LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 8/15 ts. 22
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dipalogotlhe Tsa 2021
    Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 2021 ya Basupi ba ga Jehofa
  • Dipalogotlhe Tsa 2017
    Pego ya Ngwaga wa Tirelo wa 2017 ya Basupi ba ga Jehofa
  • Dipalogotlhe Tsa 2015
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 8/15 ts. 22

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Re tshwanetse go tlhaloganya jang dipalo tse di mo pegong ya tirelo ya ngwaga le ngwaga?

Ngwaga le ngwaga re nna re lebile pele go bona pego ya tirelo e e gatisiwang mo go Yearbook. Go a itumedisa go bona se batho ba ga Jehofa e le setlhopha ba se fitlheletseng mo tirong ya lefatshe lotlhe ya go rera le go ruta ka Bogosi. Le fa go ntse jalo, gore re solegelwe molemo thata ke pego eno, re tshwanetse go tlhaloganya sentle dintlha tse di mo go yone le go leba ka tsela e e siameng dipalo tse di kwadilweng mo go yone. Akanya ka dikai di le mmalwa.

Ngwaga wa tirelo. Ngwaga ono o simolola ka September mme o fela ka August ngwaga o o latelang. Yearbook, e na le pego ya ngwaga o o fetileng wa tirelo. Ka jalo, Yearbook ya 2011 e na le pego ya ngwaga wa tirelo wa 2010, o o simololang ka September 1, 2009, go ya go August 31, 2010.

Tlhora ya baboledi le palogare ya baboledi. “Baboledi” ba akaretsa Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng le ba ba sa kolobediwang ba ba tshwanelegang go rera ka Bogosi. “Tlhora ya baboledi” ke palo e e kwa godimo thata ya baboledi ba ba begileng mo kgweding epe fela e le nngwe ya ngwaga wa tirelo mme e ka akaretsa le dipego tse di tlileng thari tse di sa tsenngwang mo pegong ya kgwedi e e fetileng. Ka tsela eno baboledi bangwe ba ka balwa gabedi. Le fa go ntse jalo, dipalo tsa tlhora ga di akaretse palo ya baboledi ba tota ba nnileng le seabe mo bodireding mme ba lebetse go bega. Seno se gatelela botlhokwa jwa gore mmoledi mongwe le mongwe a bege ka bonako kgwedi le kgwedi. “Palogare ya baboledi” ke palo ya baboledi ba ba farologaneng ba ba begang nako e ba nnileng le yone mo bodireding kgwedi le kgwedi.

Kakaretso ya diura. Go ya ka Yearbook ya 2011, Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse diura di feta dibilione di le 1,6 mo tirelong ya tshimo. Le fa go ntse jalo, kakaretso eno ga e bontshe diura tsotlhe tse re di dirisitseng mo kobamelong ya rona, ka gonne ga e akaretse nako e ka metlha re e dirisang mo ditirong tse di jaaka tiro ya bodisa, go ya dipokanong le go ithuta Baebele o le nosi le go tlhatlhanya.

Madi a a dirisitsweng. Mo ngwageng wa tirelo wa 2010, Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse diranta tse di fetang bilione go tlhokomela babulatsela ba ba kgethegileng, barongwa le balebedi ba ba etang mo dikabelong tsa bone tsa tirelo ya tshimo. Le fa go ntse jalo, palo eno ga e akaretse ditshenyegelo tsa go gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng; e bile ga e akaretse madi a a dirisitsweng go tlhokomela baithaopi ba ba fetang 20 000 ba kwa Bethele ba ba nnang mo dikagong tsa makala tse di leng mo lefatsheng lotlhe.

Ba ba jeleng mo Segopotsong. Eno ke palo ya batho ba ba kolobeditsweng ba ba jang ditshwantshetso kwa Segopotsong mo lefatsheng lotlhe. A palo eno e emela batlodiwa botlhe ba ba mo lefatsheng? Ga go reye jalo. Go na le mabaka a mantsi—a a akaretsang bodumedi jo motho a neng a le mo go jone mo nakong e e fetileng kgotsa le e leng go sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong le mo maikutlong—a a ka dirang gore bangwe ba dire phoso ya go akanya gore ba ya legodimong. Ka jalo, ga go kafa re ka itseng ka teng palo e e tlhomameng ya batlodiwa ba ba leng mo lefatsheng; e bile ga re tlhoke go e itse. Setlhopha se se Laolang ga se tshware lenaane la batho botlhe ba ba jang, ka gonne ga se nne le kgolagano epe le batlodiwa.a

Se re se itseng ke gore go tla bo go na le bangwe ba “batlhanka ba Modimo wa rona” ba batlodiwa mo lefatsheng fa diphefo tse di senyang tsa pitlagano e kgolo di gololwa. (Tshen. 7:1-3) Go fitlha ka nako eo, batlodiwa ba tla etelela pele mo tirong e kgolo go gaisa mo hisitoring ya batho ya go rera le ya go ruta—sengwe se se bontshiwang sentle ke pego ya tirelo ya ngwaga le ngwaga.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Molebedi yo o Boikanyego le Setlhopha sa Gagwe se se Laolang,” se se mo Tora ya Tebelo ya June 15, 2009, tsebe 24.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela