LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/11 ts. 3-6
  • A o Ithuta Sotlhe Se o Ka Kgonang go se Ithuta mo go Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ithuta Sotlhe Se o Ka Kgonang go se Ithuta mo go Jehofa?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikolo Tsa Puso ya Modimo—Bosupi Jwa Lorato Lwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Go Thapisa Badiredi ba Bogosi
    Bogosi Jwa Modimo bo a Busa!
  • Basupi ba ga Jehofa ba Rutiwa Jang go Dira Tiro ya go Rera le go Ruta Batho Baebele?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Ditsela Tsa go Oketsa Bodiredi Jwa Gago
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
km 10/11 ts. 3-6

A o Ithuta Sotlhe Se o Ka Kgonang go se Ithuta mo go Jehofa?

1. Jehofa o ikutlwa jang ka thuto?

1 Jehofa, ‘Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo,’ o batla gore re rutege. (Isa. 30:20) O ne a simolola go ruta fa a sena go bopa Morwawe wa leitibolo. (Joh. 8:28) Jehofa ga a ka a emisa go ruta morago ga botsuolodi jwa ga Adame mme ka lorato o ne a naya batho ba ba sa itekanelang ditaelo.—Isa. 48:17, 18; 2 Tim. 3:14, 15.

2. Ke letsholo lefe la go ruta le le tsweletseng gone jaanong?

2 Gompieno, Jehofa o kaela letsholo le legolo go gaisa matsholo otlhe a a kileng a nna gone a go ruta. Jaaka Isaia a ile a bolelela pele, batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba ologela ka tsela ya tshwantshetso kwa ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa.’ (Isa. 2:2) Ke ka ntlha yang fa ba ologela koo? Go ya go rutwa ka ditsela tsa Modimo, ee, go rutwa ke Jehofa! (Isa. 2:3) Mo ngwageng wa tirelo wa 2010, Basupi ba ga Jehofa ba dirisitse diura di le dibilione di le 1,6 ba rera le go ruta batho boammaaruri jwa Baebele. Mo godimo ga moo, beke nngwe le nngwe diphuthego tse di fetang 105 000 mo lefatsheng lotlhe di rutiwa semoyeng e bile motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o gatisa dikgatiso tse di rutang tsa Bokeresete ka dipuo tse di fetang 500.

3. O solegetswe molemo jang ke thuto e Jehofa a re e nayang?

3 Solegelwa Molemo ka Botlalo: Ruri thuto ya Modimo e re solegetse molemo fela thata! Re ithutile gore Modimo o na le leina le gore o amega ka rona. (Pes. 83:18; 1 Pet. 5:6, 7) Re ile ra itse dikarabo tsa dingwe tsa dipotso tse di botlhokwa thata mo botshelong tse di jaaka tse di reng: Ke ka ntlha yang fa batho ba boga e bile ba swa? Nka bona jang boitumelo jwa mmatota? Boikaelelo jwa botshelo ke eng? Gape Jehofa o re neile melao ya boitsholo e e dirang gore ‘tsela ya rona e atlege.’—Josh. 1:8.

4. Batlhanka ba Modimo ba bulegetswe ke ditshono dife tsa thuto mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ithuta sotlhe se re ka kgonang go se ithuta mo go Jehofa?

4 Mo godimo ga moo, Jehofa o dirile gore go nne le thuto e e kgethegileng go thusa batlhanka ba gagwe ba le bantsi gore ba oketse tsela e ba mo direlang ka yone. Tsebe 4-6 e na le lenaane la ditshono tse di bulegetseng bangwe. Le fa maemo a rona a ka dira gore re se ka ra bona thapiso e e mo lenaaneng leo, a re dirisa ka botlalo thuto ya Modimo e maemo a rona a re letlang go nna le yone? A re kgothatsa basha, ba gantsi ba tlhotlhelediwang ke barutabana le batho ba bangwe go gagamalela thuto ya ditheo tse dikgolo, gore ba ipeele mekgele ya dilo tsa semoya le go gagamalela thuto e e kwa godimo—thuto ya Modimo? Go ithuta sotlhe se re ka se kgonang mo go Jehofa go tla re thusa gore re itumelele botshelo jo bo itumedisang gone jaanong le botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng.—Pes. 119:105; Joh. 17:3.

Ditshono Dingwe Tsa Thuto Tse di Leng Gone mo Phuthegong ya ga Jehofa

Ditlelase Tsa go Ithuta go Bala le go Kwala

  • Boikaelelo: Go ruta batho go bala le go kwala gore ba kgone go ithuta Baebele le go ruta batho ba bangwe boammaaruri.

  • Lobaka: Go ikaegile ka gore motho o tlhoka thuso go le kana kang.

  • Lefelo: Holo ya Bogosi ya lefelo la lona.

  • Ba ba Ka Ikwadisang: Baboledi botlhe le batho ba ba kgatlhegang.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bagolwane ba phuthego ke bone ba ba rulaganyang ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala go ya ka tlhokego e e leng teng mme ba kgothaletsa botlhe ba ba ka solegelwang molemo gore ba nne gone.

Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

  • Boikaelelo: Go thapisa baboledi gore e nne bareri le barutisi ba ba nang le matswela ba dikgang tse di molemo.

  • Lobaka: Ke thuto e e tswelelang.

  • Lefelo: Holo ya Bogosi e e mo lefelong la lona.

  • Ba ba Ka Ikwadisang: Baboledi botlhe. Gape le batho ba bangwe ba ba kopanelang ka metlha le phuthego ba ba dumalanang le dithuto tsa Baebele le ba matshelo a bone a dumalanang le melaometheo ya Bokeresete.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bua le molebedi wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

Ditlelase Tsa go Ithuta Puo e Sele

  • Boikaelelo: Go ruta baboledi kafa ba ka rerang dikgang tse di molemo ka puo e sele ka gone.

  • Lobaka: Dikgwedi di le nnè kgotsa di le tlhano. Gantsi ditlelase tseno di tshwarwa ka Matlhatso mo mosong ura e le nngwe kgotsa di le pedi.

  • Lefelo: Gantsi kwa Holong ya Bogosi e e gaufi.

  • Ba ba Ka Ikwadisang: Baboledi ba ba tlhomang sekao se se siameng ba ba ratang go rera ka puo e sele.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Ditlelase di rulaganngwa ke ofisi ya lekala go ya ka gore go na le tlhokego kae.

Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi

  • Boikaelelo: Go aga le go baakanya Diholo Tsa Bogosi. Thulaganyo eno ga se sekolo mme mo go yone baithaopi ba rutiwa gore ba kgone go dira ditiro tse di farologaneng gore ba kgone go thusa mo diporojekeng tsa go aga.

  • Lobaka: Go ya ka seemo sa moithaopi.

  • Lefelo: Gongwe le gongwe mo lefelong le Komiti ya Kago ya Kgaolo le abetsweng go aga mo go lone. Kgotsa go direla ka nako e e tletseng kwa go nang le tlhokego gone o dira le sengwe sa Ditlhopha Tsa Kago ya Diholo Tsa Bogosi tse di tlhokometsweng ke lekala.

  • Ditshwanelego: Bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwanetse ba bo ba kolobeditswe e bile ba letleletswe ke setlhopha sa bagolwane. Ba ka tswa ba na le bokgoni bongwe kgotsa ba se na jone.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Tlatsa foromo ya Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire (S-82) e o tla e newang ke bagolwane ba phuthego ya lona gore o dire mmogo le Komiti ya Kago ya Kgaolo. Tlatsa foromo ya Application for Kingdom Hall Construction Volunteer Program (A-25) fa e le gore o tla kgona go thusa go direla ka nako e e tletseng lobaka lwa kgwedi kgotsa go feta.

Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela

  • Boikaelelo: Go thusa babulatsela go ‘wetsa bodiredi jwa bone ka botlalo.’—2 Tim. 4:5.

  • Lobaka: Dibeke tse pedi.

  • Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala; gantsi go dirisiwa Holo ya Bogosi e e gaufi.

  • Ditshwanelego: Batho ba ba setseng ba na le bobotlana ngwaga o le mongwe e le babulatsela ba ka metlha.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Babulatsela ba ba tshwanelegang ba kwadisiwa le go itsisiwa ka gone ke molebedi wa potologo.

Sekolo sa Maloko a Masha a Bethele

  • Boikaelelo: Sekolo seno se diretswe go thusa ba ba sa tswang go goroga gore ba kgone go atlega mo tirelong ya bone ya kwa Bethele.

  • Lobaka: Ura e le nngwe, beke nngwe le nngwe mo dibekeng di le 16.

  • Lefelo: Bethele.

  • Ditshwanelego: Ba tshwanetse ya bo e le maloko a nako e e tletseng a lelapa la Bethele kgotsa baithaopi ba nakwana mme ba tla direla nako e e telele mo Bethele (ngwaga kgotsa go feta).

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Maloko a a tshwanelegang a lelapa la Bethele a a kwadisiwa.

Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi

  • Boikaelelo: Go thapisa bagolwane le batlhanka ba bodiredi gore ba kgone go tlhokomela ba ba mo tlhokomelong ya bone le go sikara maikarabelo a phuthego. (Dit. 20:28) Sekolo seno se tshwarwa morago ga dingwaga di le mmalwa go ya ka tshwetso ya Setlhopha se se Laolang.

  • Lobaka: Mo dingwageng tsa bosheng jaana se ile sa tshwarelwa bagolwane letsatsi le le lengwe le halofo mme sa tshwarelwa batlhanka ba bodiredi letsatsi le le lengwe.

  • Lefelo: Gantsi se tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi e e gaufi kgotsa kwa Holong ya Dikopano.

  • Ditshwanelego: E tshwanetse ya bo e le bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang ba lalediwa ke molebedi wa potologo kwa sekolong seno.

Sekolo sa Bagolwane ba Phuthegoa

  • Boikaelelo: Go thusa bagolwane go tlhokomela maikarabelo a bone mo phuthegong.

  • Lobaka: Malatsi a le matlhano.

  • Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala; gantsi se tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi e e gaufi kgotsa kwa Holong ya Dikopano.

  • Ditshwanelego: E tshwanetse ya bo e le bagolwane.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bagolwane ba ba tshwanelegang ba lalediwa ke ofisi ya lekala.

Sekolo sa Balebedi ba ba Etang le Basadi ba Boneb

  • Boikaelelo: Go thusa balebedi ba potologo le ba kgaolo go nna le matswela fa ba thusa diphuthego le go ‘dira ka natla mo go bueng le mo go ruteng’ le go disa ba ba mo tlhokomelong ya bone.—1 Tim. 5:17; 1 Pet. 5:2, 3.

  • Lobaka: Dikgwedi tse pedi.

  • Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala.

  • Ditshwanelego: E tshwanetse ya bo e le balebedi ba potologo kgotsa ba kgaolo.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Balebedi ba ba etang ba ba tshwanelegang le basadi ba bone ba lalediwa ke ofisi ya lekala.

Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalangc

  • Boikaelelo: Go baakanyetsa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba sa nyalang go sikara maikarabelo a a oketsegileng. Bontsi jwa baalogi ba tla abelwa go direla kwa go nang le tlhokego gone mo nageng ya bone. Ba le mmalwa ba ka nna ba amogela kabelo ya go ya go direla kwa nageng e sele fa go se na sepe se se ba kgoreletsang.

  • Lobaka: Dikgwedi tse pedi.

  • Lefelo: Le tlhophiwa ke ofisi ya lekala; gantsi se tshwarelwa kwa Holong ya Dikopano kgotsa kwa Holong ya Bogosi.

  • Ditshwanelego: Bakaulengwe ba ba sa nyalang ba dingwaga di le 23 go ya go 62 ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile ba batla go direla bakaulengwe le go tsweletsa dilo tse di direlwang Bogosi pele gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego teng. (Mar. 10:29, 30) Ba tshwanetse ba bo ba na le bobotlana dingwaga di le pedi tse di latelanang e le bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Fa e le gore sekolo seno se teng mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la lona, pokano ya ba ba kgatlhegelang go ikwadisa e tshwarwa kwa kopanong ya potologo. Go neelwa tshedimosetso e e oketsegileng ka nako ya pokano eno.

Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakereseted

  • Boikaelelo: Go naya banyalani thapiso e e kgethegileng gore ba kgone go dirisiwa ka botlalo ke Jehofa le phuthego ya gagwe. Bontsi jwa baalogi ba tla abelwa go direla kwa go nang le tlhokego gone mo nageng ya bone. Ba le mmalwa ba ka nna ba abelwa go ya go direla kwa nageng e sele fa ba ithaopela go dira jalo.

  • Lobaka: Dikgwedi tse pedi.

  • Lefelo: Ditlelase tsa ntlha di le mmalwa di setse di tshwerwe kwa Lefelong la Thuto la Watchtower kwa Patterson, New York, U.S.A. Go tswa foo, sekolo seno se tla tshwarelwa kwa mafelong a a tlhophilweng ke ofisi ya lekala, gantsi go dirisiwa Holo ya Dikopano kgotsa Holo ya Bogosi.

  • Ditshwanelego: Banyalani ba ba nang le dingwaga di le 25 go ya go di le 50, ba ba nang le botsogo jo bo siameng e bile maemo a bone a ba letla go direla gongwe le gongwe kwa go nang le tlhokego gone mme ba na le boikutlo jwa gore: “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8) Mo godimo ga moo, ba tshwanetse ba bo ba nyalane bobotlana dingwaga di le pedi mme gone jaanong ba le mo tirelong ya nako e e tletseng bobotlana dingwaga di le pedi tse di latelanang.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Fa e le gore sekolo seno se teng mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la lona, pokano ya ba ba kgatlhegelang go ikwadisa e tshwarwa kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe. Go neelwa tshedimosetso e e oketsegileng ka nako ya pokano eno.

Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

  • Boikaelelo: Go thapisetsa babulatsela le ba bangwe ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng tiro ya borongwa.

  • Lobaka: Dikgwedi tse tlhano.

  • Lefelo: Lefelo la Thuto la Watchtower kwa Patterson, New York, U.S.A.

  • Ditshwanelego: Banyalani ba tshwanetse ba bo ba na le dingwaga di le tharo ba kolobeditswe e bile ba na le dingwaga di le 21 go ya go di le 38 fa ba romela kopo ya bone ya ntlha. Ba tshwanetse go bua Seesemane, ba nyalane bobotlana dingwaga di le pedi mme gone jaanong ba le mo tirelong ya nako e e tletseng bobotlana dingwaga di le pedi tse di latelanang. Ba ba batlang go ikwadisa ba tshwanetse ba bo ba na le botsogo jo siameng. Babulatsela ba ba direlang kwa nageng e sele (go akaretsa le ba ba dirilweng barongwa mme ba ise ba ye sekolong sa borongwa); balebedi ba ba etang; maloko a lelapa la Bethele; le ba ba sa bolong go aloga mo Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi, Sekolo sa Baebele sa Bakaulengwe Ba ba Sa Nyalang le Sekolo sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete le bone ba ka nna ba ikwadisa fa ba tshwanelega.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Mo makaleng a a tlhophilweng, go tshwarwa pokano kwa kopanong ya kgaolo le batho ba ba kgatlhegelang go ya sekolong seno. Go neelwa tshedimosetso e e oketsegileng ka nako ya pokano eno. Fa e le gore ga go na pokano eno kwa dikopanong tsa kgaolo tsa naga ya lona mme o rata go ikwadisa, o ka kwalela ofisi ya lona ya lekala go kopa tshedimosetso e e oketsegileng.

Sekolo sa Maloko a Komiti ya Lekala le Basadi ba Bone

  • Boikaelelo: Go thusa ba ba direlang mo Dikomiting Tsa Makala go tlhokomela botoka tiro ya go tsamaisa malapa a Bethele, go tlhokomela dikgang tse di amanang le tirelo mo diphuthegong, go okamela dipotologo le dikgaolo tse di welang mo tshimong ya bone mmogo le tiro ya go ranola, ya go gatisa le ya go romela dikgatiso le go okamela maphata a a farologaneng.—Luke 12:48b.

  • Lobaka: Dikgwedi tse pedi.

  • Lefelo: Lefelo la Thuto la Watchtower kwa Patterson, New York, U.S.A.

  • Ditshwanelego: Maloko a Komiti ya Lekala kgotsa a Komiti ya Naga kgotsa ba abetswe go direla e le maloko mangwe a dikomiti tseno.

  • Kafa o ka Ikwadisang ka Gone: Bakaulengwe ba ba tshwanelegang le basadi ba bone ba lalediwa ke Setlhopha se se Laolang.

a Gone jaanong sekolo seno ga ise se nne teng mo dinageng tsotlhe.

b Gone jaanong sekolo seno ga ise se nne teng mo dinageng tsotlhe.

c Gone jaanong sekolo seno ga ise se nne teng mo dinageng tsotlhe.

d Gone jaanong sekolo seno ga ise se nne teng mo dinageng tsotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela