Aborahame—O ne A na Le Tumelo
Aborahame o ne a ema kwa ntle maitseboa go sisibetse. Fa a ntse a lebile magodimo a a tletseng dinaledi tse di phatsimang, o ne a akanya ka tsholofetso ya Modimo ya gore bana ba gagwe ba tla nna bantsi jaaka dinaledi tseo. (Genesise 15:5) Dinaledi tseo di ne di mo gopotsa tsholofetso ya ga Jehofa. E bile di ne di mo tlhomamisetsa gore o tla e diragatsa. Aitsane, fa e le gore Jehofa o na le maatla a go bopa lobopo lo logolo jaana le sengwe le sengwe se se mo go lone, a o ne a ka palelwa ke go dira gore Aborahame le Sara ba nne le ngwana? Aborahame o ne a na le tumelo ya gore Modimo a ka kgona go dira jalo.
TUMELO KE ENG? Tsela e lefoko “tumelo” le dirisitsweng ka yone mo Baebeleng, le kaya go dumela sengwe se o sa se boneng mme o tlhomamisegile. Motho o dumela jalo a na le bosupi jo bo tlhomameng. Motho yo o nang le tumelo mo Modimong o tlhoma mogopolo mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa ga Jehofa, a tlhomamisegile ka tsone jaaka e kete di setse di diragetse.
ABORAHAME O NE A BONTSHA TUMELO JANG? Aborahame o ne a bontsha gore o dumela ditsholofetso tsa Modimo. Ka tumelo, Aborahame o ne a tswa kwa nageng e a tsholetsweng kwa go yone, a tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a tla diragatsa tsholofetso ya Gagwe ya go mmontsha lefatshe le lengwe. Ka tumelo, Aborahame o ne a kgarakgatshega mo nageng ya Kanana, a tlhomamisegile gore kgabagare bana ba gagwe ba ne ba tla nna mo lefatsheng leo. Gape ka tumelo Aborahame o ne a nna kutlo mme a leka go ntsha Isake setlhabelo, a tlhomamisegile gore fa go tlhokega, Jehofa o ne a tla tsosa Isake.—Bahebera 11:8, 9, 17-19.
Aborahame o ne a tlhoma mogopolo mo isagweng e seng mo tseleng e a neng a tshela ka yone pele. Le fa kwa Ure Aborahame le Sara ba ka tswa ba ne ba tshela botshelo jwa manobonobo go feta jo ba neng ba bo tshela kwa Kanana, “ga ba a ka ba nnela go akanya ka naga e ba duleng kwa go yone.” (Bahebera 11:15, Today’s English Version) Go na le moo, ba ne ba tlhoma mogopolo mo go se Modimo a neng a tla se dira go ba segofatsa mmogo le ditlogolwana tsa bone mo isagweng.—Bahebera 11:16.
A Aborahame o ne a na le lebaka le le utlwalang la go nna le tumelo? Ee, ruri. Jehofa o ne a diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe. Kgabagare bana ba ga Aborahame ba ne ba oketsega go nna setšhaba se se bidiwang Iseraele. Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ne ba nna kwa Kanana, lone lefatshe le Jehofa a neng a le solofeditse Aborahame.—Joshua 11:23.
RE ITHUTA ENG? Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Tota le fa rona batho re ka tsaya gore dingwe tsa tsone di ka se ka tsa kgonega, re dumela gore “mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”—Mathaio 19:26.
Gape sekao sa ga Aborahame se re ruta gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo tseleng e re neng re tshela ka yone pele, go na le moo re o tlhome mo go se re tla se itumelelang mo isagweng. Seo ke se monna yo o bidiwang Jason a ileng a se dira. Jason o tshwerwe ke bolwetse jo bo koafatsang jo bo dirileng gore a swe ditokololo. Jason a re: “Boammaaruri ke gore ke a tle ke akanye ka tsela e ke neng ke tshela ka yone pele.” O oketsa ka go re: “Dilo tse ke di gopolang thata ke tse di ka bonalang e se tsa sepe, tse di jaaka go tlamparela mosadi wa me, Amanda.”
Le fa go ntse jalo, Jason o na le tumelo e e feletseng ya gore Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe, tse di akaretsang tsholofetso ya gore go ise go ye kae, lefatshe la rona le tla nna paradaise le gore batho ba ba ikanyegang ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng ba itekanetse.a (Pesalema 37:10, 11, 29; Isaia 35:5, 6; Tshenolo 21:3, 4) Jason a re: “Ke ikgopotsa gore go tla nna monate mo nakong e e tlang,” a bo a tlhalosa jaana: “Mo bogautshwaneng, dilo tseno tsotlhe di tla bo di sa tlhole di le teng—go ngomoga pelo, go tlhobaela, khutsafalo, go ikutlwa o le molato—mme di tla bo di fetetse ruri.” Ruri seno ke sekao se se molemo thata sa tumelo e e tshwanang le ya ga Aborahame!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka lefatshe la paradaise la mo isagweng, bona kgaolo 3, 7 le 8 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.