Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Boikaelelo: Go thapisa baboledi gore e nne bareri le barutisi ba ba atlegang ba dikgang tse di molemo.
Lobaka: Ke thuto e e tswelelang.
Lefelo: Holo ya Bogosi e e mo lefelong la lona.
Ditshwanelego: Batho botlhe ba ba kopanelang ka metlha le phuthego, ba ba dumalanang le dithuto tsa Baebele le ba matshelo a bone a dumalanang le melaometheo ya Bokeresete.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ke ene a kwadisang baithuti.
Sharon, yo o golafaditsweng ke bolwetse jo bo koafatsang disele tsa ditshika tsa mmele jo bo bidiwang amyotrophic lateral sclerosis (ALS), a re: “Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se nthutile go dira dipatlisiso le go tlhalosa tshedimosetso ka tsela e e utlwalang. Gape ke ithutile go ela tlhoko dilo tse ba bangwe ba di tlhokang semoyeng—e seng fela se nna ke se tlhokang.”
Arnie yo o sa bolong go nna molebedi wa potologo a re: “Ke godile ke kwakwaetsa e bile ke na le bothata jwa go palelwa ke go leba batho mo matlhong fa ke bua le bone. Sekolo seno se nthusitse gore ke itshepe ke bo ke itseye ke le motho wa botlhokwa. Jehofa o ile a dirisa thapiso eno go nthusa gore ke ithute tsela ya go kgona go laola go hema le go tsepamisa mogopolo. Ke leboga thata go bo ke na le bokgoni jwa go baka Modimo mo phuthegong le kwa bodireding.”
Sekolo sa Maloko a Masha a Bethele
Boikaelelo: Go thusa ba ba sa tswang go goroga gore ba kgone go atlega mo tirelong ya bone ya kwa Bethele.
Lobaka: Metsotso e le 45 beke nngwe le nngwe mo dibekeng di le 16.
Lefelo: Bethele.
Ditshwanelego: Ba tshwanetse ya bo e le maloko a nako e e tletseng a lelapa la Bethele kgotsa baithaopi ba nakwana mme ba letleletswe go direla mo Bethele ngwaga kgotsa go feta.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Maloko a masha a lelapa la Bethele a a kwadisiwa.
Demetrius, yo o ileng a nna gone kwa sekolong seno ka bo1980 a re: “Khoso eno e tokafaditse tsela e ke ithutang ka yone ya bo ya nthusa go ipaakanyetsa go nna mo Bethele ka lobaka lo loleele. Batlhatlheledi, thuto e e rutiwang, le kgakololo e e utlwalang sentle, e ntlhatswitse pelo gore Jehofa o a nthata e bile o amega ka nna, mme o batla go nthusa gore ke atlege mo tirelong ya me mo Bethele.”
Kaitlyn a re: “Ke ile ka thusiwa gore ke tlhome mogopolo mo go se se botlhokwatlhokwa—go nna motho wa semoya. Sekolo sa Maloko a Masha a Bethele se ne sa godisa tsela e ke anaanelang Jehofa, ntlo ya gagwe le phuthego ya gagwe ka yone.”
Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi
Boikaelelo: Go thapisa balebedi ba ba etang, bagolwane mme ka dinako dingwe le batlhanka ba bodiredi gore ba kgone go tlhokomela ba ba mo tlhokomelong ya bone le go sikara maikarabelo a phuthego. (Dit. 20:28) Go tlotliwa ka maemo a ba lebaneng le one, mekgwa le dilo tse diphuthego di tlhokang go di dira ka bonako. Sekolo seno se tshwarwa morago ga dingwaga di le mmalwa go ya ka tshwetso ya Setlhopha se se Laolang.
Lobaka: Mo dingwageng tsa bosheng jaana se ile sa tshwarelwa balebedi ba ba etang, malatsi a mabedi go ya go malatsi a mabedi le halofo, bagolwane letsatsi le le lengwe le halofo mme batlhanka ba bodiredi bone letsatsi le le lengwe.
Lefelo: Gantsi se tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi e e gaufi kgotsa kwa Holong ya Dikopano.
Ditshwanelego: E tshwanetse ya bo e le molebedi yo o etang, mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba lalediwa ke molebedi wa potologo kwa sekolong seno. Balebedi ba ba etang ba lalediwa ke ofisi ya lekala.
“Le fa mo sekolong seno go tlotliwa ka tshedimosetso e ntsi ka nako e khutshwane thata, se thusa bagolwane go tswelela ba itumetse le go ‘tswelela pele jaaka banna’ mo tirelong ya ga Jehofa. Bagolwane ba basha le ba bogologolo ba ithuta go disa phuthego ka tsela e e molemo le go nna seoposengwe mo ‘tseleng e le nngwe fela ya go akanya.’”—Quinn.
“Thapiso eno e re thusa gore re lebe dilo tse di amanang le tumelo ya rona ka tsela e e siameng, e re tlhagisa ka dikotsi e bile e re naya dikakantsho tse di molemo tsa go tlhokomela motlhape. Ruri Jehofa o re bontsha bopelonomi ka go re thusa.”—Michael.
Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela
Boikaelelo: Go thusa babulatsela go ‘wetsa bodiredi jwa bone ka botlalo.’—2 Tim. 4:5.
Lobaka: Dibeke tse pedi.
Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala; gantsi go dirisiwa Holo ya Bogosi e e gaufi.
Ditshwanelego: O tshwanetse a bo a na le ngwaga kgotsa go feta e le mmulatsela wa ka metlha.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Babulatsela ba ba tshwanelegang ba kwadisiwa le go itsisiwe ke molebedi wa potologo.
Lily a re: “Sekolo seo se nthusitse gore ke kgone go lebana le dikgwetlho mo bodireding le mo botshelong. Tsela e ke ithutang ka yone, e ke rutang ka yone le e ke dirisang Baebele ka yone e tokafetse thata. Ke ithutile go thusa ba bangwe, go ema bagolwane nokeng le go nna le seabe mo go goleng ga phuthego.”
Brenda, yo o nnileng gone kwa sekolong gabedi a re: “Se nthusitse gore ke nne le seabe ka botlalo mo dilong tsa semoya, se nonotshitse segakolodi sa me, le go dira gore ke tlhome mogopolo mo go thuseng ba bangwe. Ga go pelaelo gore Jehofa o pelotshweu!”
Sekolo sa Bagolwane ba Phuthego
Boikaelelo: Go thusa bagolwane go tlhokomela maikarabelo a bone mo phuthegong le go tlhaloganya botoka gore ke eng se se tlhokegang gore ba obamele Jehofa.
Lobaka: Malatsi a le matlhano.
Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala; gantsi se tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi e e gaufi kgotsa kwa Holong ya Dikopano.
Ditshwanelego: E tshwanetse ya bo e le mogolwane yo o tlhomilweng.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bagolwane ba lalediwa ke ofisi ya lekala.
Ela tlhoko dikakgelo tsa bangwe ba ba ileng ba nna gone mo tlelaseng ya bo92 kwa United States:
“Sekolo seno se ntsholegetse molemo thata, se nthusitse gore ke itlhatlhobe mme ke bone kafa nka tlhokomelang dinku tsa ga Jehofa ka gone.”
“Ke iketleeleditse go gatelela dintlha tsa botlhokwa tse di mo Baebeleng fa ke kgothatsa batho botlhe.”
“Ke tla tswelela ke dirisa thapiso eno botshelo jwa me jotlhe.”
Sekolo sa Balebedi ba ba Etang, le Basadi ba Bone
Boikaelelo: Go thusa balebedi ba potologo le ba kgaolo go nna le diphelelo tse di molemo fa ba thusa diphuthego le go ‘dira ka natla mo go bueng le mo go ruteng.’—1 Tim. 5:17; 1 Pet. 5:2, 3.
Lobaka: Dikgwedi tse pedi.
Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala.
Ditshwanelego: Mokaulengwe e tshwanetse ya bo e le molebedi wa potologo kgotsa wa kgaolo.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Balebedi ba ba etang, mmogo le basadi ba bone ba lalediwa ke ofisi ya lekala.
“Tsela e re anaanelang ka yone botlhogo jwa ga Jesu mo phuthegong e ile ya oketsega. Re ile ra bona go tlhokega go kgothatsa bakaulengwe ba re ba direlang le go nonotsha kutlwano mo phuthegong nngwe le nngwe. Khoso eo e ile ya gatelela ntlha ya gore le fa ka dinako dingwe molebedi yo o etang a naya kgakololo tota le eleng kgalemelo, mokgele wa gagwe o mogolo ke go thusa bakaulengwe go bona gore Jehofa o a ba rata.”—Joel, tlelase ya ntlha ka 1999.
Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang
Boikaelelo: Go baakanyetsa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba sa nyalang go sikara maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong ya ga Jehofa. Bontsi jwa baalogi ba tla abelwa go direla kwa go nang le tlhokego gone mo nageng ya bone. Ba bangwe ba ka nna ba amogela kabelo ya go ya go direla kwa nageng e sele fa go se na sepe se se ba kgoreletsang. Baalogi bangwe ba ka nna ba direla e le babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana gore ba simolole le go atolosa tiro kwa mafelong a a kwa thoko le a a kwa kgakala.
Lobaka: Dikgwedi tse pedi.
Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala; gantsi se tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa Holong ya Dikopano.
Ditshwanelego: Bakaulengwe ba ba sa nyalang ba dingwaga di le 23 go ya go 62 ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile ba batla go direla gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego e kgolwane teng. (Mar. 10:29, 30) Ba tshwanetse ba bo ba na le bobotlana dingwaga di le pedi ba direla e le babulatsela ba ka metlha e bile ba na le dingwaga di le pedi tse di latelanang e le bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Pokano ya ba ba kgatlhegelang go ikwadisa e tshwarwa kwa kopanong ya potologo.
Rick yo o alogileng mo tlelaseng ya bo23 kwa United States a re: “Go tshwarega thata mo khosong eno go dirile gore moya wa ga Jehofa o dire diphetogo mo botshelong jwa me. Fa Jehofa a go naya kabelo, o go ema nokeng mo kabelong eo. Ke ithutile gore fa ke tlhoma mogopolo mo thatong ya Modimo e seng mo go nna, o tla nnonotsha.”
Andreas yo o direlang kwa Jeremane a re: “Ke ithutile go tlhaloganya gore tsela e phuthego ya Modimo e dirang ka yone gompieno ke kgakgamatso. Thapiso eo e nthusitse gore ke ipaakanyetse tiro e e larileng kwa pele. Gape, dikao tse dintsi tse di mo Baebeleng di nthutile thuto eno ya botlhokwa: Go direla Jehofa le bakaulengwe ba me go dira gore ke nne le boitumelo jwa mmatota.”
Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete
Boikaelelo: Go naya banyalani thapiso e e kgethegileng gore ba kgone go dirisiwa ka botlalo ke Jehofa le phuthego ya gagwe. Bontsi jwa baalogi ba tla abelwa go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone mo nageng ya bone. Ba bangwe ba ka nna ba abelwa go ya go direla kwa nageng e sele fa go se na sepe se se ba kgoreletsang. Baalogi ba ka nna ba direla e le babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana gore ba simolole le go atolosa tiro kwa mafelong a a kwa thoko le a a kwa kgakala.
Lobaka: Dikgwedi tse pedi.
Lefelo: Sekolo seno se tshwarelwa kwa United States, mme go simolola ka September 2012, se tla tshwarelwa le kwa ditshimong tse di tlhokometsweng ke makala a a farologaneng lefatshe ka bophara, gantsi se tshwarela kwa Holong ya Bogosi kgotsa kwa Holong ya Dikopano.
Ditshwanelego: Banyalani ba ba nang le dingwaga di le 25 go ya go di le 50, ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile maemo a bone a ba letla go direla gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego gone mme ba na le boikutlo jwa gore: “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8) Ba tshwanetse ba bo ba nyalane bobotlana dingwaga di le pedi mme ba na le bobotlana dingwaga di le pedi tse di latelanang ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Monna o tshwanetse a bo a na le bobotlana dingwaga di le pedi tse di latelanang e le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Pokano ya ba ba kgatlhegelang go ikwadisa e tshwarwa kwa kopanong ya kgaolo. Fa e le gore ga go na pokano kwa dikopanong tse di mo nageng ya lona mme o batla go ikwadisa, o ka nna wa kwalela ofisi ya lekala go bona tshedimosetso e e oketsegileng.
“A bo e nnile dibeke tse robedi tse di ileng tsa fetola matshelo a rona jang ne, mme e nnile tshono e kgolo ya banyalani ba ba batlang go oketsa tirelo ya bone! Re ikemiseditse go tshela botshelo jo bo tekatekano jo bo tla re thusang gore re dirise nako ya rona ka botlhale.”—Eric le Corina, tlelase ya ntlha, 2011.
Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade
Boikaelelo: Go thapisetsa baithuti go nna barongwa kwa mafelong a a nang le baagi ba bantsi, gore e nne balebedi ba ba etang kgotsa badiredi ba Bethele. Mokgele ke go nonotsha tshimo le makala.
Lobaka: Dikgwedi tse tlhano.
Lefelo: Lefelo la Thuto la Watchtower kwa Patterson, New York, U.S.A.
Ditshwanelego: Banyalani ba ba setseng ba direla mo mofuteng mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng e e kgethegileng—ke gore e le barongwa ba ba iseng ba ye sekolong, babulatsela ba ba kgethegileng, balebedi ba ba etang, kgotsa badiredi ba kwa Bethele. Ba tshwanetse ba bo ba na le bobotlana dingwaga di le tharo tse di latelanang ba direla mmogo mo tirelong eo. Ba tshwanetse ba bo ba itse go bua Seesemane, go se kwala le go se bala sentle.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Banyalani ba ka lalediwa ke Komiti ya Lekala gore ba ikwadise.
Lade le Monique ba kwa United States, gone jaanong ba direla mo Afrika. Lade a re: “Sekolo sa Gileade se re baakanyeditse go ya gongwe le gongwe mo lefatsheng re iketleeleditse go direla le bakaulengwe ba rona ba ba rategang.”
Monique o oketsa ka go re: “Fa ke dirisa se ke se ithutileng mo Lefokong la Modimo, ke nna le boitumelo jo bogolo mo kabelong ya me. Ke bona bosupi jo bo oketsegileng jwa lorato lwa ga Jehofa.”
Sekolo sa Maloko a Komiti ya Lekala le Basadi ba Bone
Boikaelelo: Go thusa ba ba direlang mo Dikomiting Tsa Makala go okamela malapa a Bethele, go tlhokomela dikgang tse di amanang le tirelo mo diphuthegong, go okamela dipotologo le dikgaolo. Gape ba ithuta ka tiro ya go ranola, ya go gatisa le ya go romela dikgatiso.
Lobaka: Dikgwedi tse pedi.
Lefelo: Lefelo la Thuto la Watchtower kwa Patterson, New York, U.S.A.
Ditshwanelego: Mokaulengwe e tshwanetse ya bo e le leloko la Komiti ya Lekala kgotsa la Komiti ya Naga kgotsa a abetswe go direla e le leloko lengwe la dikomiti tseno.
Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bakaulengwe le basadi ba bone ba lalediwa ke Setlhopha se se Laolang.
Lowell le Cara, ba tlelase ya bo25, ba direla kwa Nigeria. Lowell a re: “Ke ile ka gakololwa gore le fa nka tshwarega go le kana kang kgotsa ka newa tiro efe, se se itumedisang Jehofa ke bomoya jwa me. Gape khoso eo e ne ya re ruta gore re tshwanetse go etsa lorato lo Jehofa a le bontshang batlhanka ba gagwe.”
Cara le ene a re: “Kakgelo nngwe e ke ileng ka tlhatlhanya ka yone ke eno, ‘Fa ke sa kgone go tlhalosa sengwe ka tsela e e tlhaloganyesegang motlhofo, ke tshwanetse go ithuta kgang eo pele ga ke leka go e tlhalosetsa ba bangwe.’”