LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 9/1 ts. 10
  • Haramagedona ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Haramagedona ke Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Hara–Magedona—E Tla Tla Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ntwa ya Haramagedona ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Haramagedona—Tshimologo ya Sengwe se se Itumedisang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 9/1 ts. 10

Babadi ba a Botsa . . .

Haramagedona ke Eng?

▪ Lefoko “Haramagedona” le dira gore batho ba le bantsi ba akanye ka go bolawa ga batho ba le bantsi—ka ntwa ya nuklea, masetlapelo a a bakiwang ke dilo tsa tlholego kgotsa masetlapelo a a diragalang mo tikologong ka ntlha ya go gotela ga moya o o mo loaping. Ka tsela e lefoko leno le dirisitsweng ka yone mo Baebeleng, ga le kaye sepe sa dilo tseo. Ka jalo Haramagedona e go buiwang ka yone mo Baebeleng ke eng?

Lefoko “Haramagedona” le umakwa mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Le kaya ntwa e e sa tshwaneng le epe, ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ e mo go yone ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di phuthelwang go ya kwa ntweng ya makgaolakgang le Modimo. Ditemana tse dingwe tse dintsi le tsone di bua ka ntwa eo.—Tshenolo 16:14-16; Esekiele 38:22, 23; Joele 3:12-14; Luke 21:34, 35; 2 Petere 3:11, 12.

Go diregang mo ntweng eno? Buka ya Tshenolo e re bolelela jaana e dirisa mafoko a tshwantshetso: “Dikgosi tsa lefatshe le masole a tsone a phuthegetse go lwa ntwa le yo o pagameng pitse le masole a gagwe.” “Yo o pagameng pitse” ke Morwa Modimo, Jesu Keresete, yo o tlhomilweng ke Modimo gore a etelele pele mephato ya batlhabani ba baengele go ya go fenya baba ba Modimo. (Tshenolo 19:11-16, 19-21) Jeremia 25:33 e senola gore go tla senngwa batho ba le bantsi go le kana kang ba ba sa ikobeleng Modimo: “Mo letsatsing leo ba Jehofa a ba bolaileng ba tla bo ba le go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe.”

Ke eng fa Haramagedona e tlhokega? Ditšhaba di gana go amogela bolaodi jwa Modimo mme di ipolela fa e le tsone di busang. (Pesalema 24:1) Botsuolodi jwa bone bo tlhalosiwa mo go Pesalema 2:2: “Dikgosi tsa lefatshe di a ema le badiredi ba ba kwa godimo ba phuthegile go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.”

Tota batsuolodi bano ba tshwana le baipei ba ba tlhogoethata ba ba nnang mo setsheng se e seng sa bone e bile ba se senya. Gompieno batho ba senya lefatshe e bile ba kgotlela tikologo. Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele ka boemo jono jo bo tlhomolang pelo le re: “Ditšhaba tsa galefa, mme bogale jwa [Modimo] jwa tla.” Go tswa foo Modimo o ne a tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Haramagedona ke ntwa e Modimo a ikaeletseng go e dirisa go rarabolola kgang e e malebana le gore ke mang yo o nang le tshwanelo ya go busa batho botlhe.—Pesalema 83:18.

Haramagedona e tla direga leng? Morwa Modimo o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36) Le fa go ntse jalo, fa Jesu Keresete Kgosi ya Motlhabani a ne a bua ka Haramagedona, o ne a tlhagisa jaana: “Bona! Ke tla jaaka legodu. Go itumela yo o nnang a tsogile.” (Tshenolo 16:15) Ka jalo, ntwa eno e e tla diregang mo lefatsheng lotlhe e amanngwa le go nna gone ga ga Keresete mo go setseng go diragala, go ya ka boporofeti jwa Baebele.

Haramagedona e tla nyeletsa fela batho ba ba sa batleng go tlogela boikepo, mme go tla nna le “boidiidi jo bogolo” jwa bafalodi. (Tshenolo 7:9-14) Ba tla bona fa mafoko ano a diragala: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

“Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela