LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 5/1 ts. 10
  • Botshelo jo bo Itumedisang bo Gaufi!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo jo bo Itumedisang bo Gaufi!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Baebele Buka—Ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka Karolo 8
    Tsogang!—2012
  • Lefatshe Le Lesha Le Le Molemolemo Le Le Dirilweng Ke Modimo
    A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?
  • Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 5/1 ts. 10

Botshelo jo bo Itumedisang bo Gaufi!

“Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—PESALEMA 37:10, 11.

A O KA rata go bona boporofeti jo bo nopotsweng fa godimo bo diragadiwa? Kwantle ga pelaelo o ka rata. Go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore bo tla tloga bo diragadiwa.

Ditlhogo tse di fetileng di tlhalositse dingwe tsa dipolelelopele tsa Baebele tse di bontshang sentle gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Modimo o ne a tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele go bolelela pele ditiragalo tseo gore re nne le tsholofelo. (Baroma 15:4) Go diragadiwa ga dipolelelopele tse di ntseng jalo go kaya gore mathata a re lebaneng le one gone jaanong a tla tloga a fela.

Go tla diragalang morago ga metlha ya bofelo? Bogosi jwa Modimo bo tla busa batho botlhe. (Mathaio 6:9) Ela tlhoko kafa Baebele e tlhalosang ka teng gore maemo a lefatshe a tla bo a ntse jang ka nako eo:

● Tlala e tla fedisiwa. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

● Bolwetse bo tla fedisiwa. “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

● Lefatshe le tla ntšhafadiwa. “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone.”—Isaia 35:1.

Tseno ke dipolelelopele di se kae fela tse di kgothatsang tsa Baebele tse di tla tlogang di diragadiwa. Ke eng fa o sa kope Basupi ba ga Jehofa gore ba go bontshe gore ke ka ntlha yang fa ba tlhomamisegile jaana gore botshelo jo bo itumedisang bo gaufi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela