa bonolo fela gore tlala e e mo lefatsheng e bakiwa ke go tlhoka dijo kana madi. Bothata jono bo bogolo thata go feta moo. Jaaka Jorge E. Hardoy yo eleng porofesa wa kwa Argentina a tlhalositse, “lefatshe lotlhe le na le bothata jo bo tseneletseng jwa go sa kgone go neela batho kgomotso, maatla, nako, dilo tse di ka lereng madi le kitso, ba di abela batho ba ba di tlhokang go ba feta.” Ee, bothata ga bo mo dilong tse di ka leretseng motho madi, mme bo mo mothong ka boene. Go bonala gore bogagaru le bopelotshetlha ke tsone maatla a a renang mo mokgatlhong wa batho. Nngwe tlhanong ya batho ba ba mo lefatsheng ba ba humileng go gaisa botlhe ba nna le dithoto ebile ba direlwa dilo go feta nngwe tlhanong ya ba ba humanegileng go gaisa botlhe go menagane ga 60.

Ke boammaaruri, batho ba bangwe ba leka ka pelo yotlhe go isetsa batho ba ba bolawang ke tlala dijo, mme lefa go ntse jalo maiteko a bone a fekeediwa ke dilo dingwe tse ba sa kgoneng go di laola. Lešekere la tlala gangwe le gape di tlhasela dinaga tse di kgautlhantsweng ke ntwa ya selegae kana ke ditsuolodi, mme go tlwaelegile gore ditlhopha tsa batho tse di lwang di thibele dithoto tsa namolo leuba gore di se ka tsa fitlha kwa bathong ba ba tlhokang. Matlhakore oomabedi a tshaba gore fa a dumelela dijo gore di fiwe baagi ba ba bolawang ke tlala ba ba mo nageng ya mmaba wa one, a tla bo a fepa baba ba one. Dipuso ka botsone di dirisa tlala jaaka sebetsa sa bopolotiki.

A Ga Go Na Tharabololo?

Ka maswabi, bothata jwa dimilione tse di bolawang ke tlala ga se jone fela bothata jo bo masisi jo bo tshwentseng batho mo motlheng ono. Go senyakaka tikologo go go tletsetletseng le go e kgotlela, sebetso sa ntwa e e nnetseng ruri e e bolayang batho ba le dimilionemilione, leroborobo la go tlola molao go go maswemaswe go go tsalang poifo le go sa tshepane gongwe le gongwe, le boitshwaro jo bo nntseng bo maswafalela pele jo go bonalang e le jone jo bo bakang malwetsi a mantsintsi ano—mathata ano otlhe a a masisi a a aparetseng kgolokwe yotlhe a a thusana, jaaka go ka tualo, go tlhomamisa boammaaruri bo le bosi jo bo ka se keng jwa ganediwa—e leng gore motho a ka se ka a ipusa ka katlego.

Ga go belaetse gore leo ke lone lebaka la go bo batho ba le bantsi ba itlhobogile gore ba ka se ke ba bone tharabololo ya mathata a lefatshe. Ba bangwe ba ikutlwa fela jaaka Aurelio Peccei a ne a ikutlwa, ebong mokanoki wa kwa Italy yo go builweng ka ena kwa tshimologong. Ba akanya gore fa e le gore tharabololo e ka nna teng, e tshwanetse go tswa kwa motsweding o o sa tlwaelegang—gongwe ebile e le o o nang le nonofo e e fetang ya motho. Ka gone, kgopolo ya gore mesia o a tlhokega e ikuela fela thata. Mme lefa go ntse jalo a tota go a utlwala go solofela mo go mesia? A kana tsholofelo e e ntseng jalo ke go ijesa dijo tsa ditoro fela?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Cover photos: Top: U.S. Naval Observatory photo; Bottom: NASA photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

WHO photo by P. Almasy

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 4]

WHO photo by P. Almasy

U.S. Navy photo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela